Sheebah Karungi

Sheebah Karungi (o belegwe ka di 11 Ngwanatsele 1989), o itsege ele Queen Karma le Sheebah, ke moopedi,mmini, motshameki wa difilimi le moemela ditshwanelo tsa basadi wa kwa uganda.[3]
O simolotse tiro ya gagwe ya go nna motshameki mo Queen of Katwe jaaka Shakira. Morago ga go tlogela Obsessions, setlhopha sa go bina se a neng a se tsenela ka 2006, o ne a simolola go dira mmino mme moragonyana a tuma fa a ne a golola pina ya gagwe e e tumileng "Ice Cream". Ka 2014, o ne a golola porojeke ya gagwe ya ntlha ya Ice Cream, EP ya dipina di le tlhano e e neng ya dira sentle mo kgwebong mme ya mo isa go gapa HiPipo Music Awards Best Female Artist ka 2015, 2016, 2017, 2018, 2019, 2020, 2021, 2022, 2023 le 2024. O ne gape a gapa sekgele sa Artist of the Year gabedi, ka 2017, 2018, le 2019 kwa HiPipo Music Awards. Ka ngwaga wa 2024, o ne a tlhophiwa go nna motlatsa moporesidente wa Uganda National Musician Federation a thusa Eddy Kenzo yo e leng moporesidente wa lekgotla.[ 4][5]
Botshelo le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Sheebah Karungi o belegwe ka 11 Ngwanatsele 1989 mme a godisiwa ke mmaagwe yo o sa nyalang Edith Kabazungu kwa Kawempe, kgaolo ya Kampala. O ne a tlogela sekolo ka ngwaga wa bobedi fa a ne a le moithuti wa Midland High School, Kawempe.[ 8]
Tiro ya gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]
Fa a le dingwaga di le 15, Sheebah o ne a simolola go bina ka ntlha ya madi morago ga go tsenela setlhopha sa go bina se se bidiwang Stingers pele a tlogela setlhopha seo go ya go tsena Obsessions Music Group ka 2006.[ 9] Kwa Obsessions o ne a simolola go kgatlhegela mmino, a rekota dipina tse pedi pele a tlogela setlhopha go ya go dira tiro ya gagwe ya go opela a le nosi. [ 10][11]
Ka 2010, Sheebah o ne a golola "Kunyenyenza", ya gagwe ya ntlha ya semmuso, e e dirilweng ke Washington. O ne a tswelela go golola pina e nngwe e e bidiwang "Bulikyenkola", e e nang le mantswe go tswa go KS Alpha le Prince Fahim mme morago ga moo "Baliwa" e e nang le Coco Finger. E ne ya nna fela fa a ne a golola "Automatic", pina e e kwadilweng ke Sizzaman, fa tiro ya gagwe ya go opela e ne ya fetoga thata. Morago ga go atlega ga "Automatic", o ne a kopana gape le Sizzaman go golola "Ice Cream" go ya kwa thelebišeneng e kgolo le dikakgelo tse di siameng pele a tswelela go golola pina e nngwe e e tumileng, "Twesana".[ 12][13]
Sheebah le ene ke mosadi wa kgwebo. Tlase ga lenaneo la gagwe la Sheebah Investments, o butse dikgwebo di le mmalwa go dikologa Kampala go akaretsa The Red Bar, Red Events (e e leng ya gagwe mmogo le mmini Cathy Patra), kgwebo ya katoloso ya moriri e e bidiwang Sheebah by Natna, Mothei wa Natna Hair Sina Tsegazeab le ba bangwe.
Go tshwenngwa ka tsa tlhakanelodikobo
[fetola | Fetola Motswedi]Sheebah Karungi o ne a phasalatsa bidio ya gagwe mo metsweding ya dikgang mo a neng a tlhalosa ka monna yo o neng a na le batlhokomedi ba ba neng ba mo tshwenya ka tsa tlhakanelodikobo pele a tshameka. O ne a bolela gore o ne a dirile dilo tse di sa siamang fa pele ga setlhopha sa gagwe pele a ka tsena mo seraleng ka nako ya nngwe ya metshameko ya gagwe.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Sheebah o boletse gore ga a ikaelela go nyala mme a ka nna a nna le bana. O ne a senola boimana jwa gagwe fa a ne a dira mo khonsateng ya gagwe ya Neyanziza ka di 4 Diphalane 2024 kwa Lugogo Cricket Oval, Kampala. O ne a tshola ngwana wa mosimane yo o itekanetseng Amir ka di 24 Ngwanatsele 2024 kwa Canada.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] "How singer Sheebah Karungi built her ugx 1.8 billion Queendom". New Vision. 18 August 2022. Retrieved 5 April 2023.
[2] "Sheebah Karungi Biography, Wiki, Profile, Life Story". www.howwe.ug. Retrieved 5 April 2023.
[3] "The Wayback Machine has not archived that URL". MBU. Retrieved 20 April 2023.[dead link]
[4] "Eddy Kenzo unveils 13 leaders of Uganda National Musicians Federation".
[5] "Uganda National Musicians Federation names inaugural leadership".
[6] "My mother carried me for seven months - Sheebah reveals". 9 August 2019.
[7] Naigino, Stella (18 August 2022). "How singer Sheebah Karungi built her sh800m Queendom". New Vision. Retrieved 22 January 2023.
[8] Orville Muhumuza (20 February 2015). "INTERVIEW: Sheeba's journey from a Karaoke girl to an international start". Chimp Reports. Archived from the original on 1 June 2016. Retrieved 24 August 2016.
[9] Johnson Grace Maganja (24 July 2015). "Uganda: Sheebah Will Live Her Dreams, No Matter What". The Observer. AllAfrica. Retrieved 24 August 2016.
[10] Edgar. R. Batte (3 July 2014). "Sheebah came from rock bottom". sqoop.co.ug. Archived from the original on 9 October 2016. Retrieved 24 August 2016.
[11] "I have never thought of being a wife - Sheeba". New Vision. 6 October 2014. Retrieved 24 August 2016.
[12] "INTERVIEW: Billion Reasons To Believe, Sheebah Karungi Shares Her Story". news.ugo.co.ug. 28 July 2015. Retrieved 24 August 2016.[permanent dead link]
[13] "Sheebah Karungi". Uganda Blizz. Archived from the original on 16 November 2018. Retrieved 24 August 2016