Solange Yijika
Solange Yijika ke motshameki wa difilimi wa kwa Cameroon [1] [2] [3] gape o le teng mo theatereng ya kwa Nigeria [6] le motlhami wa difilimi, [7] mmogo le molweladiphetogo wa ditshwanelo tsa basadi le bana.[ 8] Ke ene motshameki yo o tumileng go gaisa mo kgaolong ya Afrika Bogare e bile ke ene motho wa konokono wa Cameroon International Film Festival (CAMIFF).[ 9]
Dithutego le Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Yijika o tswa kwa North West Cameroon.[10] O ne a aloga kwa University of Yaoundé II, Soa, Cameroon.[11]
Tiro ya gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Yijika e ne e le sefatlhego se se botlhokwa mo Indasetering ya Difilimi ya Cameroon fa e sale a tlhagelela la ntlha ka ngwaga wa 2005. Mo diphousetara tse pedi tsa letsholo kgatlhanong le malaria kwa Cameroon tse di neng di tshegediwa ke Global Fund go lwantsha Malaria, Tuberculosis le AIDS, o ne a dirisiwa jaaka mmotlelara mo diphousetara. Gape ke molwela-kgololosego wa lefatshe ka bophara wa basadi le bana. E ne e le moemedi wa kgatiso ya ntlha ya Cameroon International Film Festival (CAMIFF) ka 2016. [1][ 8]
Yijika o ne a tlhageletse mo madirelong a difilimi a Cameroon mo dithulaganyong di le dintsi tse di ka nnang 20 mme ke moamogedi wa ditshitshinyo tsa dikgele di le dintsi go akaretsa AMAA le NAFCA.
O ne a tshameka mo "Trials of Passion" 2006 TV Series, e e bontshitsweng mo CRTV, mo a neng a tshameka karolo ya "Diana". Moragonyana ka 2008 o ne a tlhagelela mo filiming ya "Mark of the Absolute", e e neng e tsamaisiwa le go dirwa ke Asaba Ferdinand. Morago ga moo go ne ga latela "Land of Shadows" ka 2009, e leng baesekopo e e dirilweng ke Agbor Gilbert Ebot mme e ne ya tsamaisiwa ke Zack Orji le Neba Lawrence. Jim Iyke le ene o ne a tshameka mo baesekopong eo. Mo go one ngwaga oo, o ne gape a tlhagelela mo filiming ya "Great Pain" e e neng e kaelwa ke Neba Lawrence, mme moragonyana, mo go one ngwaga oo o ne a tlhagelela mo filiming ya "Royal Destiny", e e neng e le ya Cameroon e e neng e na le Emeka Ike le Tonto Dikeh, batshameki ba babedi ba Nollywood. Ka ngwaga wa 2012 o ne a tlhagelela mo filiming ya "Troubled Kingdom", e e neng e tsamaisiwa ke Neba Lawrence, e e neng e dirilwe ke motlhami wa difilimi wa kwa Amerika e bong Mairo Sanda le Fred K. Keyanti - yo o neng a galaletsa bokgoni jwa motshameki yono wa sesadi.[ 11]
Ka ngwaga wa 2012, o ne a tshameka mo filiming ya Nollywood, "Blood or Wine", e e dirilweng ke Henry Neba Awantoh le Jim Iyke mme e tsamaisiwa ke Neba Lawrence, e kwadilwe ke Ruth Kadiri.[ 13]
Ka ngwaga wa 2013, o ne a tlhophiwa mo SONNAH Awards. [6]
O ne a tlhagelela mo filiming ya "Decoded", e e dirilweng ke Brenda Elung - yo le ene e leng motshameki wa sesadi mme e tsamaisiwa ke Akim Macaulay le Enah Johnscott ka 2013, mo a neng a tshameka mmogo le batshameki ba Ghana le ba Cameroon jaaka Van Vicker, Jeffery Epule le Desmond Wyte.[ 14]
O ne a le mongwe wa baemedi ba le babedi ba ba neng ba le teng kwa Puisanong ya Phanele kwa kgatisong ya 2016 ya African Achievers Awards Ceremony, e e neng e tshwerwe ka Phukwi 8 kwa International Conference Centre, Abuja, Nigeria mmogo le Richard Mofe Damijo, motshameki wa Mo-Nigeria le radipolotiki. [9]
Mo filiming ya 2017, "Expression the Courage to Heal", e e neng e tsamaisiwa ke Musing Derick Tening mme e dirilwe ke Tessy Eseme, o ne a tshameka karolo ya "Jazmine Juma". Filimi eno e ne ya bontshiwa la ntlha kwa Lontone. 17][18]
O ne a tlhophiwa go bona sekgele mo kgatisong ya bobedi ya CAMIFF Awards,[ e e neng e tshwerwe magareng ga Moranang 24 le 29, 2017 kwa Buea, Cameroon le batshameki ba bangwe ba Camerwood le Nollywood ba ba neng ba tlhophiwa. O ne a le mongwe wa batlamedi ba kgatiso ya CAMIFF 2018 mmogo le Ramsey Nouah wa Nollywood.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] "Top Cameroonian actress, Solange Yijika, is back (Photos)". CamerounWeb. January 22, 2016. Retrieved October 19, 2020.
[2] Kanjo, Ernest (September 19, 2009). "Solange Yijika: A Step Forward". Tip Top Stars. Retrieved October 19, 2020.
[3] "Meet 5 most talented young Cameroonian actresses". CamerounWeb. November 20, 2015. Retrieved October 19, 2020.
[4] Aiden, Mason. "Casting a "Behold the Dreamers" Movie". TVOM. Retrieved October 21, 2020.
[5] Musoro, Darlene (June 29, 2015). "INDUSTRY; BRENDA SHEY, THE "MOTHER HEN"". DC Communications. Archived from the original on October 23, 2020. Retrieved October 21, 2020.
[6] "PEOPLE : SOLANGE YIJIKA, L'ACTRICE CAMEROUNAISE QUI S'EXPORTE". Le Film Camerounais. March 22, 2016. Retrieved October 21, 2020.
[7] "Atlanta Film Festival". Retrieved October 21, 2020.
[8] "#5ACTWN : SOLANGE YIJIKA – ACTRICE". Le Film Camerounais. April 26, 2016. Retrieved October 21, 2020.
[9] Akpah, Prince (July 6, 2016). "2016 African Achievers Awards". The Nigerian Voice. Retrieved October 21, 2020.
[10] "North West Elite Call For Resumption Of Schools". Ocamer. April 20, 2020. Retrieved October 21, 2020.
[11] Kanjo, Ernest (February 15, 2012). "Most desired ICameroonian actress in new movie". Tip Top Stars. Retrieved October 21, 2020