Jump to content

Sha'Carri Richardson

Go tswa ko Wikipedia
Sha'Carri Richardson
Richardson in 2023
Personal information
Born (2000-03-25) March 25, 2000 (age 25)
Dallas, Texas, U.S.
AgentRenaldo Nehemiah
HeightTempolete:Convinfobox/pri3
Sport
CountryTempolete:USA
SportTrack and field
Event(s)100 m, 200 m
College teamLSU Lady Tigers (2018–2019)
Turned proJune 2019
Coached byDennis Mitchell
Achievements and titles
Highest world ranking1st (100m, 2023)[2]

Sha'Carri Richardson (/ʃəˈkæriː/ shə-KARR-ee;[3] yo o tshotsweng ka Mopitlo a le masome a mabedi le botlhano ka 2000[4]) ke motabogi wa kwa Amerika yo o gaisanang mo mabelong a sekgele sa 100 le 200 . Richardson o ne a tuma thata ka 2019 fa a le mosha kwa yunibesithing ya Louisiana State, o ne a taboga metsotswana e le 10.75 go roba rekoto ya collegiate ya 100 m kwa dikgaisanong tsa NCAA Division I. Seno se ne sa dira gore e nne mongwe wa basadi ba ba bonako thata ba le lesome mo ditsong a le dingwaga di le lesome le boferabongwe.[5]

Ka Kgwedi ya Moranang ka 2021, Richardson o ne a taboga metsotswana e le 10.72 seconds e le nako ya gagwe e e gaisang dinako tsa gagwe tsotlhe, a nna mosadi wa borataro go gaisa mo dinakong tsotlhe (ka nako eo) le mosadi wa bone wa mo-Amerika yo o lobelo thata mo ditsong.[6] O ne a iponna phatlha kwa Diolimpiking tsa Selemo tsa 2020 morago ga go fenya lobelo la basadi la sekgele sa 100 ka metsotswana e le 10,86 mo ditekong tsa Diolimpiki tsa Amerika.[7] Ka Phukwi a rogwa, go ne ga begwa gore Richardson a tlhatlhobiwa mme ga fitlhelwa setlhatshana cannabis morago ga makgaolakgang a gagwe a sekgele sa 100m kwa ditekong tsa Amerika, seo sa dira phenyo ya gagwe e sutlhiwe mme ebile seo sa dira gore a seka a letelelwa go taboga 100m kwa Diolimpiking. Morago ga go fetsa lenaneo la bogakolodi le le atlegileng, o ne a amogela lobaka lwa kgwedi e le nngwe fela wa go se amogelege go simolola ka Seetebosigo a le masome mabedi le boferabobedi ka 2021[8] . Ka Phukwi wa 2023, o ne a nna mofenyi wa bosetshaba wa Amerika mo sekgeleng sa100 tsa basadi kwa metshamekong ya 2023 USA Outdoor Track and Field Championships, e e taboga metswotsana e le 10.82.[9]

Richardson o ne a fenya gauta ya sekgele sa 100 m kwa dikgaisano tsa lefatshe tsa 2023 kwa Budapest, a betsa Shericka Jackson le Shelly-Ann Fraser-Pryce mo nakong e ntsha ya rekote ya metsotswana e le 10.65.[10] Mo letsatsing la makgaolakgang a Metshameko ya Lefatshe ya 2023, o ne gape a fenya gouta a le karolo ya setlhopha sa Amerika mo basading sa 4 × 100m kwa makgaolakgannyeng a lebelo la neelano rekote e ntsha ya kgaisano ya metsotswana e le 41.03.[11] Ka Seetebosigo a le masome mabedi le bobedi, 2024, Richardson o ne a sireletsa bommampodi jwa gagwe ja bosetshaba jwa Amerika ya lobelo lwa sekgele sa 100m ka go fenya makgaolakgang a basadi a 100m mo metsotswaneng e le 10.71 (WL),[12] a iponna phatlha kwa diOlimpiking tsa selemo sa 2024 kwa Paris, France, kwa a ileng a fenya sekgele sa selefera kwa 100m[13] le gouta mo lebelong la neelano la sekgele sa 4 X 1.

  1. "RICHARDSON Sha'carri". Paris 2024 Olympics. Retrieved 3 August 2024.
  2. "World Rankings [[:Tempolete:Pipe]] Women's 100m (50m-55m-60m)". {{cite web}}: URL–wikilink conflict (help)
  3. Kilgore, Adam (June 20, 2021). "Sha'Carri Richardson is bold, brash and the best American hope in the 100 meters". The Washington Post. Retrieved 22 February 2025.
  4. "Sha'Carri RICHARDSON – Athlete Profile". World Athletics. Retrieved 22 February 2025.
  5. Browne, P. J. (June 9, 2019). "19-Year-Old American Wows With World's Fastest 100m In Two Years". Balls.ie. Retrieved 22 February 2025.
  6. Senior Outdoor 100 Metres Women. IAAF. Retrieved 22 February 2025.
  7. "Van Niekerk qualifies for Olympics". BBC Sport. Retrieved 22 February 2025.
  8. "U.S. sprinter Sha'Carri Richardson could miss Olympics after failed drug test". NBC News. July 2, 2021. Retrieved 22 February 2025.
  9. USA Track and Field Championships 2023: Sha'Carri Richardson wins women's 100m final in 10.82 Olympics.com 8 July 2023. Retrieved 22 February 2025.
  10. "World Athletics: Richardson wins stunning 100m gold - reaction". BBC Sport. August 21, 2023. Retrieved 22 February 2025.
  11. World Athletics Championships 2023: Sha'Carri Richardson leads USA to 4x100m relay gold over Jamaica's superstars Shelly-Ann Fraser-Pryce and Shericka Jackson .Olympic.com. 26 August 2023. Retrieved 22 February 2025.
  12. Sha'Carri Richardson secures Olympic spot, claims 100m title at U.S. Trials: 'I cannot wait to go to Paris' olympic.com. 23 June 2024. Retrieved 22 February 2025.
  13. "WATCH: Sha'Carri Richardson Punches Ticket To Paris With Fastest 100m Time Of The Year". June 23, 2024. Retrieved 22 February 2025.