Jump to content

Simi Johnson

Go tswa ko Wikipedia

Simisola Olayemi Onibuwe Johnson, (o tshotswe ka ngwaga wa 1929 –abo a tlhokoafala ka ngwaga wa 2000)[1] ene ele mosadi wa ntlha wa lefatshe la Nigeria go nna le tletlelelo ya go nna ngaka ya Meno , le Mmueledi wa bomme yo neng ele Tona wa Tlhabolologo ya tsa selefatshe le Ngwao ka nako ya repaboliki ya bobedi ya sechaba. Johnson le Grace

Simi Johnson
Tsalo1927
Lagos Island
Leso2000
TiroDentist
Batsadis
  • Alfred Latunde (father)
  • Harriet Susan Johnson (mother)

Guobadia bobeding jwa bone ba ne ba nna le tletlelelo ya go nna ngaka tsa meno ka ngwaga wa 1957,mo go neng ga ba dira bomme ba ntlha ba ba katisitsweng go nna ngaka tsa meno kwa Nigeria.One gape ele Modulasetilo wa Allied Bank le Lekalana la Naga ya Lagos la Lekgotla la Bosechaba la Mekgatlho ya Basadi , gape ele Moithuti kwa National Postgraduate Medical College of Botshelo Nigeria.

Johnson o tsholetswe kwa Lagos Island, mo lelwapeng la ga Alfred Latunde and Harriet Susan Johnson (née Crowther Nichol). Ene ele ngwana wa ntlha go tsholwa ke batsadi ba gagwe.[2] Rraagwe ene ele Mmueledi le Motlhami wa Motsamaisi wa polokelo ya Madi ebong National Bank of Nigeria ka ngwaga wa 1933, Rraagwe mogolo yo motona go tswa ko letlhakoreng la ga mmaagwe ene ele Ajayi Crowther, fa malomaagwe mogolo yo motona ene ele Herbert Macaulay. Johnson one a rutegile kwa sekolong sa CMS Girls' School Lagos. Go simolola ka ngwaga wa 1954 go fitlhelela ka ngwaga wa 1957,o tsenetse sekolo se segololwane sa Sunderland Technical College le Durham University a nna le tletla ya go nna ngaka ya Meno[3].Ene le mongwe ka ene go tswa Nigeria, ebong Grace Guobadia, ba alogile mo ngwageng ole mongwefela,mo go neng ga ba dira bomme ba ntlha ba ba katisitsweng go nna ngaka tsa meno mo lefatsheng leo.Johnson o ikgapetse setlhankana sa bongaka jwa Meno le Guobadia, tletlelelo ya bongaka jwa meno. Johnson moragonyana one a tsenela kwa the Royal College of Surgeons, Glasgow go nna orthodontist.Mo mmileng, one a nna mosadi wa ntlha wa Nigeria mo tlhabologong ya bomme,Komiti e e neng e filwe marapo a go tlhama tirisano mmogo e e berekang magareng ga ga goromente le dikomiti tse dingwe tsa bomme tse di fitlhelwang mo lefatsheng.[4] Morago ga tsamaiso ya Shagari, Johnson one a tswelela go tsaya karolo ya go nna mogakolodi mo go tsa merero ya bong. Ka ngwaga wa 1985, ene ele Tona wa baemedi ba Nigeria kwa kopanong ya boraro ya lefatshe ya bomme,e e neng e tshwaretswe kwa Nairobi, Kenya.[5] nngwe ya dikakgelo tsa kwa bokopanong ene ele gore makoko a ntshe kgethololo kgathanong le bomme abo ba tswa ka metlhale e e tla akaretsang go tsaya karolo ga bomme mo ditekong tsa go rotloetsa tlhabologo[6]. Johnson ene ele Tona mo komiting ya bomme ya dikgakololo,a tlhophilwe go dira dikakantsho go ya kwa boeteledipeleng jwa Babangida,le go tswa ka metlhale ya go ntsifatsa dipalo tsa bomme go tsaya karolo mo go goromente.komoti go akaretsa tse dingwe ba ne ba ntsha megopolo ya go gore go tlhamiweng Tona wa lephata la dikgang tsa bomme.[5] Lephata le ne la simolola go nna teng ka ngwaga wa 1989 ka go tlhomiwa ga Khomishene ya Bosechaba ya Basadi e e neng e engwe nokeng ke Maryam Babangida.[7]

  1. Reuben Abati (13 September 2008). The Whole Truth: Selected Editorials of the Guardian (1983–2003). Guardian Newspapers Limited. p. 419. ISBN 978-9-782-0306-34.
  2. Dr Simisola Johnson". The Women of Color Arts and Film (WOCAF) Festival Atlanta
  3. Ogunbodede 2013, p. 30
  4. "Nigerian Women and the Obasanjo Regime". Amina Salihu, DPMF Publications
  5. 1 2 Para-Mallam 2006, p. 113.
  6. 1985 World Conference on Women". Fifth Women’s World Conference
  7. The life and times of Maryam Babangida". Vanguard News. 2009-12-29. Retrieved 2022-08-10

Tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]