Shelly-Ann Fraser-Pryce
Shelly-Ann Fraser-Pryce (née Fraser; yo o belegweng ka Sedimonthole a le masome mabedi le bosupa ka 1986) ke motabogi wa kwa Jamaica yo o gaisanang mo sekgeleng sa 60m, 100 m le 200 m. O tsewa e le mongwe wa ba ba gaisang ba nako yotllhe mo mabelong a makhutshwane.
Ke mongwe wa ba kgoteletseng mo ditsong tsa mabelo, tiro ya ga Fraser-Pryce e na le dingwaga di feta lesome le sephatlo, go tloga kwa bokhutlong jwa dingwaga tsa bo 2000 go ya go tsa bo 2020. Katlego ya gagwe mo mabelong, go akaretsa le go dira ka natla kwa mabelong a magolo, e ne ya thusa go amogela nako ya katlego ya mabelo a makhutswhane kwa lehatsheng la Jamaica. Mo sekgeleng sa 100 m, mo tiragalong ya gagwe e a ikgantshang ka yone, ke mofenyi wa digauta tse pedi wa diolimpiki le mmampodi wa dikgaisano tsa lefatshe ga tlhano. Mo sekgeleng sa 200 m, o fentse gauta le selefera kwa dikgaisanyong tsa lefatshe, gammogo le seetsele sa selefera sa Olimpiki.
Mofenyi yo, yo o gapile dikgele tsa Olimpiki di ferabobedi, o fatlhogile go tswa mo a neng fitlhegile kwa 2008 Beijing Olympics go nna mosadi wa ntlha go tswa kwa Caribbean go fenya goauta mo sekgeleng sa 100 m. Ka ngwaga wa 2012 London Olympics, o ne a nna mosadi wa boraro mo ditsong go sireletsa bommampodi jwa gagwe ja sekgele sa 100 m kwa diolimpiking.. Fa a sena go tshwenngwa ke dikgobalo mo pakeng ya gagwe, o ne a fenya boronse kwa 2016 Rio Olympics. Dingwaga di le lesome le boraro morago ga phenyo ya gagwe ya ntlha ya Olimpiki, o ne a fenya seetsele sa selefera kwa 2020 Tokyo Olympics, a nna motabogi wa lebelo la sekgele sa 100m yo kgabisitsweng go gaisa kwa metshamekong ya diolimpiki.
Kwa metshamekong e e tshwarwang morago ga ngwaga tse pedi ya World Athletics Championships, Fraser-Pryce ke mongwe wa batabogi ba ba kgabileng go gaisa mo ditsong, a fenya gauta di le lesome, dietsele di le tlhano tsa selefera le sa boronse se le sengwe. Ke ene fela motabogi wa mabelo a makhutshwane go fenya bommapodi jwa lefatshe ga tlhano mo sekgeleng sa 100m- ka 2009, 2013, 2015, 2019, le ka 2022. Phenyo ya gagwe ka 2019 e ne ya dira gore e nne motsadi wa mme wa ntlha mo dingwageng di le masome mabedi le bone go fenya sekgele sa 100m,[1] fa phenyo ya gagwe ya 2022 a le dingwaga di le masome mararo le botlhano, e ne ya mo fetola go nna motabogi wa mabelo a makhutshwane yo motona go nna mmampodi wa lefatshe.[2] Ka 2013, o ne a nna mosadi wa ntlha go gapa 100 m, 200 m le 4 × 100 m kwa metshameko e le mengwe ya lefatshe, mme a tlhophiwa motabogi wa lefatshe wa ngwaga ke IAAF. O ne gape a fenya sekgele sa 60 m mo lefatsheng ka 2014, a nna motabogi wa ntlha wa mosadi go tshwara bommampodi jwa lefatshe mo mabelo a makhutswane otlhe ka bone ka nako e le nngwe.[3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Mother's Day: Shelly-Ann Fraser-Pryce, Allyson Felix win historic golds at world champs". NBC Sports. September 29, 2019. Archived from the original on August 4, 2020. Retrieved 22 February 2025.
- ↑ "Shelly-Ann Fraser-Pryce leads Jamaica 100m sweep; U.S. has best day ever at track worlds". NBC Sports. July 18, 2022. Archived from the original on July 21, 2022. Retrieved 22 February 2025.
- ↑ Bamford, Nicola (March 10, 2014). "Fraser-Pryce: "I just came here and wasn't prepared for the 60m"". World Athletics. Archived from the original on March 11, 2020. Retrieved 22 February 2025.