Sonia Mbele
Sonia Mbele | |
|---|---|
| Tsalo | Sonia Nomthandazo Mbele December 11, 1976 Natalspruit, South Africa |
| Tiro | Television producer, actress, entrepreneur |
| Mohiri | Sonia Mbele Films |
| O itsegi ka | Generations, The Real Housewives of Johannesburg |
Sonia Mbele ke modiragatsi wa Aforika Borwa,[1][2] motlelara,[3] motlhagisi wa thelebishine le mogwebi. O ne a tlhagisa filimi ya ntlha ya Real Housewives mo Aforika,[4] mme ke motlhagisi-mogolo wa The Real Housewives of Johannesburg.[5]
Botshelo jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Sonia Mbele o tshotswe ka Sedimonthole 1976 kwa Natalspruit, Aforika Borwa.[6]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Mbele o simolotse tiro ya gagwe ka 1998 jaaka modiragatsi yo o eteletseng pele mo tlhagisong ya drama ya SABC 2 e e neng e bidiwa Phamokate mme ka 1999 o ne a abelwa Sekgele sa FNB Vita sa Modiragatsi yo Mosha yo o Solofetsang go gaisa. Ka 2003, Mbele o ne a tlhophiwa mo motseletseleng wa motshameko wa SABC 1 wa Generations o ka one a neng a itsege thata mo Aforika Borwa, o ne a tshameka karolo ya gagwe jaaka Ntombi Khumalo go fitlha ka 2011.[7] Ka 2009, Mbele o ne a gapa Sekgele sa Golden Horn sa Modiragatsi yo o Gaisang mo Motshamekong wa TV kwa Dikabong tsa Difilimi le Thelebišene tsa Aforika Borwa.[8]
Mbele e nnile motho wa ntlha wa montsho yo o tumileng go bidiwa sefatlhego sa Dark & Lovely, Lux, le Sun-Silk mo Aforika Borwa.[9][10]
Ka 2018, Mbele o ne a tlisa filimi ya ntlha ya The Real Housewives mo Aforika e e neng ya bontshiwa lekgetlho la ntlha mo Aforika Borwa e le The Real Housewives of Johannesburg ka komponi ya gagwe ya Sonia Mbele Films,[5] mme ka 2021, o ne a tlhama motseletsele o mongwe wa thelebishene wa boammaaruri o o bidiwang Pastor’s Wives wa HONEY TV.[11]
Bodiragatsi
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Setlhogo | Karolo | Dinopolo |
|---|---|---|---|
| 2001 | Mr Bones | Thandie | |
| 2003 | God Is African | ||
| 2017 | Meet the Radebes | Sam | Script writer, producer |
| 2019 | Blessers | Michelle Zulu |
Thelebishine
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Setlhogo | Karolo | Dinopolo |
|---|---|---|---|
| 1998 | Phamokate | SABC 2 | |
| 2001 | Soul City | Dr. Ayanda Ngubane | Season 5 and 6 |
| 2003–2011 | Generations | Ntombi Khumalo | Season 1–13, SABC 1 |
| Yizo Yizo | Zakes' Girlfriend | ||
| 2003 | Soul Buddyz | Ayanda | Season 2 |
| 2004 | Zero Tolerance | Rosie | Season 1 |
| 2015 | Gold Diggers | Thuli | Season 1 |
| 2016 | The Alliance | Lydia | Season 1 |
| 2016 | Keeping Score | Mmamosa Letsie | Season 1 |
| 2016 | Greed & Desire | Thlabi | Season 1 |
| 2017 | Soap on a Rope | Tuki Ramphele | Season 1 |
| 2017 | iNumber Number | Philane | Season 1 |
| 2018 | Imposter | Big Daddy | Season 2 |
| 2020 | Family Secrets | Cleopatra Mokwena | Season 1 |
| 2021 | DiepCity | Zola | Season 1 |
| 2022 | Blood & Water | Lisbeth Molapo | Season 3 |
Tse di kwantle
[fetola | Fetola Motswedi]- Sonia Mbele at IMDb
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Sonia Mbele returns to TV screen". SowetanLIVE.
- ↑ "Seasoned Actress Sonia Mbele to star in hit Telenovela, DiepCity". Callsheet Africa. 20 July 2021.
- ↑ "5 Of our favourite Sonia Mbele looks". www.glamour.co.za.
- ↑ "WATCH: Sonia Mbele spills the tea on 'The Real Housewives of Johannesburg' cast". MSN.
- 1 2 "Sonia Mbele shares the genesis of the 'Real Housewives of Johannesburg'". 20 April 2022.
- ↑ "Sonia Mbele Biography, Age, Husband, Movies & Net Worth". 18 May 2021.
- ↑ Sekudu, Bonolo. "Sonia Mbele on her new reality show, her success and legacy". Drum.
- ↑ "SAFTAs 2009: All The Winners | News | TVSA". www.tvsa.co.za.
- ↑ "Sonia Mbele's LUX inspired Stories" – via www.youtube.com.
- ↑ Tleane, Lebo (11 April 2018). "Sonia Sedibe Excited As She Joins The Lux Family Again".
- ↑ Vilakazi, Andile "FineSalt" (31 July 2021). "Meet the Pastors Wives on Honey TV".