Jump to content

Sierra Leone

Go tswa ko Wikipedia
Republic of Sierra Leone

native name|kri|Ripɔblik fɔ Siera Liɔn
Flag
Folaga
Coat of arms of Sierra Leone
Sekano sa setshaba
Motto: "Unity, Freedom, Justice"
Mošate
and largest city
Freetown
08°30′00″N 12°06′00″W / 8.50000°N 12.10000°W / 8.50000; -12.10000Coordinates: 08°30′00″N 12°06′00″W / 8.50000°N 12.10000°W / 8.50000; -12.10000
Diteme tsa semmusôEnglish
Merafe ya Batho
Sedumedi
[1]
Demonym(s)Sierra Leonean

Lefatshe la Sierra Leone le leina la lone la semmuso e leng Republic of Sierra Leone, ke lefatshe le le kwa lotshitshing lo lo kwa borwa-bophirima jwa bophirima jwa Aforika. Le tlhakanetse melelwane le la Liberia kwa borwa-botlhaba, le la Guinea kwa bokone. Bophara jwa lefatshe la Sierra Leone bo dikete di le masome a supa le boraro.[3] Seemo sa bosa sa lefatshe le se bongola. Fa e sale ka palobatho ya ngwaga wa 2023, lefatshe la Sierra Leone le batho ba le di milone di ferabobedi, dikete di le makgolo a ferabongwe le boferabobedi, le metso e le masome a mane.[4] Toropo ya Freetown ke yone toropokgolo ebile ke yone e tona mo lefatsheng le. Lefatshe le kgaogantswe ka dikgaolo tsa tsamaiso di le tlhano tse di kgaogantsweng ga lesome le borataro.[5][6]

Lefatshe la Sierra Leone le busiwa ke tautona, batho ba itlhophela tautona ka tlhamalalo. Ke lefatshe le le sa ikaegang ka tumelo epe. Molaomotheo wa lone o kgaogantse puso le tumelo.[7] Batho ba tumelo ya Islam, ba dira boraro mo boneng jwa batho ba koo, mme go na le bakeresete ba le palo potlana. Kamogelo ya badumedi e kwa godimo, ke tlwaelesego ebile ke bontlha bongwe jwa ka fa ba itshupang ka teng mo setsong.[8]

Lefatshe la Sierra Leone le na le merafe e e farologaneng, e e ka tshwarang lesome le boferabobedi, mme merafe ya Temne le Mende ke yone e metona. Batho ba lotso lwa Creole,ba e leng dikokomane tsa batho bantsho ba ba neng ba dirilwe makgoba ba dira 1.2% ya banni ba koo. Teme ya sekgoa ke yone e e tlhamimisitsweng semmuso, fa ya Krio e le yone e e dirisiwang mo thekisong ebile e le yone e e tlaelesegileng, e buiwa ke 97% ya banni ba lefatshe leo. lefatshe le le humile ditswammung, bogolo jang diteemane, gouta, bauxite le aluminium. Patlisiso ya ngwaga wa 2019 e supa fa 59.2% ya banni ba koo ba amiwa ke leuba mme 21.3% e le mo maemong a go bolawa ke leuba.[9] Lefatshe la Sierra Leone ke leloko la makgotla a le mantsi a mafatshefatshe a akaretsa United Nations, African Union, ECOWAS le Commonwealth of Nations.

Lefatshe la Sierra Leone le tsaya leina la lone mo dithabeng tsa Lion tse di gautshwane le toropokgolo ya lone ya Freetown. Pele le ne le bidiwa Serra Leoa, lefoko la puo ya Portuguese le le rayang dithaba tsa ditau tse dinamagadi, le le filweng ke Pero de Sintra ka ngwaga wa 1462, leina le le dirisiwang gompieno le tswa mo mokwalong wa Venetia, le filwe ke Alvise Cadamosto mme la dirisiwa ke badiri ba mmepe.[10]

Ditso tsa Sierra leone di tshwaiwa ka go nniwa ke batho dingwaga di ka nna dikete tse pedi le makgolo a matlhano. [11]

Lefatshe la Sierra leone le kwa borwa-bophirima jwa lotshitshi lo lo kwa bophirima jwa Aforika. Le tlhakanetse molelwane le lefatshe la Guinea kwa bokone le botlhaba, Liberia kwa borwa-botlhaba le lewatle la Atlantic kwa bophirima le borwa-bophirima.[12]

  1. Cite error: Invalid <ref> tag; no text was provided for refs named religions
  2. Lewis, M. Paul; Simons, Gary F.; Fennig, Charles D., eds. (2015). "Liberia". Ethnologue (18th ed.). Dallas, Texas: SIL International.
  3. "Sierra Leone (country)". Encarta Encyclopedia. Archived from the original on 28 February 2008. Retrieved 03 March 2025
  4. "Sierra Leone 2015 Population and Housing Census National Analytical Report" (PDF). Statistics Sierra Leone. Retrieved 03 March 2025.
  5. "National Electoral Commission – Press Release" (PDF). 6 September 2017. Archived from the original (PDF) on 14 November 2017. Retrieved 03 March 2025.
  6. "Sierra Leone unveils new geographical map". Africa Review. Archived from the original on 21 February 2018. Retrieved 03 March 2025
  7. "Sierra Leone". United States Department of State. Retrieved 3 March 2025.
  8. United Nations (5 July 2013), "Inter-religious cooperation can be vital asset for rebuilding Sierra Leone – UN expert". Archived. Retrieved March 3, 2025.
  9. "Multidimensional Poverty Index 2023 Sierra Leone" (PDF). United Nations Development Programme Human Development Reports. 2023. Retrieved 03 March 2025.
  10. Goddard, Thomas Nelson (1925). "Early History". The Handbook of Sierra Leone. G. Richards limited. pp. 11–12.
  11. Countries and Their Cultures. "Culture of Sierra Leone". Retrieved 03 March 2025.
  12. LeVert, Suzanne (2006). Cultures of the World: Sierra Leone. Marshall Cavendish. p. 7. ISBN 978-0-7614-2334-8.