Jump to content

Sive Mabuya

Go tswa ko Wikipedia

Sivenathi Mabuya-Bukani (o tshotswe ka Moranang a le malatsi a masome mabedi le boraro ka 1993)[1] ke modiragatsi wa Aforika Borwa. O itsege thata ka dikarolo tsa gagwe jaaka Mkabi mo drameng ya ditso ya Showmax Shaka iLembe, Zoleka mo motseletseleng wa Netflix wa How to Ruin Love le Xolile mo drameng ya e.tv ya Scandal!.

Botshelo jwa pele le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Mabuya o tsholetswe kwa Cape Town, mme a godisediwa kwa East London, Aforika Borwa, mmogo le bana ba gaabo ba bararo.[1] O ne a tsaya karolo mo setlhopheng sa drama ya sekolo sa gagwe mme a tlhagelela mo ditlhagisong tsa kereke ka nako ya bosha jwa gagwe.[2] O weditse dithuto tsa gagwe tse di kgolwanwe ka tlotlo mo seraleng le mo bodiragatsi, mme moragonyana a bona dikirii ya Bachelor of Fine Arts (BFA) mo Bobogelong.[3] Ka 2013, o ne a fudugela kwa Johannesburg go ya go dira tiro ya gagwe ya bodiragatsi.[2]

Ka 2015, Mabuya o ne a fenya kgaisano ya go diragatsa mo Difiliming tsa MAQ, e e neng ya atlholwa ke badiragatsi ba Aforika Borwa, Shona Ferguson, Sdumo Mtshali, Nomzamo Mbatha le mokaedi Darell Roodt. Phenyo ya gagwe e ne ya mo isa go karolo mo filiming ya ga Roodt ya Skorokoro, e latelwa ke go qiponagatsa mo motseletseleng wa thelebeshine wa ga Ferguson wa Igazi.[2]

Ka Sedimonthole 2015, o ne a tshameka mo filiming ya M-Net ya The Ring, mmogo le Kenneth Nkosi, Ntando Mcube le Cedric Fourie. Morago ga moo o ne a tlhagelela mo filiming e e tlhageletseng ya The lucky Specials (2016), ga mmogo le Thomas Gumede.[4]

Diponagalo tse dingwe tsa ga Mabuya mo thelebišeneng di akaretsa Sober Companion (SABC3), Smoke & Mirrors, Easy Money, Housewives (mmogo le Renate Stuurman le Loyiso MacDonald) le Cobrizi.[5]

Bodiragatsi

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Setlhogo Karolo Dinopolo
2016 - 2017 Igazi Norooi -
2016 Sober Companion Faith 2 episodes
2016 High Rollers Angela-Jane ''AJ'' Elison 129 Episodes
2017 The Lucky Specials Nkanyiso -
2017 Scandal! Xolile 1 episode
2020 Kedibone Niki
2021 Housewives - -
2022 A Royal Surprise Nandi -
2024 How To Ruin Love Zoleka -
2024 Why the Cattle Wait Sihle -
2025 Cobrizi Bongiwe 13 episodes
2025 The Letter Masello Musa -
2025 The Chip Thandi -
2023 - 2025 Shaka iLembe Mkabi 5 Episodes

Dietsele le ditlhopho

[fetola | Fetola Motswedi]
  • 2018:Nominated - Best Actress in a Supporting Role , Africa Movie Academy Awards [6]
  • 2025:Nominated - Next Rated Female Movie Star of the Year, Africa Choice Awards (Nigeria)[7]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Mabuya o nyalane le Aphiwe Bukani ka Motsheganong a rogwa ka 2022.[8] Banyalani bao ba ne ba amogela ngwana wa bone wa ntlha ka Lwetse 2025.[9]

  1. 1 2 "Sive Mabuya-Bukani". MLASA. Retrieved 27 Phalane 2025.
  2. 1 2 3 lisa (2023-12-08). "Sive Mabuya Biography". Mzansi Profiles!. Retrieved 27 Phalane 2025.
  3. Walubengo, Peris (2021-09-15). "Sive Mabuya: age, child, real husband, parents, career, profiles - Briefly.co.za". briefly.co.za. Retrieved 27 Phalane 2025.
  4. "Sive Mabuya | TVSA". www.tvsa.co.za. Retrieved 27 Phalane 2025.
  5. "Sivenathi Mabuya's acting dream turns into reality". Sowetan. 2022-01-17. Retrieved 27 Phalane 2025.
  6. "Sivenathi Mabuya – Young, Hungry & Talented". thebar. Magazine. 2019-06-11. Retrieved 27 Phalane 2025.
  7. Tleane, Lebo (2024-12-02). "Sivenathi Mabuya Gushes Over Her Latest Award Nomination". Youth Village. Retrieved 27 Phalane 2025.
  8. "Sive Mabuya celebrates first wedding anniversary with her hubby". TimesLIVE. 2023-05-03. Retrieved 27 Phalane 2025.
  9. Mdaka, Zintle (2025-10-02). "Sive Mabuya and husband welcome bundle of joy". Bona Magazine. Retrieved 27 Phalane 2025.