Jump to content

Sheraton Skyline Hotel London Heathrow

Go tswa ko Wikipedia

Sheraton Skyline Hotel London Heathrow ke hotele ya dinaledi tse nne, [1]e nang le dikamore tse 350, e agilwe ka 1971, gaufi le boemafofane jwa Heathrow[2], mo toropong ya Hayes, mo London Borough of Hillingdon, Engelane.

The Skyline Hotel e tlhamilwe ka mokgwa wa brutalist ke Ronald Fielding Partnership,[3] ka dipopego tsa ka fa gare ke moqapi wa kwa Canada Allan W. Edwards.[4]Skyline Hotel, mmogo le Park Tower Hotel kwa Knightsbridge, e ne ya agiwa ke Capital & Counties mme mafelo a mabedi a ne a tsamaisiwa ke Skyline Hotels ya kwa Canada. The Skyline Hotel e ne ya bulwa ka 1 Diphalane 1971, ka tlhotlhwa ya kamore ya motho a le mongwe e le £6 le ya diphaposi tse pedi e le £9.[5]Mo go one ngwaga oo hotele e ne ya nna karolo ya setlhopha se se neng se bidiwa London Heathrow Conference Service le dihotele tse dintsi tse dikgolo mo lefelong leo, go itebaganya le bajanala ba kgwebo le go "nna lefelo la dikopano tsa kgwebo la Yuropa".[6] Go tloga fela kwa tshimologong hotele e ne ya itsege ka go tshwara dikhonferense tsa kgwebo tsa boditšhabatšhaba. Ka 9 Mopitlwe 1977, khonferense ya "Go rwala merwalo e e kotsi ka sefofane" e ne ya tshwarelwa kwa hoteleng.[7]Mo dingwageng tsa bo1970, boitapoloso kwa hoteleng bo ne bo akaretsa Diamond Lil's Wild West Cabaret, e e neng e tshameka go fitlha go bosigo jwa borataro ka beke, le setlhopha sa mmino sa ntlo The Banjo Boys.[8]

Sheraton Hotels e ne ya reka konteraka ya tsamaiso ya Skyline Hotel le Park Tower go tswa go Skyline Hotels ka tlhwatlhwa e e kopantsweng ya £4 million [9]ka 14 Motsheganong 1977, mme hotele e ne ya bidiwa Sheraton Skyline Hotel.[10]Ka 1980 Turkish Cypriot business community ba ne ba kopana kwa hoteleng go buisana ka kgwebisano le dipeeletso magareng ga Turkey le UK

Ka 1981, John Rotter o ne a tlhophiwa go nna molaodi wa Sheraton Management Corporation le molaodi wa Sheraton Skyline Hotel. Ka 1988, Swedish property development consortium Reinhold Int e rekile hotele ka madi a ka nnang £40 million.

Kwa bokhutlong jwa 1996, hotele e ne ya wetsa setifikeiti sa Lefapha la Bosetšhaba la Ngwao-Boswa mo Lenaneong la Investors in People, le le sekasekang tiragatso ya bathapi mo indasetering ya go amogela baeng. Setifikeiti se supa bathapi ba ba nang le katiso e e kwa godimo le mananeo a thotloetso ya badiri mo go nngwe ya mafapha a a golang ka bonako a badiri kwa Boritane. The Sheraton Skyline e ne ele nngwe ya mafelo a go neng go tshwaretswe malatsi a ntlha a le mane a Khonkerese kwa Lontone, e e neng e tshwerwe magareng ga 4 le 11 Phukwi 1997.

Ka nako e e rileng e ne e itsege jaaka Sheraton Skyline Hotel and Conference Centre.

Ka Motsheganong 2002, makgolokgolo a batho a ne a ntshiwa mo hoteleng ke ditirelo tsa molelo, morago ga go begwa gore baeng ba ne ba kgona go dupa ammonia. Hotele e rekilwe ka 2015 ke Qatar Airways. Go ne ga itsisiwe gore hotele eo e tla bidiwa Oryx Sheraton Skyline London Heathrow, e le yone hotele ya ntlha e e tla bidiwang ka leina la Oryx. Le fa go ntse jalo, go fetola leina ga go a ka ga dirwa

  1. World Hotel Directory 1998. Pitman Publishing. September 1997. p. xv. ISBN 978-0-273-62763-0.
  2. Key British Enterprises: KBE. The Division. 1995. p. 289. ISBN 978-0-901491-97-8.
  3. ""Skyline Hotel, Heathrow Airport, London"". Archived from the original on 2020-07-08. Retrieved 2025-02-19.
  4. "Allan W. Edwards Gallery"
  5. "The Times Diary: Bed and Bath". The Times. No. 14. London, England. 2 February 1973. Retrieved 21 November 2015.
  6. Sandles, Arthur (24 March 1973). "Eleventh Hour for the £300m. Hotel Boom". The Financial Times. No. 26, 017. London, England. p. 17.
  7. Aerospace. Royal Aeronautical Society. 1979. p. 9.
  8. Hayes, Alan (21 August 2014). "Cabaret rides again with a 40th anniversary show". GetWestLondon. Retrieved 21 November 2015.
  9. Investors Chronicle & Financial World. Throgmorton Publications. 1977. p. 51.
  10. "North Adams Transcript Archives, May 14, 1977, p. 16". 14 May 1977.