Jump to content

Sihem Bensedrine

Go tswa ko Wikipedia

Sihem Bensedrine (Arabic; born 28 October 1950) ke mmegadikgang wa kwa Tunisia le molwela ditshwanelo

Sihem Bensedrine
سهام بن سدرين
Sihem Bensedrine at an event (4M Cairo Forum) in Tunis, Tunisia, January 2012
Tsalo (1950-10-28) October 28, 1950 (age 75)
Tirojournalist

tsa botho. Ka 2005, o ne a tlotliwa ka Oxfam Novib/PEN Award. [1]

Bensedrine o tsholetswe kwa La Marsa gaufi le Tunis mme a ithuta kwa sekolo se se golwaneya Toulouse kwa Toulouse, kwa borwabotlhaba jwa Bordeaux. O ne a bona dikirii ya filosofi. Ka 1980, o ne a nna mmegadikgang wa lokwalopaka lo lo ikemetseng lwa Le Phare. Fa lokwalopaka lono lo ne lo sa tlhole lo gatisiwa, o ne a nna moeteledipele wa dipolotiki kwa Maghreb, mme morago a nna kwa Réalités. Fa Maghreb e ne e emisa go gatisa ka ntlha ya dikhuduego tsa dijo ka 1983, o ne a nna morulaganyi-mogolo wa Gazette Touristique mme a tlhoma l'Hebdo Touristique. Ka nako e e tshwanang, o ne a okametse lokwalodikgang lwa kganetso lwa El Mawkif.

O ne a tlhoma ntlo ya kgatiso ya Arcs ka 1988 mme ya phutlhama ka 1992 ka ntlha ya mathata a ditshwanelo tsa botho. Ka 1998, o ne a nna mogasi wa dibuka wa ntlo ya kgatiso ya Noir sur Blanc.[2] Ka 1998, o ne a thaya Conseil National pour les Libertés en Tunisie (CNLT), e a neng a nna mmueledi wa yone. Go tloga ka 1999, Bensedrine le dikgwebo tsa gagwe ba ne ba lebagane le dikgato tse dintsi tsa sepodisi le tsa semolao go akaretsa go gapiwa le go senngwa ga thoto le letsholo la go mo senya leina le mo go lone a neng a tshwantshiwa jaaka seaka, ka ntlha ya kgololesego ya gagwe ya bobegadikgang le ditiro tsa ditshwanelo tsa botho. Ka ngwaga wa 2000, o ne a thaya makasine wa inthanete wa Kalima le Naziha Réjiba.

Ka 2001, Réjiba le Bensedrine ba ne ba tlhoma setlhopha sa Observatoire de la Liberté de la Presse, de L'Edition et de la Création (OLPEC), se se rotloetsang kgololosego ya bobegadikgang. Ka 17 Seetebosigo 2001, Bensedrine o ne a tlhagelela mo seteisheneng sa thelebishene sa "Le Grand Maghreb", Al Mustaquilla, se se kwa Lontone. O ne a nyatsa bobodu kwa Tunisia le puso ya teng. Ka 26 Seetebosigo 2001, o ne a tshwarwa kwa boemafofaneng kwa Tunis Carthage morago ga puisano ya thelebišene e mo go yone a neng a kgala go tlolwa ga ditshwanelo tsa botho, go akaretsa tiriso e e rulagantsweng ya go tlhokofatsa le bobodu jo bo anameng jwa boatlhodi. O ne a latofadiwa ka go anamisa "dikgang tse di seng boammaaruri ka maikaelelo a go kgoreletsa tolamo ya setšhaba", "go senya leina" le "go nyatsa setheo sa boatlhodi". Go ne go na le tlhakatlhakano ya gore a o ne a tshwerwe kgotsa nnyaa ka gore go ne go sa latelwa ditsamaiso tsa semolao tsa kwa Tunisia. Moragonyana maloko a Lawyers Without Borders a ne a tlhomamisa gore o ne a tshwerwe mme go ne ga latelwa ditsamaiso tse di tshwanetseng tsa semolao.

Ka la bo 10 Phukwi 2001, Bensedrine o ne a abelwa "Kabo e e Kgethegileng ya Bobegadikgang jwa Ditshwanelo tsa Batho jo bo mo Matshosetsing" kwa Dikabong tsa Bobegadikgang tsa Amnesty Boditšhabatšhaba tsa UK. Monna wa gagwe le morwadie ba ne ba amogela awate mo boemong jwa gagwe. Ka la 12 Phatwe Bensedrine o ne a gololwa ka ntlha ya tshegetso e e anameng, kwa Tunisia le kwa mafatsheng a sele, bogolosegolo kwa Fora. Go tshwarwa ga gagwe go ne go amana ka tsela e e siameng le go tlhagelela ga gagwe mo seteišeneng sa thelebišene sa Al Mustaquilla mme go tlhagelela ga gagwe ka la bo 17 Seetebosigo 2001 go ne ga umakiwa ke puso ya Tunisia jaaka bosupi mo kgetsing ya go senya leina e ba neng ba e latelela kgatlhanong le seteišene sa thelebišene sa Al Mustaquilla.

Ka 2004, Bensedrine o ne a tlotliwa ke Babegadikgang ba Canada ba ba Tlhalosang Maikutlo ka Kgololesego ka Sekgele sa Boditšhabatšhaba sa Kgololesego ya Bobegadikgang go mo lemoga ka ntlha ya bopelokgale jwa gagwe jwa go sireletsa le go rotloetsa kgololesego ya bobegadikgang. Ka 2005, o ne a tlotliwa ka Sekgele sa Oxfam sa Novib/PEN.Ka 2008, o ne a amogela Mokgele wa Letlole la Kagiso la Denmark jaaka kamogelo ya boineelo jwa gagwe jo bo sa ineeleng mo tirong ya temokerasi le puso ya molao mo nageng ya gaabo le maiteko a gagwe a go rulaganya dineteweke mo gare ga balwela-ditshwanelo tsa batho kwa lefatsheng la Maarabia.

Ka 2011 o ne a abelwa Sekgele sa Alison Des Forges ke Human Rights Watch go mo akgolela dingwaga di le masome a mabedi tse a di dirileng go senola dikgatako tsa ditshwanelo tsa batho ka fa tlase ga Moporesitente wa pele wa Tunisia Ben Ali. Awate eno "e keteka bopelokgale jwa batho ba ba neng ba tsenya matshelo a bone mo kotsing go sireletsa seriti le ditshwanelo tsa ba bangwe."Gape o ne a gapa Awate ya IPI Free Media Pioneer. Radio Kalima e ne e le nngwe ya diteišene tsa radio di le 12 tse di amogetseng kgakololo ya Bothati jwa Bosetšhaba jwa Phetolo ya Tshedimosetso le Tlhaeletsano (NAICR) gore di newe laesense, mme di ne di santse di emetse tshegofatso ya puso ya nakwana ka 2012. Fa e sale ka 2014, Besedrine o ntse a etelela pele Khomišene ya Boammaaruri le Seriti kwa Tunisia, e leng khomišene ya molaotheo e e neng e neilwe tiro ya go reetsa bosupi jwa batswasetlhabelo ba pogiso le bonweenwee tse di neng di letlelelwa ke puso fa gare ga 1955 le 2011. Khomišene e ne ya tshwara kopano ya yone ya ntlha ya theetso ya phatlalatsa ka Ngwanatsele1.

  1. Jan Baeke (December 2005). "Novib / PEN Awards for persecuted writers". The Power of Culture. Retrieved September 10, 2012.
  2. Naziha Réjiba, Tunisia, Kalima (2009-09-23). "Naziha Réjiba, Tunisia, Kalima - Awards - Committee to Protect Journalists". Cpj.org. Retrieved 2012-12-02.