Sizakele Nkosi-Malobane
| Sizakele Nkosi-Malobane Mopalamente | |
|---|---|
| Mopalamente wa kgaolo ya Gauteng | |
| Assumed office 2009 | |
| Mokhanselara wa pabalesego ya setshaba wa kwa Gauteng | |
| In office Motsheganong 2014 – Motsheganong 2019 | |
| Premier | David Makhura |
| Pele Ga Gagwe | Faith Mazibuko |
| Morago Ga Gagwe | Faith Mazibuko |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Diepkloof Soweto Aforika Borwa |
| Mokgatlho | African National Congress |
Sizakele Emelda Nkosi-Malobane ke mopolotiki wa kwa Aforika Borwa oo berekang e le modulasetilo wa dikomiti kwa palamenteng ya kgaolo ya Gauteng fa e sale ka 2019. Pele e ne e le mokhanselara wa Gauteng wa pabalesego ya setshaba go tswa ka 2014 go tsena 2019, o emetse African National Congress (ANC) kwa palamenteng ya kgaolo fa e sale ka 2009.[1]
Nkosi-Malobane o tsholetswe kwa Diepkloof kwa Soweto, o ne a le matlhagatlhaga mo bokopanong jwa baithuti ba Aforika Borwa ka nako ya puso ya tlhaolele.[2] Pele e ne e le mokhanselara wa mo gae le leloko la komiti ya mmatoropo/rratoropo kwa toropokgolo Johannesburg.[2][3] O tlhophilwe go ya palamenteng ya Gauteng lantlha ka 2009.[2] O ne a tlhophiwa gape mo mannong ao mo ditlhophong tsa 2014, a le mo maemong a masome mabedi le motso mo lenaaneng la ANC,[4] le ka Motsheganong 2014 o ne a thapiwa mo khanseleng ya Gauteng a bereka ka fa tlase ga ga David Makhura, o e neng e le moeteledipele o a neng a sa tswa go tlhophiwa wa Gauteng.[3][5] E ne e le mokhanselara wa pabalesego ya setshaba go fitlhelela ka dilthopho tse di latelang tsa 2019, fa a tswelela mo maemong ao a le mo maemong a masome mararo le botlhano mo lenaaneng la ANC,[4] mme a tlhatlhamiwa ke Faith Mazibuko mo maemong a mokhanselara.[6] Morago ga ditlhopho tsa 2019, ANC e ne ya itsise fa e tlaa tlhopha Nkosi-Malobane go bereka e le modulasetilo wa dikomiti mo palamenteng ya kgaolo ka setlha sa 2019 go tsena 2024.[7]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ GPLegislature (18 February 2020). "Chairperson of Committees Sizakele Nkosi-Malobane | Gauteng Provincial Legislature". Retrieved 05 December 2025
- 1 2 3 "Chairperson of Committees Sizakele Nkosi-Malobane". Gauteng Provincial Legislature. 18 February 2020. Retrieved 05 December 2025
- 1 2 "The new Gauteng cabinet – David Makhura". Politicsweb. 24 May 2014. Retrieved 05 December 2025
- 1 2 "Sizakele Malobane". People's Assembly. Retrieved 05 December 2025
- ↑ "Media release on the appointment of the members of the Executive Council of the Gauteng Provincial Government by Premier David Makhura". South African Government. 23 May 2014. Retrieved 05 December 2025
- ↑ "These are Gauteng's new MECs". News24. 29 May 2019. Retrieved 05 December 2025
- ↑ "ANC's Ntombi Mekgwe put forward as Gauteng legislature speaker as members are sworn-in". Sowetan. 22 May 2019. Retrieved 05 December 2025