Shoshong

Go tswa ko Wikipedia
Shoshong
Shoshong is located in Botswana
Shoshong
Shoshong
Coordinates: 23°02′S 26°31′E / 23.033°S 26.517°E / -23.033; 26.517Coordinates: 23°02′S 26°31′E / 23.033°S 26.517°E / -23.033; 26.517
Country Botswana
DistrictBamangwato
Palo batho
 (Census 2011)
 • Total9,678
Time zoneUTC+2 (Central Africa Time)
 • Summer (DST)UTC+2 (not observed)
ISO 3166 codeBW-CE
ClimateBSh

Shoshong ke motse yo o bonwang mo lefatsheng la Botswana, ke motse wa pele wa bangwato Bamangwato.

Fa motse yo o bongwang teng[fetola | Fetola Motswedi]

Shoshong o bonwa fagare ga latitude-22.95, longitude-26.48 mo kgaolong ya legare, dikilometara dile makgolo a mararo le masome a mabedi ale kwa bokoni jwa bokoni botlhaba jwa toropo ya Mafikeng a le dikilometara dile masome a mane le bofera bobedi jwa seporo se se gokaganyang toropo ya Kapa(Cape Town) le ya Bulawayo. Go ya ko motseng yo o tsamaya dikilometara dile masome a mane o ya kwa Bophirima gotswa mo motseng wa Mahalapye. Motse yo o kanna dikgato dile dikete tse tharo(3 000ft) kgotsa di metara dile makgolo a ferang bongwe le lesome(910 m) kwa godimo ga lewatle mo mokgatŠheng wa shoshong (shoshong valley) yo o tshwaraganyeng le noka ya Limpopo. Metse e e bapileng le motse wa Shoshong ke Tobela, Ikongwe, Kalamare, Mmutlane le Mosolotshane.

O tlhalosiwa fa ele motse yo o mogote gape o nale mantswe a mantsi. O kgona go nna le dipula tse di tona ka paka ya selemo, mo motseng yo go nna gole diphefo bontsi jwa nako. O ageletswe ke dithaba tse dintsi tse dikgomo di fulang mogo tsone.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Motse yo o simologile e le wa morafe wa baphaleng (Tlou and Campbell 1997; A.M. Chebanne and K.C. Monaka 2008), ba e rileng morago ba fithlelwa ke Bangwato ba bane ba le ka fa tlase ga taolo ya ga kgosi Sekgoma wa ntlha (Sekgoma I) ka dingwaga tsa bo 1850. Go ya ka beng ba motse kgosi ya baphaleng e tsere bangwato gotswa ko Mosu ko baneng ba tshwengwa le go tlhaselwa kgapetsa bogolo jang ke Morafe wa Batebele. motse yo fa o leng teng gone go tlhophilwe ka gone go le motlhofo go itshireletsa kgatlhanong le morafe wa Matebele Being the meeting place of trade routes from south and north it was of considerable importance to early explorers (including David Livingstone) and traders in South-Central Africa. A mission station of the London Missionary Society (preceded for many years by a station of the Hermannsburg Lutheran Missionary Society) was founded here in 1862. In 1875, King Sekgoma was overthrown here by his Christian son Khama (later Khama III/the Great). In 1885 (at the time of the declaration of the British protectorate of Bechuanaland) Shoshong had 20,000 to 30,000 inhabitants, including about twenty Europeans.

Phudugo goya ko Phalapye[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 1880 motse yo o setse o nale dingwaga tse masome a mane o le teng e bile ele motse o yo o godileng, gone ga simolola go nna sekaka le tlaelo ya metse motse one o bona metsi mo motsweding ole mongwafela leswe le lone lene le setse le le lentsi. But it become a 'Desert Cit Ka lebaka la tlhaelo ya metsi khama le batho ba gagwe bane ba fudugela kwa motseng wa phalatswe/phalapye motse yo o dikilometara tse di herang bobedi kwa bokoni botlhaba jwa motseng wa shoshong magare ga dingwaga tsa 1888 le 1889 kwa e riling morago ba bo ba fetela kwa motseng wa serowe yo oleng kwa bokoni Bophirima jwa phalapye. . Fela jaaka shoshong metse e le yone ene e agilwe mo mekgatŠheng ee tsamaelang kwa Limpopo. Gore kgama a kgone go fuduga mo lifelong le le le neng le sireletsegile one a itshwaragantse le bag a mma mosadinyana ba ban eng ba ipaakanyetsa go lefatshe la mashona le matebele.

ba ntse ba le kwa phalapye ka ngwaga wa 1898 tlhaelo ya metsi e ne ya nna teng mme khama one a busetsa bangwe ba batho ba gagwe kwa shoshong. Baphaleng ba boile ka ngwaga wa 1900 bakaa bone ba boile ka ngwaga wa 1902, motse mogolo one wa fudusediwa kwa serowe. Fa go ntsiwa boka ya kitso e eneng e bidiwa Encyclopædia Britannica ka ngwaga wa 1911 palo ya batho mo motseng wa shoshong ene e le makgolo a herang bobedi.

Shoshong mo bogampienong[fetola | Fetola Motswedi]

Goya ka palo ya batho ya ngwaga wa 2001 palo ya batho mo Shoshong le metse ee mabapi e ne e tsamaya kwa go diketse di lesome le motso lekgolo le masome a supa le borataro, fa ba ba mo shoshong bale dikete dile supa makgolo ale mane le masome a ferang bongwe.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]