Shaba II
Shaba II e ne e le kgotlhang ya nakwana e e lolweng kwa kgaolong ya Shaba (kwa e leng Katanga jaanong) ka ngwaga wa 1978. Kgotlhang e simologile ka Motsheganong a le lesome le motso ngwaga wa 1978 morago ga ditsuolodi di le dikete di le thataro le makgolo a matlhano go tswa kwa Congolese National Liberation Front (FNLC), lekgotla la sesole la Katanga, le ne la kgabaganya molelwane go tswa kwa Angola go ya Zaire ka maiteko a go atlega mo go gapeng kgaolo go tswa mo pusong ya ga Mobutu Sese Seko ya Zaire. Lekgotla la FNLC le ne la gapa toropo e e botlhokwa ya moepo ya Kolwezi.[1]
Seabe sa mafatshe a sele
[fetola | Fetola Motswedi]Puso ya ga Mobutu e ne ya kopa thuso ya mafatshe a sele, mme go tsenelela ga sesole sa France le Belgium go ne ga kganela tlhaselo fela jaaka ka ngwaga wa 1977.[2]
Lefatshe la US le la Cuba a ne a gwetlha mafatshe a Angola le Zaire go buisana, mo go neng ga baka tumalano e go sa loweng. Se se ne sa emisa kemo nokeng ya ditsuolodi mo mafatsheng oo mabedi. Lefatshe la Zaire le ne la emisa kemo nokeng ya lekgotla la Front for the Liberation of the Enclave of Cabinda (FLEC), National Liberation Front of Angola (FNLA) le National Union for the Total Independence of Angola (UNITA), mme lefatshe la Angola le ne la kganela ditirelo tse dingwe tsa ba ba batlhang kgaoganong ya Shaba.[2]
Lefatshe la US berekile le la France mo go lelekeng ditsuolodi mo tirisanong mmogo ya ntlha ya sesole gareng ga mafatshe oo mabedi fa e sale ka ntwa ya Vietnam.[3] Masole a united States a difofane a a neng a akareditswe ke setlhopha sa thibelo sa lotlhakore lwa makgolo a mane, masome a mararo le botlhano, lotlhakore lwa makgolo a mane, masome a mane le botlhano le matlhakore a mangwe.[4]
Ntwa ya Kolwezi
[fetola | Fetola Motswedi]Setlhopa sa bobedi sa masole a diofisi a France a Legionse ne se na le masole a le makgolo a marataro, a a neng a gapa gape kgaolo ya Kolwezi morago ga ntwa ya malatsi a supa, sa isa batho ba Europe kwa Belgium ka sefofane ba ka nna dikete pedi, makgolo a mabedi le masome a matlhano mme eseng pele ga FNLC e ganyaola batho ba Europe ba le masome a robabobedi le ma Aforika a le makgolo a mabedi. Mo sekaing se sengwe, lekgotla la FNLC le ne la bolaya batho ba Europe ba le masome mararo le bone ba ba neng ba iphitlhile mo kamoreng. le fa go ntse jalo, mokgweetsi wa sefofane sa too tlhomo sa Zaire Pierre Yambuya o supa fa bontsi jwa dintsho tsa batho ba e seng masole di ne di bakilwe ke sesole sa Zaire eseng FNLC.[5]
Kwa bokhutlong
[fetola | Fetola Motswedi]Lekgotla la FNLC le ne la boela Zambia le Angola, le itlama go boa. Masole a Zaire (ebong Forces Armees Zairoises) ba ne ba ntsha banni ka dikgoka mo molelwaneng wa Shaba le Angola o o boleele jwa dikhilomithara di le lekgolo le botlhano, Mobutu o ne a ba laela go thuntsha ba ba ba bonang.[6]
Ditshedimosetso
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Widstrand, Carl Gösta, Timothy M. Shaw, and Douglas George Anglin. Canada, Scandinavia, and Southern Africa, 1978. Page 130.
- 1 2 George, Edward. The Cuban Intervention in Angola, 1965-1991: From Che Guevara to Cuito Cuanavale, 2005. Page 136.
- ↑ Widstrand, Carl Gösta, Timothy M. Shaw, and Douglas George Anglin. Canada, Scandinavia, and Southern Africa, 1978. Page 130.
- ↑ "Archived copy" (PDF). Archived from the original (PDF) on 12 September 2011. Retrieved 30 July 2025
- ↑ NDAYWELE NZIEM, ISIDORE, Histoire Générale du Congo, p.757 see https://books.google.com/books?id=U47B0mwVU_4C&dq=pierre+yambuya+flnc&pg=PA757
- ↑ Inside Kolwezi: Toll of Terror, 5 June 1978. Time magazine