Jump to content

Social media

Go tswa ko Wikipedia
Se e setshwantsho sa mafaratlhatlha a Social Media.

Social media e itsiwe ele metswedi ya dikgang. Ke setlhopha sa dithala le ditiriso tsa mo inthaneteng tse di dumelelang batho go buisan, go abelana tshedimosetso le go ikgolaganya le ba bangwe mo lefatsheng lotlhe. Batho ba dirisa mafelo a go ikgolaganya le batho mo inthaneteng go romelana ditshwantsho, dividio, melaetsa le dikgang[1]. E re thusa gape le ka go kgona go ikgolaganya le ditsala tsa rona tse di leng kgakala le tse di leng gaufi le go kgona go bua le ba lelapa la rona ba baleng kwa dikgang. Batho ba dirisa metswedi ya tshedimosetso mo difounung, matlapana(tablets) le di khomputara ba dirisa inthanete.[2]

Social media e re thusa thata ka gonne re fitlhela dikgang ka bonako , dilo tse di diragalang lefatshe ka bophara re kgona go itse ka tsona. E dumelela le baithuti ba dikolo tse dikgolwane go fitlhela tshedimosetso ka dithuto tsa bona ka bonako le barutabana. Batho mo lefatsheng ba kgona go dirisa yona mafaratlhatlha a go kgona go ikgolaganya le batho ekaba ditsala, baratani le ba lelapa. E dirile matshelo a rona abe bonolo tota ka gonne ga re sa dirisa makwalo go bua le ba baleng kwa kgakala, batho ba kgona go dira dikopanelo tsa bona ka inthanete ntse ba le kgakala. [3]

Le fa gone metswedi ya go ikgolaganya le batho mo inthaneteng e nale le mosola e mentsi gape e nale ditlamorago tse di seng monate. Fa e dirisiwa thata e ka feleletsa e dira ka bonya, ka nako engwe tshedimosetso e eo fitlhelang o ka ftlhela e se ya nnete ka gonne batho ba kgona go itirela tshedimosetso ya bona. Mo gongwe batho ba oiphitlhelang o bolela le bona osa baitse oka fitlhela ba dira kgwebiso ka batho kgotsa o ka fitlhela le batho ba ba tsietsang ba bangwe. Ka jalo mafaratlhatlha a a tshwanetse go dirisiwa ka botlhale.[4]

TSHUPETSO

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "Social media | Definition, History, Examples, & Facts | Britannica". www.britannica.com (in Sekgoa). 2026-07-21. Retrieved 2026-07-30.
  2. www.apa.org https://www.apa.org/topics/social-media-internet. Retrieved 2026-07-30. {{cite web}}: Missing or empty |title= (help)
  3. "The benefits of social media" (in British English). Retrieved 2026-07-30.
  4. "15 Dangers of Social Media & How to Avoid Them". McMillen Health (in American English). Retrieved 2026-07-30.