Sharon Cherop
Sharon Jemutai Cherop (o tshotswe ka kgwedi ya Mopitlwe e le lesome le borataro (16) ka ngwaga wa 1984) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya yo o itsegeng ka marathone. O fentse mmentlele wa boronse a le dingwaga di le lesome le borataro mo lebelong la dimitara di le 5000 kwa dikgaisanong tsa Lefatshe tsa Basha. O ne a fenya mmentlele wa boronse mo mmarathoneng kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa ngwaga wa 2011 tsa Diatleletiki mme a fenya Mmarathone wa Boston ka ngwaga wa 2012.
Morago ga dimmentlele tsa gagwe tsa junior, e ne ya re ka ngwaga wa 2010 a itumelela katlego ya maemo a a kwa godimo. O ne a dira mmarathone wa gagwe wa ntlha kwa Mmarathoneng wa Twin Cities (a tla mo maemong a boraro) mme a fenya dimarathone tsa gagwe tsa ntlha ka ngwaga wa 2010, la ntlha kwa Mmarathoneng wa Hamburg mme morago ga moo kwa Mmarathoneng wa Toronto Waterfront, o a neng a o fenya ka nako ya 2:22:42 go nna nako e e bonako go gaisa tsotlhe ya mmarathone mo mmung wa Canada. Nako ya gagwe e e gaisang ya 2:22:39 e ne ya bewa kwa Mmarathoneng wa Dubai wa ngwaga wa 2012.
Mokgwa wa go itshetsa le tswelelopele
[fetola | Fetola Motswedi]Kgaisano ya pele
Cherop o goletse mo lelapeng la barui ba dikgomo kwa Kgaolong ya Marakwet kwa Kenya. Ene le bana ba gagwe botlhe ba bararo ba ne ba simolola go tshameka diatleletiki ba sa ntse ba le bannye. O ne a tabogela sekolo sa gagwe, Sekolo se se Potlana sa Tirap, mme a simolola go gaisana mo maemong a porofense a le dingwaga di le 13. O ne a tlhotlhelediwa ke Catherine Ndereba, yo o neng a nna mo lefelong leo, mme Evans Rutto (motabogi yo mongwe wa marathone wa lefelo leo) o ne a solofetsa go mo thusa fa a ka dira sentle.[1]
Kgaisano ya ntlha e kgolo ya ga Cherop e ne e le Metshameko ya Aforika Yotlhe ya 1999 fa a le dingwaga di le 15, mme ga a ka a tsena mo sethaleng, a tla mo maemong a bone.[2]E ne e le mofenyi wa mmentlele wa boronse mo dimitara di le 5000 kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa Basha tsa Diatleletiki tsa 2000, a feleletsa a le kwa morago ga Dorcus Inzikuru le Meseret Defar.[3]O ne a simolola go ikatisa le Basetsana ba Sing’ore, ka fa tlase ga mokatisi wa go taboga e bong Boniface Tiren, mme a dira mmogo le batabogi ba bangwe ba ba botlana ba ba solofetsang, go akaretsa le bommampodi ba lefatshe ba isagwe e bong Janeth Jepkosgei le Vivian Cheruiyot. Go gobala ga lengole go ne ga khutshwafatsa paka ya gagwe ya go taboga ka 2001.[1]
Kwa Discovery Kenya Great Rift Cross Country ka kgwedi ya Ferikgong ngwaga wa 2002 o ne a tsaya maemo a boraro mo lebelong le legolo morago ga mofenyi wa lebelo Joan Jepkorir Aiyabei.[4]Gape o ne a nna le katlego ya bosetšhaba mo tseleng, a fenya 5000 m kwa kopanong ya ngwaga wa 2004 ya Athletics Kenya.[5]Kwa Dikgaisanong tsa Sepodisi sa Kenya tsa go Kgabaganya Naga ka kgwedi ya Ferikgong ngwaga wa 2005 o ne a tsaya maemo a boraro mo lebelong la dikilometara di le boferabobedi (8) morago ga mofenyi wa metlele ya Diolimpiki Isabella Ochichi le mofenyi wa metlele ya go Kgabaganya Naga Jane Gakunyi.[6]
O ne a tsenela karolo ya halofo ya mmarathone wa Mmarathone wa Nairobi ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa 2005 mme o ne a nna wa bobedi morago ga Lineth Chepkirui.[7]O ne a boela kwa potologong ya go taboga go kgabaganya naga morago ga kgwedi mme a nna wa boraro kwa go nngwe ya dipokano tsa AK.[8] O ne a tsaya karolo mo lebelong la ntlha la Basadi la Shoe4Africa la dikilometara di le 10 kwa Iten mme a taboga ka nako e e kwa godimo ya botho ya 36:02 go tsaya maemo a bobedi morago ga Doris Changeywo. Cherop wa dingwaga di le 21 o ne a simolotse go ikatisa le setlhopha se se tlhageletseng sa baatlelete ba tsela, go akaretsa le mofenyi wa Marathone wa Chicago Evans Rutto le mmampodi wa Boston Lameck Aguta.[9]O ne a simolola go tlhoma mogopolo thata mo dikgaisanong tsa mo tseleng mme a nna wa boraro kwa Lebelong la Kagiso la Tegla Loroupe kwa bokhutlong jwa ngwaga.[10] O ne a le mo maemong a botlhano kwa Dikgaisanong tsa bo lesome le botlhano ( 15) tsa Discovery Kenya tsa go Kgabaganya Naga ka kgwedi ya Ferikgong ka ngwaga wa 2007.[11]
Mmarathone wa ntlha
Cherop o ne a dira tiro ya gagwe ya ntlha mo potologong ya go taboga mo tseleng ya Amerika moragonyana mo ngwageng oo, a simolola ka phenyo kwa News and Sentinel Half Marathon ka nako ya 1:12:26,[12]mme morago ga moo a nna mo maemong a bone ka nako e e gaisang ya botho ya 1:10:21 kwa Philadelphia Distance Run.[13]Ka Diphalane o ne a dira mmarathone wa gagwe wa ntlha kwa Mmarathoneng wa Ditoropo tsa Mawelana kwa Minneapolis-Saint Paul. O ne a etelela pele mmogo le Svetlana Ponomarenko mo bontsing jwa lobelo mme o ne a tlhabololwa ke Mo-Russia le Alena Vinitskaya mo maeleng ya bofelo, a tshwanelwa ke go tlhomamisa maemo a boraro ka nako ya 2:38:45.[14]O ne a tsaya sekgala sa bogologolo lekgetlo la bobedi ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2008 kwa Marathone wa Mmino wa Naga kwa Nashville, kwa Ponomarenko a neng a bona ditlotla tse di kwa godimo gape fa Cherop (yo mmotlana le ene ka dingwaga di le lesome le botlhano(15) a ne a fetsa mo maemong a bone.[15]Kwa Azalea Trail Run ka kgwedi ya Motsheganong o ne a tlhoma 10K e e kwa godimo ya 32:43 go bona maemo a bone.[16]
Marathone wa gagwe wa ntlha wa ngwaga wa 2009 o ne wa tla kwa Marathone wa Nairobi mme o ne a kgaola metsotso e le mmalwa go tswa mo maemong a gagwe a a kwa godimo ka go taboga ka 2:33:53 go bona maemo a boraro.[17] Mo lebelong la basadi la dikilometara di le 15 kwa Baringo Half Marathon ka kgwedi ya Sedimonthole ka ngwaga wa 2009 o ne a lwa ntwa ya lobelo lo loleele ya go etelela pele kgatlhanong le Agnes Kiprop, le fa a ne a nyelela mo dikgatong tsa bofelo mme a nna wa bobedi ka metsotso e le 52:01.[18]Ngwaga o o latelang o ne a tsenela Marathone wa Hamburg mme a taboga a le esi go fenya lobelo le go taboga ka bonako jo bo botlhokwa jwa 2:28:38 – ka bonako jo bo fetang metsotso e le metlhano go feta nako ya gagwe e e fetileng. "Go ne go le thata go taboga ke le nosi ka lobaka lo loleele jaana, mme ke ne ka tlhoma mogopolo sentle", o ne a bua jalo ka phenyo ya gagwe ya ntlha e kgolo kwa Yuropa.[19]Letshwao leno ga le a ka la ema lobaka lo loleele fa a ne a tokafala gape kwa Marathone wa Toronto Waterfront ka kgwedi ya Lwetse ngwgaga w a 2010, koo a neng a wela fa gare ga lobelo mme a boela mannong go thibela Tirfi Tsegaye go fenya lobelo ka nako ya 2:22:42 – e leng lobelo lo lo bofefo go gaisa lotlhe lo lo kileng lwa bewa kwa Canada, a fenya rekoto ya World Lidia’s Școm-100. Dikgaisano tsa bommampodi kwa Edmonton.[20]
Go nna mo maemong a boraro kwa Marathone wa Boston wa ngwaga wa 2011 go ne ga dira gore Cherop a nne le lefelo mo setlhopheng sa bosetšhaba sa marathone.[21]O ne a tswelela go tsaya mmentlele wa boronse mo marathoneng kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa ngwaga wa 2011 tsa Diatleletiki – e leng mmentlele wa gagwe wa ntlha wa boditšhabatšhaba wa bagolo. Go bewa ga gagwe gape go ne ga dira kgaisano ya marathone ya maemo a a kwa godimo ya lefatshe kwa Kenya le Edna Kiplagat le Priscah Jeptoo, e e neng e le ya ntlha mo kgaisanong ya marathone ya maemo a lefatshe.[22] Ka kgwedi ya Ngwanaitseele o ne a tlhoma maemo a a kwa godimo mo Halofo ya Mmarathone wa Delhi, a nna wa bobedi morago ga Lucy Wangui ka nako ya diura di le 1:07:08.[23]
O fentse kgaisano ya go kgabaganya naga ya Sesole sa Kenya sa ngwaga wa 2012 ka kgwedi ya Ferikgong, a tshwara kgwetlho go tswa go Hellen Obiri.[24]Seno se ne sa dira jaaka paakanyetso ya Marathone wa Dubai moragonyana mo kgweding eo mme mo lobelong lo lo bofefo o ne a fetsa mo maemong a bosupa mme a kgaola metsotswana e le meraro go tswa mo go e e gaisang ya gagwe ka go taboga diura di le 2:22:39.[25]Dikgwedi di le tharo moragonyana o ne a taboga kwa Marathone wa Boston wa ngwaga wa 2012 mme a fenya Jemima Sumgong mo lebelong la go taboga go fenya lobelo ka nako ya diura di le 2:31:50 (e e neng ya fokodiwa ke dithemphoritšhara tse di bothitho).Le fa go ntse jalo, ga a ka a tlhophiwa mo setlhopheng sa marathone wa Diolimpiki sa Kenya mo ngwageng .[26] ne a leka go bona lefelo mo dimetara di le 10 000, mme a nna mo maemong a borobongwe kwa dikgaisanong tsa bosetšhaba. O ne a taboga dikilometara di le 10 ka metsotso e le 32:03 go nna wa boraro kwa BAA 10K mme a tswelela go fenya kwa Mmarathoneng wa Halofo ya Philadelphia le kwa Mmarathoneng wa Turin.[27][28]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Komen, Jonathan (14 August 2011). Cherop Leads Nation's Charge for Marathon Crown. Daily Nation (Kenya). Retrieved on 27 November 2011.
- ↑ Ouma, Mark (20 September 1999). Gete Wami shines again in the 10,000m. IAAF. Retrieved on 27 September 2010.
- ↑ 2000 World Junior Championships – Women’s 5000m final Archived 30 January 2011 at the Wayback Machine. IAAF. Retrieved on 27 September 2010.
- ↑ Njenga, Peter (28 January 2002). World champ Limo excels as a record 2000 athletes compete in Discovery Kenya meeting. IAAF. Retrieved on 27 September 2010
- ↑ Kosgei and Kemboi opt out of final for juniors' sake – Sixth Athletics Kenya Weekend meet. IAAF (9 May 2004). Retrieved on 27 September 2010.
- ↑ Okoth, Omulo (29 January 2005). Ochichi and Kamathi take Kenyan Police Cross Country title. IAAF. Retrieved on 27 September 2010.
- ↑ James Wokabi and Mutwiri Mutuota (16 March 2009). Focus on Athletes – Lineth Chepkirui. IAAF. Retrieved on 27 September 2010
- ↑ Okoth, Omulo (26 November 2005). Teenage women impress, Kipketer stuns Shami – AK Cross Country, Race Three. IAAF. Retrieved on 27 September 2010.
- ↑ Okoth, Omulo (6 January 2006). Changeywo takes inaugural Shoe4Africa Women's 10km. IAAF. Retrieved on 27 September 2010
- ↑ Macharia, David (18 November 2006). Matebo and Domongole win titles at Tegla Loroupe Peace Race. IAAF. Retrieved on 27 September 2010
- ↑ Macharia, David (27 January 2007). Evans Cheruiyot proves more than a match for Robert Cheruiyot in Eldoret. IAAF. Retrieved on 27 September 2010.
- ↑ News and Sentinel Half Marathon. Association of Road Racing Statisticians (23 August 2010). Retrieved on 27 September 2010.
- ↑ Monahan, Ian (16 September 2007). Kibet, Chepchumba Claim Victory at Philadelphia Distance Run Archived 18 July 2011 at the Wayback Machine. Running USA Wire. Retrieved on 27 September 2010.
- ↑ Hareyan, Armen (7 October 2007). Ukrainian Mykola Antonenko Is The Winner of Twin Cities Marathon. Huliq. Retrieved on 27 September 2010
- ↑ Monahan, Ian (27 April 2008). Chebii, Ponomarenko, take Country Music Marathon victories. IAAF. Retrieved on 27 September 2010.
- ↑ 2008 Race Results Archived 20 August 2008 at archive.today. AmeriKenyan Running Club. Retrieved on 27 September 2010
- ↑ AIMS Race Results 2009 October. Association of International Marathons and Distance Races. Retrieved on 27 September 2010.
- ↑ Macharia, David (20 December 2009). Teenager Ndiema surprises with Baringo Half Marathon victory. IAAF. Retrieved on 27 September 2010
- ↑ Wenig, Jörg (26 April 2010). Kigen and Cherop take Hamburg Marathon titles. IAAF. Retrieved on 27 September 2010.
- ↑ Gains, Paul (26 September 2010). Mungara and Cherop take Toronto Marathon titles as Canadian All-Comers records tumble. IAAF. Retrieved on 27 September 2010
- ↑ Monti, David (18 April 2011). "Strong winds and ideal conditions propel Mutai to fastest Marathon ever – Boston Marathon report". www.iaaf.org. International Association of Athletics Federations. Retrieved 18 April 2011
- ↑ Johnson, Len (27 August 2011). Women's Marathon – Kiplagat leads historical sweep for Kenya Archived 3 May 2012 at the Wayback Machine. IAAF. Retrieved on 27 August 2011.Johnson, Len (27 August 2011). Women's Marathon – Kiplagat leads historical sweep for Kenya Archived 3 May 2012 at the Wayback Machine. IAAF. Retrieved on 27 August 2011.
- ↑ Krishnan, Ram. Murali (27 November 2011). In close races, Desisa and Kabuu prevail in New Delhi Half. IAAF. Retrieved on 27 November 2011.
- ↑ Mutuota, Mutwiri (21 January 2012). Kiptoo and Cherop take Kenyan military XC titles. IAAF. Retrieved on 22 January 2012
- ↑ Butcher, Pat (27 January 2012). Abshero stuns with 2:04:23 debut, Mergia clocks 2:19:31 in Dubai. IAAF. Retrieved on 4 February 2012
- ↑ Mutuota, Mutwiri (25 April 2012). Kenya announces London Olympic Marathon squad. IAAF. Retrieved on 26 April 2012.
- ↑ Sharon Cherop. Tilastopaja. Retrieved on 22 January 2013
- ↑ Biwott and Cherop dominate at Philadelphia Half Marathon. IAAF (16 September 2012). Retrieved on 22 January 2013