Sir Seretse Khama International Airport

Go tswa ko Wikipedia

Sir Seretse Khama International Airport (IATA:GBE,ICAO:FBSK), e e dikhilomithara di le lesome le botlhano kwa bokone jwa Gaborone, ke maemelo magolo a difofane kwa toropokgolo ya Botswana. Maemelo a a difofane a biditswe jaaka tautona wa ntlha wa lefatshe la Botswana Sir Seretse Khama.[1] E butswe ka ngwaga wa 1984 go emela pharakano mo kgaolong le mo ditshabatshabeng. E na le motsamao wa bapagami o o kwa godimo mo lefatsheng la Botswana. Ka ngwaga wa 2017, maemelo a a ne a fiwa e le lantlha molao wa go laola kgwebo e ka mo go faphegileng go le pharologanyo mo mafatsheng a mangwe, e ee tla nnang le maphata a a latelang: CAAB, Botswana Innovation Hub, ITPA le diamond hub mo lekalaneng la diteemane.[2][3]

Difofane le mesepele[fetola | Fetola Motswedi]

Difofane Mesepele
Air Botswana Cape Town, Francistown, Harare,Johannesburg-O.R. Tambo,Kasane, Lusaka, Maun
Airlink Johannesburg-O.R. Tambo
Ethiopian Airlines Addis Ababa [1]

Ditiragalo le dikotsi[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 1999, Phalane a le malatsi a a lesome le motso, mokgweesi wa difofane, Captain Chris Phatswe, o ne a kweetsa sefofane sa Aerospatiale ATR 42 Aircraft A2-ABB kwa ntle ga teseletso mo mosong. Fa a setse a le mo phefong a kopa ka segowagowe go bua le tautona, moeteledipele wa Air Botswana, Ramapodisi, seteishene sa mapodisi sa central le mokapelo wa gagwe. Ka tautona a ne a le kwa ntle ga lefatshe, o ne a letlelelwa go bua le mothusa tautona. Le ntswa ba ne ba lekile gantsi go mo kgotsofatsa gore a boele tlase ka sefofane go tlhatlhanggwe ka matshwenyego a gagwe, o ne a tlhalosa gore o ya go thudisanya sefofane se a se pagameng le se sengwe kwa maemelong a tson. Morago ga go fofa di oura di le pedi, o ne a dikologa gabedi mme a thula difofane tsa ATR 42 di le pedi kwa maemelong. O ne tlhokafala mme ga seka ga tlhokafala ope gape kwa ntle ga gagwe.

Metswedi ya dikgang tsa Air Botswana ya re mokgweetsi o ne a sa letlelelwe go kgweetsa difofane ka nako e o ka mabaka a botsogo, o ne a gana go busediwa go fitlhelela ka ngwaga wa 2000 kgwedi ya Tlhakole. Ditsamaiso tsa Air Botswana di ne tsa amega ka e ne e na le sefofane se le sngwe se se setseng ka nakwana sa BAe 146 se se neng se sa bereka ka ntata ya mathata a maranyane.[4]

Dipalopalo[fetola | Fetola Motswedi]

Pego ya madi Palo ya bapagami Ref
2014/15 740 733 [5]
2015/16 727 912 [6]

Lephata la difofane la sesole sa Botswana[fetola | Fetola Motswedi]

Lephata la difofane la sesole sa Botswana (Botswana Defence Force Air Wing) sa batlotlegi le kwa maemelong a a difofane.

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 "Ministry of Works & Transport. Department of Civil Aviation"(2005).Archived from the original on 3 October 2008.Department of Civil Aviation. Retrieved 5 September 2009.
  2. "Appointment for Sir Seretse Khama International Airport" (11 May 2017).Royal HaskoningDHV.Retrieved 3 April 2018.
  3. "Botswana plans Special Economic Zone to house diamond trading hub".(15 May 2017).Namibia Economist. Retrieved 3 April 2018.
  4. "ASN Aircraft accident ATR-42-320 A2-ABB Gaborone–Sir Seretse Khama International Airport (GBE)".(18 November 2005).Aviation Safety Network. Flight Safety Foundation. Retrieved 3 April 2018.
  5. http://www.caab.co.bw/wp-content/uploads/12601-CAAB-Annual-Report-2015-2016-version-7-facing-pages.pdf Tempolete:Bare URL PDF
  6. http://www.caab.co.bw/wp-content/uploads/12601-CAAB-Annual-Report-2015-2016-version-7-facing-pages.pdf Tempolete:Bare URL PDF