Jump to content

Sir Francis James Newton

Go tswa ko Wikipedia

Sir Francis James Newton KCMG CVO ( o tshotswe ka ngwaga wa 1857 – o tlhokafetse ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi ale boferabobedi ka ngwaga wa 1948) e ne e le motsamaisi yo mogolo wabokoloniale mo dikarolong tse di farologaneng tsa Mmusomogolo wa Borithane, bogolosegolo kwa Borwa jwa Rhodesia (e jaanong e bidiwang Zimbabwe).

Botshelo Jwa Pele

[fetola | Fetola Motswedi]

E ne e le morwa Francis Rodes Newton (yo o tshotsweng ka ngwaga wa 1827–abo a tlhokoafala ka ngwaga wa 1886), mojwadi wa Moesemane go tswa kwa Elveden Hall kwa Suffolk, le mosadi wa gagwe wa Mo-Denmark e bong Anna Louisa (yo tshotsweng ka ngwaga wa 1833–abo a tlhokoafala ka ngwaga wa 1862), ele ngwana wa ga Majoro Jacob Heitmann Gyllich, Mogale wa Dannebrog, le mosadi wa gagwe Adriana Christian Louise Freder Meley, Ngwana wa ga Frederik Christian von Meley,Rraagwemogolo wa Moesemane e ne e le William Newton MP, fa gareng ga bo malomaagwe go ne go na le wa tsa maranyane ebong Alfred Newton, motsamaisi wa bokoloniale Sir Edward Newton le motlhankedi wa Sesole molaodi ka kakaretso Sir William Samuel Newton.

Mokgwa wa go itshetsa le tswelelopele

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa a sena go aloga ka MA, o ne a bereka kwa Koloning ya Kapa, la ntlha e le mokwaledi wa sephiri wa ga Tonakgolo,ebong Thomas Charles Scanlen, mme morago a nna mothusa-kampa le mokwaledi wa sephiri wa Molaodi mogolo, ebong Sir Hercules Robinson. Fa a oketsa ka thutego ya semolao mo bokgoning jwa gagwe, o ne a nna mmueledi wa Inner Temple ka ngwaga wa 1890.[1]

Ka ngwaga wa 1890 o ne a tlhomiwa go nna Mokwaledi wa Bokoloniale le Moamogedi-Kakaretso wa Borithane-Bechunaland, erile ka ngwaga 1895, a tlhomiwa go nna Mokhomisenara wa Boagi wa Tshireletso ya Bechuanaland, e jaanong e bidiwang Botswana,mme morago ga Jameson Raid o ne a lelekwa.[2][3]Ka ngwaga wa 1898 o ne a amogela tiro ya go nna Mokwaledi wa Bokoloniale wa Honduras ,Borithane, e jaanong e leng Belize, morago ga moo, a nna kwa Caribbean, ka ngwaga wa 1901 o ne a nna Mokwaledi wa Bokoloniale wa Barbados, a amogela go tlhomiwa mo Lekgotleng la Peomolao la Koloni.[4][5]Fa a boela kwa Aforika Borwa, o ne a tlhophiwa go nna leloko la Lekgotla la Peomolao la Borwa jwa Rhodesia ka ngwaga wa 1903 mme a tlhomiwa go nna Ramatlotlo. Ka nako e telele ka ngwaga wa 1914 e ne e le Motsamaisi Borwa jwa Rhodesia wa nakwana. Ka ngwaga wa 1923 o ne a tlhomiwa go nna Mokwaledi wa Bokoloniale wa Borwa Jwa Rhodesia mme ka ngwaga wa 1924 ka nako ya ditlhopho tsa Kokoano o ne a nna le Maduo a a kwa godimo a ditlhopho tsa kgaolotlhopho ya Mazoe (jaaka e ne e kwalwa ka nako eo). Le fa go ntse jalo o ne a tlogela tiro ka kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi ale masome a mabedi le borataro ka ngwaga wa 1924 fa a tlhomiwa go nna Mokhomisenara yo Mogolo wa Borwa Jwa Rhodesia kwa United Kingdom, e leng tiro e a neng a e dira go fitlhelela a tlhatlhangwa ke Rre John Wallace Downie ka ngwaga wa 1930.

Ka Ditlotla tsa Ngwaga o Mosha wa 1892 o ne a tlhomiwa go nna Molekane wa Mokgatlho wa ga Moitshepi Michael le Moitshepi George (CMG).[6]Ka ngwaga wa 1911 o ne a tlhomiwa go nna Molaodi wa Mokgatlho wa Bogosi wa Victoria (CVO) mme kwa bofelong ka ngwaga wa 1919 o ne a neelwa tlotla ya Molaodi wa Knight wa Mokgatlho wa St Michael le St George (KCMG).[7][8]

Ka ngwaga wa 1889 kwa Koloning ya Kapa o ne a nyala Henrietta, morwadie Daniel Cloete, yo e neng ele modiri wa bojalwa jwa Afrikaneer mme ebile a na le setilo mo Lekgotleng la Peomolao.[9]Kgaitsadie ebong Anna Evangeline e ne e le mosadi wa ga Motlotlegi Mogolo Sir Edward Northey.[10]Ba ne bana le ngwana ale mongwe fela yo o neng a fitlhelela mo dingwageng tsa bogodi ebong Charles Hercules Francis Augustus Newton, motlhankedi wa Sesole sa Ditlhobolo sa Kgosi, yo o ileng a bolawa a le mo tirong kwa Belgium ka 1916.[11]

Kwa Borwa jwa Rhodesia o ne ana le tshimo ya Pimento Park kwa Mazowe,e e neng ya jewa boswa ke setlogolo sa gagwe se segolwane ebong Oliver Newton. O tlhokafaletse kwa kokelong ya kwa Bindura Mme Thato ya gagwe ene ya begiwa ka kgwedi ya lwetseng e tlhola malatsi ale masome a mabedi le bobedi ka ngwaga wa 1948[12]

Ditshwantsho

[fetola | Fetola Motswedi]

Ditshwantsho tsa ga Francis[13] le mosadi wa gagwe Henrietta di mo tshupaditshwantsho ya Bosetshaba kwa London[14]

  1. Kelly's Handbook to the Titled, Landed and Official Classes 1929 », Kelly's Directories Ltd, London, 1929
  2. Schreuder & Butler « Sir Graham Bower's Secret History of the Jameson Raid» https://books.google.co.uk retrieved 17 October 2015
  3. No. 26021". The London Gazette. 7 February 1890. p. 665
  4. No. 10970". The Edinburgh Gazette. 15 March 1898. p. 257.
  5. No. 11375". The Edinburgh Gazette. 21 January 1902. p. 62.
  6. No. 26238". The London Gazette (1st supplement). 1 January 1892. p. 2.
  7. No. 12322". The Edinburgh Gazette. 20 January 1911. p. 66
  8. "No. 31099". The London Gazette (1st supplement). 31 December 1918. p. 108.
  9. South Africa, Church of the Province of South Africa, Parish Registers, 1801-2004", database with images, FamilySearch https://familysearch.org/ark:/61903/1:1:QVS4-54Y3 Francis James Newton, retrieved 19 October 2015
  10. George, John « The Descendants of Count Jacob van Reenen » https://books.google.co.uk retrieved 19 October 2015
  11. Lieutenant Charles Hercules Francis Augustus NEWTON. The King's Royal Rifle Corps. | The National Archives". Discovery.nationalarchives.gov.uk. Retrieved 7 November 2019.
  12. Principal Probate Registry « Calendar of the Grants of Probate and Letters of Administration made in the Probate Registries of the High Court of Justice in England » London, England © Crown copyright » at Ancestry.com (subscription required) retrieved 15 October 2015
  13. Sir Francis James Newton - National Portrait Gallery". www.npg.org.uk.
  14. Henrietta S. (née Cloete), Lady Newton - National Portrait Gallery". www.npg.org.uk