Shirley Chisholm
Shirley Anita Chisholm (/ˈtʃɪzəm/ CHIZ-əm; née St. Hill; O tswotswe ka kgwedi ya Nwganatseele ele masome a mabraro ,ngwaga wa ,1924 go fitlha kgwedi ya Hirikgong e rogwa,ngwaga wa 2005) e ne e le radipolotiki wa kwa Amerika yo, ka ngwaga wa 1968, a neng a nna mosadi wa ntlha wa motho montsho go tlhophiwa kwa United States Congress. [1]Chisholm o ne a emela kgaolo ya 12 ya New York, kgaolo e e neng e le kwa Bedford-Stuyvesant, Brooklyn[a] ka paka ya dingwaga di le supa go tloga ka ngwaga wa 1969 go fitlha ka ngwaga wa1983. Ka ngwaga wa 1972, o ne a nna motho wa ntlha wa motho montsho go tlhophiwa go nna Tautona wa United States ke lekoko le legolo le mosadi wa ntlha go itlhagisa go nna Tautona wa lekoko la Democratic. Mo tirong ya gagwe, o ne a itsege ka go tsaya "boemo jo bo gagametseng kgatlhanong le tshiamololo ya itsholelo, loago le sepolotiki",[2][3][4] mmogo le go nna mmampodi wa ditshwanelo tsa baagi ba bantsho le ditshwanelo tsa basadi. [5][6][7][8]
O tsholetswe kwa Brooklyn, New York City, o ne a nna dingwaga tse tlhano go ya go tse robongwe kwa Barbados, mme ka metlha o ne a itsaya e le Moamerika wa kwa Barbados. O ne a dira sentle thata kwa sekolong mme a bona dikirii ya gagwe ya kholetšhe kwa United States. O simolotse go dira mo thutong ya bongwana, mme a nna le seabe mo dipolotiking tsa Democratic Party mo dingwageng tsa bo1950. Ka ngwaga wa 1964, o ne a fenya kganetso ka gonne e ne e le mosadi, mme a tlhophiwa go nna leloko la New York State Assembly. Dingwaga di le nne morago ga moo, o ne a tlhophiwa go nna leloko la Kongerese, koo a neng a etelela pele go atolosiwa ga dijo le dithulaganyo tsa go fepa batho ba ba humanegileng mme a nna moeteledipele wa lekoko. O ne a tlogela go tswa mo Khonkereseng ka ngwaga wa 1983 mme a ruta kwa Mount Holyoke College fa a ntse a tsweletse ka go rulaganya dipolotiki tsa gagwe. Le fa a ne a tlhophilwe go nna moemedi wa Jamaica ka ngwaga wa 1993, mathata a boitekanelo a ne a dira gore a se ka a tlhola a nna moemedi. Ka ngwaga wa 2015, Chisholm o ne a abelwa Presidential Medal of Freedom morago ga loso lwa gagwe.
Botshelo jwa Pele le Dithutego
[fetola | Fetola Motswedi]Shirley Anita St. Hill o ne a tsholwa ke batsadi ba ba neng ba fudugetse kwa lefatsheng le sele ka kgwedi ya Ngwanatsele ele masome a mararo,ngwaga wa 1924, kwa Brooklyn, New York City. O ne a tswa mo Afro-Guyanese le Afro-Barbadian. [9] O ne a na le bokgaitsadie ba bararo,[10] ba babedi ba tsetswe mo dingwageng tse tharo morago ga gagwe mme a le mongwe morago ga gagwe.[11] Rraagwe e bong Charles Christopher St. Hill, o tsholetswe kwa British Guiana[12] pele a fudugela kwa Barbados.[12] O gorogile kwa New York City ka Antilla, Cuba, ka ngwaga wa 1923. Mmaagwe, Ruby Seale, o belegetswe kwa Christ Church, Barbados mme a goroga kwa New York City ka ngwaga wa 1921.[13]
- ↑ Freeman, Jo (February 2005). "Shirley Chisholm's 1972 Presidential Campaign". University of Illinois at Chicago Women's History Project. Archived from the original on November 11, 2014.
- ↑ Fraser, Zinga A. (2022). "Beyond the Symbolism: Shirley Chisholm, Black Feminism, and Women's Politics". In Giles KN; Rachel Jessica Daniel; Laura L Lovett (eds.). It's Our Movement Now: Black Women's Politics and the 1977 National Women's Conference. University Press of Florida. pp. 175–184. doi:10.5744/florida/9780813069487.003.0014. ISBN 978-0-8130-6948-7. Retrieved August 22, 2023.
- ↑ Curwood, Anastasia (2015). "Black Feminism on Capitol Hill: Shirley Chisholm and Movement Politics, 1968–1984". Meridians. 13 (1): 204–232. doi:10.2979/meridians.13.1.204. ISSN 1536-6936. JSTOR 10.2979/meridians.13.1.204. S2CID 142146607.
- ↑ Guild, Joshua (2020), "11 To Make That Someday Come: Shirley Chisholm's Radical Politics of Possibility", Want to Start a Revolution?, New York University Press, pp. 248–270, doi:10.18574/nyu/9780814733127.003.0015, ISBN 978-0-8147-3312-7, retrieved August 22, 2023
- ↑ Eidenmuller, Michael E. (August 10, 1970). "Shirley Chisholm – For the Equal Rights Amendment (Aug 10, 1970)". American Rhetoric. Archived from the original on October 21, 2015. Retrieved October 27, 2015.
- ↑ "Shirley Chisholm, "For the Equal Rights Amendment," Speech Text". Voices of Democracy. Retrieved August 22, 2023.
- ↑ Curwood, Anastasia C. (2023). Shirley Chisholm: Champion of Black Feminist Power Politics. The University of North Carolina Press. doi:10.1353/book.109689. ISBN 978-1-4696-7119-2. S2CID 259517966.
- ↑ Chisholm, Shirley (1983). "Racism and Anti-Feminism". The Black Scholar. 14 (5): 2–7. doi:10.1080/00064246.1983.11414282. ISSN 0006-4246. JSTOR 41067044
- ↑ Brooks-Bertram and Nevergold, Uncrowned Queens, p. 146.
- ↑ Moran, Sheila (April 8, 1972). "Shirley Chisholm's running no matter what it costs her". The Free Lance-Star. Fredericksburg, Virginia. Associated Press. p. 16A. Archived from the original on October 18, 2020. Retrieved August 21, 2020.
- ↑ Winslow 2014, pp. 7–8.
- 1 2 "New York Passenger Lists, 1850 -1957 [database on-line]". United States: The Generations Network. April 10, 1923. Archived from the original on October 7, 2009. Retrieved July 20, 2008.
- ↑ "New York Passenger Lists, 1820–1957 [database on-line]". United States: The Generations Network. March 8, 1921. Archived from the original on October 7, 2009. Retrieved July 7, 2008.