Jump to content

Shalate Sekhabi

Go tswa ko Wikipedia
Shalate Sekhabi
Tsalo
Kgabang Sekhabi

(2000-07-27) 27 July 2000 (age 26)
ThutoCrawford College, Pretoria
Alma materUniversity of the Witwatersrand
TiroActress, Model, Singer
Dingwaga tsa a le mo tirong2014–present
O itsegi kaHouse of Zwide
Bolele150 cm (4 ft 11 in)
Batsadi(s)

Kgabang Sekhabi (o tshotswe ka Phukwi a le masome mabedi le bosupa, 2000), yo o itsegeng thata ka leina la Shalate Sekhabi, ke modiragatsi le seopedi sa Aforika Borwa.[1] O itsege thata ka dikarolo tsa soap opera ya thelebišene jaaka, The River, le House of Zwide.[2][3]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Sekhabi o tshotswe ka ngwaga wa 2000 kwa Mafikeng kwa Kgaolong ya Bokone Bophirima jwa Aforika Borwa. Rraagwe Aubrey Sekhabi ke mokwadi wa drama le mokaedi. Ka 2018, o ne a dira materiki kwa Kholetšheng ya Crawford, kwa Pretoria. Mme ka 2019, o ne a tsena kwa Yunibesithing ya Witwatersrand, mme moragonyana a aloga ka dikirii ya Bachelor mo difiliming le thelebišeneng.[4][5]

Fa a le dingwaga di robabobedi, o ne a tsenelela khwaere ya sekolo le setlhopha sa drama. Go tswa foo, Sekhabi o ne a tsenelela Steele Models fa a le dingwaga di le lesome le bongwe. Fa a le dingwaga di le lesome le bone, o ne a dira difilimi tsa ntlha ka difilimi tse pedi tse dikhutshwane: A Cup of Sugar e e laolwang ke Xolile Tshabalala le Making a Killing e e laolwang ke Justine Head.[1]

Ka Firikgong 2020, o ne a tshameka lekgetlho la ntlha mo thelebisheneng ka polelo ya 1Magic ya The River, koo a neng a tshameka karolo e e boaboelediwang ya "Millicent" mo pakeng ya boraro ya polelo e. Morago ga katlego ya soapie, o ne a lalediwa go tshameka karolo e e eteletseng pele ya "Shoki" mo soap opera ya e.tv ya House of Zwide ka one ngwaga oo.[6][7] Moragonyana ka Firikgong 2021, motseletsele ono o ne wa tsaya sebaka sa difilimi tsa sesepa tsa Rhythm City tse di sa bolong go nna teng.[4]

Bodiragatsi

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Filimi Karolo Genre Ref.
2020 The River Millicent TV series
Rhythm City Zenani TV series
2021

- 2025

House of Zwide Shoki TV series [8]
2023 Klevish Nelisa TV film
2025 Go! Nthabi TV series
  1. 1 2 "Shalate Sekhabi - MLASA". MLASA. Retrieved 29 Phalane 2025.
  2. ↑ styleyou (28 July 2021). "Meet Shalate Sekhabi who is known as Shoki from House Of Zwide". style you 7. Retrieved 29 Phalane 2025.
  3. ↑ "Shoki et Nkosi de House Of Zwide qui sortent ensemble dans la vraie vie ?". News Divertissement FR - 24. 19 October 2021. Retrieved 29 Phalane 2025.
  4. 1 2 "Shalate Sekhabi: TVSA". www.tvsa.co.za. Retrieved 29 Phalane 2025.
  5. ↑ Mutengwa, David (23 April 2023). "Like father like daughter: HOZ actress Shalate Sekhabi wears her father's gown on graduation day [pictures]". The South African. Retrieved 29 Phalane 2025.
  6. ↑ "House Of Zwide Actress Shalate Sekhabi Causes A Storm On Social Media". Retrieved 29 Phalane 2025.
  7. ↑ "Shoki And Nkosi From House Of Zwide Dating In Real Life?". iHarare News. 19 October 2021. Retrieved 29 Phalane 2025.
  8. ↑ "Funatani knows the betrayal of faith". Eminetra South Africa. 28 September 2021. Retrieved 29 Phalane 2025.