Jump to content

Sophie Ecclestone

Go tswa ko Wikipedia

Sophie Ecclestone (yo o tshotsweng ka Motsheganong a le malatsi marataro ka 1999) ke motshameki wa kirikete wa kwa Enyelane yo o tshamekelang Lancashire, North West Thunder, Manchester Originals, UP Warriorz le Enyelane.[1][2][3][4] Ka Sedimonthole wa 2018, International Cricket Council (ICC) e ne ya mmitsa motshameki yo o thutugang wa ngwaga[5]. Kwa bokhutlong jwa sejana sa ICC Women's T20 World Cup ka Mopitlo wa 2020, o ne a fetoga go nna motiki wa kgwele a nna mo maemong a ntlha mo lefatsheng wa Women's Twenty20 International (WT20I)[6]. Ka Phukwi wa 2021, Ecclestone o ne a bidiwa motshameki wa kgwedi wa basadi wa ICC ka Seetebosigo wa 2021[7].

Botshelo jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Ecclestone o tsholetswe kwa Chester, Cheshire,[1] mme a golela kwa Helsby, motse o o mo kgaolong e le nngwe.[8] Go tloga fa a ne a sa ntse a le ngwana yo monnye, ene, morwarraagwe yo mogolo, James, le rraagwe, Paul, ba ne ba tshameka kirikete kgotsa kgwele ya dinao kwa ntle ga legae la bone, letsatsi le letsatsi.[8] Gape o ne a bontsha bokgoni jwa kirikete.[6]

Ecclestone o akanya gore morwarraagwe e bong James, yo o neng a mo ruta go tshameka kgwele ya dinao le kirikete, e nnile tlhotlheletso e kgolo thata mo tirong ya gagwe.[9][10] O ne a bona thuto ya gagwe ya semmuso ya kirikete kwa Alvanley Cricket Club kwa Helsby,[6] kwa rraagwe e neng e le morulaganyi yo mmotlana,[8] mme e ne e le ene fela mosetsana yo o neng a le mo tseleng ya setlhopha.[9][11] O ne a tsenelela karolo ya setlhopha ya ba ba dingwaga tse di kwa tlase a le dingwaga di le supa,[12] mme a tsena mo tseleng ya Cheshire U13s dingwaga di le pedi fela moragonyana.[8] Fa Ecclestone a ne a tshameka motshameko wa gagwe wa ntlha-ntlha mo setlhopheng sa ntlha sa basimane sa Alvanley, James e ne e le mongwe wa batshameki-ka-ene.[11]

Ecclestone o ne a tsaya thuto ya gagwe ya dithuto tse dikgolwane kwa Helsby High School.[12] Ka nako nngwe, o ne a tlhabisa mogokgo yo mosha wa sekolo sa gagwe ditlhong, morago ga gore a mo letle go nna le seabe mo motshamekong wa kirikete e e sa tlhomamang ya setlhopha sa sekolo se dule. Ka 2020, o ne a bolelela BBC Sport jaana:

"Ga ke akanye gore o ne a lemoga gore nka kgona go tshameka kirikete tota ... Mme wa me o ne a mmolelela gore nka tshameka mme a re 'Ee, o ka tla go dira le rona.'

Ke ne ka ntsha basimane botlhe, mme ke ne ka tika bolo ya ntlha ya ga mogokgo. O ne a nthaya morago ga moo 'Ka jalo, o siame mo kiriketeng?'

O ne a le molemo thata mo go nna mo sekolong sotlhe morago ga moo."[6]

Go ya ka leloko la pele la setlhopha sa banna sa Cheshire men's team le motshameki wa letsogo la molema la Alvanley, Robin Fisher, yo o neng a thusa Ecclestone go ribolola botsweretshi jwa go dikologa ka menwana, Ecclestone o ne a na le talente ka tlhago mo e leng gore o ne a sa tlhoke go katisiwa go le gontsi.[8][11] Le ka nako eo, bangwe ba basimane ba Alvanley ba ne ba fopholetsa gore o ne a tla tshamekela Enyelane fa a le motona, mme ka nako eo o ne a tshamekela kirikete go ijesa monate.[11] Ka 2022, setlhopha se ne sa mo dirile leloko la botshelo jotlhe.[8]

Le fa gontse jalo, ka 2013, Ecclestone o ne a simolola go tshamekela setlhopha sa kgaolo ya basadi ba Cheshire.[13] Morago ga moo o ne a bonwa ke Lancashire, e a neng a e saenela le go dira gore a tshameke motshameko wa gagwe wa ntlha wa maemo a a kwa godimo ka 2015 a le dingwaga di le lesome le borataro.[8][13]

Ecclestone kwa motshamekong wa Test ya 2019 Women's Ashes

Ka Moranang wa 2022, o ne a rekwa ke Manchester Originals ya setlha sa 2022 sa The Hundred.[14]

Boditshabatshaba

[fetola | Fetola Motswedi]

Ecclestone o ne a tsenngwa ka bonako mo setlhopheng sa sekolo sa Enyelane. Ka 2016, a sa ntse a le dingwaga di le lesome le borataro, o ne a tlhophiwa go nna mo setlhopheng sa mariga sa England Academy, mme a ya kwa loetong lwa gagwe lwa ntlha kwa moseja, kwa Sri Lanka le sekolo. Ka nako ya loeto loo, le le fa a ne a na le tlhwaafaletse kwa gae, o ne a tsaya diwikete di le lesome le borataro tsa sekolo seo mo motseletseleng wa metshameko ya seraro kgatlhanong le Australia A le Sri Lanka A, go akaretsa le diwikete di le nne mo motshamekong kgatlhanong le setlhopha sa bofelo kwa Panagoda.[6][8][13]

Ka Phukwi wa 2016 a le gararo, o ne a tshameka motshameko wa gagwe wa ntlha wa WT20I a le dingwaga di le lesome le bosupa, ka nako ya loeto lwa Pakistan kwa Eygelane.[13][15][16] Ka nako ya motshameko oo, o ne a nna le lesego la go tsaya wikete ya gagwe ya ntlha ka go latlhela ka botlalo.[11] Ka Lwetse wa 2016 o ne a bidiwa mo setlhopheng sa basadi ba Enyelane sa One Day International go ya kwa West Indies mo kgweding e e latelang.[17]

Fa nako ya 2017 Women's Cricket World Cup e ntse e atumela , Ecclestone o ne a lwela go tlhophelwa go tshamekela Enyelane, mofenyi wa kgaisano eo. Le fa go ntse jalo, o ne a sa ntse a na le dingwaga di le lesome le bosupa, mme o ne a santse a saletswe ke ditlhatlhobo tse dingwe pele a fetsa sekolo. Ka jalo,Ecclestone, batsadi ba gagwe le mokatisi wa Enyelane wa nako eo Mark Robinson ba ne ba swetsa gore o ka se tshamekele Enyelane mo selemong seo.[6]

Ecclestone a tikela Enyelane ka nako ya 2020 ICC Women's T20 World Cup

Fa e sa le a pasa ditlhatlhobo tseo, Ecclestone o nna a le mo setlhopheng sa Enyelane. Boleele jwa gagwe jwa dikgato tse thataro, bo bo mo fang pono go gaisa, le bokgoni jwa gagwe jwa go laola kgwele, go mo dira gore a kgone mefuta yotlhe e meraro ya motshameko.[6] Ka Ngwanatsele wa 2017 a le malatsi a robabongwe, o ne a dira tshameko ya gagwe ya ntlha mo metshamekong ya Teko fa Enyelane e tshameka kgatlhanong le basadi ba kwa Australia kwa Women's Ashes ya basadi.[18]

Ka Phalane wa 2018, o ne a bidiwa kwa setlhopheng sa Enyelane sa kgaisano ya Basadi ya Lefatshe ya 2018 kwa West Indies.[19][20] Pele ga kgaisano yeo, o ne a bidiwa go nna mongwe wa batshameki ba ba neng ba tshwanetse go mo lebelelwa.[21]

Ka Tlhakole wa 2019, o ne a abelwa konteraka e e feletseng ya bogare ke ba Enyelane le Wales Cricket Board (ECB) ka 2019.[22][23] Ka Seetebosigo wa 2019, ECB e ne ya mmitsa kwa setlhopheng sa Enyelane sa motshameko wa pulamadibogo kgatlhanong le Australia kwa kgaisanyong ya Women's Ashes.[24][25]

Ka Firikgong wa 2020, o ne a tlhophiwa kwa setlhopheng sa Enyelane sa sejana sa lefatshe sa ICC sa T20 kwa Australia.[26] Ka Mopitlo a rogwa ka 2020, kwa motshamekong wa bofelo wa setlhopha sa Enyelane mo kgaisanong eo, Ecclestone o ne a tsaya wikete ya gagwe ya masome a matlhano ya WT20I, [27] le wikete ya gagwe ya bo lekgolo mo kiriketeng ya boditshabatshaba.[28] O ne a nna mosadi yo mmotlana go tsaya di-wikete tse masome a matlhano kwa WT20I, se a neng a se fitlhelela mo metshamekong e le masome a mararo le bone. A na le diwikete tsa dikgaisano tse robangbobedi tsa palogare ya 6.12 le dikgwele tse di mo latlhegetseng mo metabogong ya 3.23, o ne gape a fetoga motiki wa lefatshe yo o kwa godimo mo kgaisanong eo.[6][29]

  1. 1 2 "Sophie Ecclestone". ESPNcricinfo. Archived from the original on 12 August 2016. Retrieved 19 February 2025.
  2. "Sophie Ecclestone: England bowler on crochet, cricket & homesickness". BBC Sport. Retrieved 19 February 2025.
  3. "20 women cricketers for the 2020s". The Cricket Monthly. Retrieved 19 February 2025.
  4. "The Hundred 2021 - full squad lists". BBC Sport. Retrieved 19 February 2025.
  5. "Ecclestone beats Rodrigues, Yadav to Emerging Player award". International Cricket Council. Archived from the original on 31 December 2018. Retrieved 20 February 2025.
  6. 1 2 3 4 5 6 7 8 Lofthouse, Amy (23 June 2020). "Sophie Ecclestone: England bowler on crochet, cricket & homesickness". BBC Sport. Retrieved 20 February 2025.
  7. "Conway and Ecclestone voted ICC Players of the Month for June". International Cricket Council. Retrieved 20 February 2025.
  8. 1 2 3 4 5 6 7 8 Thompson-Radford, Hannah (30 March 2022). "The making of England's world number one". BBC Sport. Retrieved 22 February 2025.
  9. 1 2 Bishop, Tony (12 May 2022). "Sophie Ecclestone loves the FairBreak Invitational Spirit and is happy to discuss the Elephant (or rather Kangaroo) in the room". Guerilla Cricket. Retrieved 22 February 2025.
  10. Ghosh, Annesha (24 June 2022). "Sophie Ecclestone is world No. 1, but she's looking to fill an important gap in her CV". ESPNcricinfo. Retrieved 22 February 2025.
  11. 1 2 3 4 5 Friend, Nick (16 June 2020). ""It's like being back at school": The coming of age of England's young spinners". The Cricketer. Retrieved 22 February 2025.
  12. 1 2 Cheshire Chronicle (20 April 2015). "Fifteen-year-old Helsby High School student joins England Women's cricket team in Sri Lanka". CheshireLive. Retrieved 22 February 2025.
  13. 1 2 3 4 "Sophie Ecclestone". Kookaburra website. Kookaburra Sport. Retrieved 22 February 2025.
  14. "The Hundred 2022: latest squads as Draft picks revealed". BBC Sport. Retrieved 22 February 2025.
  15. "Uncapped Ecclestone in England Women's squad for Pakistan T20s". ESPNcricinfo. Archived from the original on 3 July 2016. Retrieved 22 February 2025.
  16. "Pakistan Women tour of England, 1st T20I: England Women v Pakistan Women at Bristol, Jul 3, 2016". ESPNcricinfo. Archived from the original on 5 July 2016. Retrieved 22 February 2025.
  17. "Langston, Ecclestone selected in ODI squad". ESPNcricinfo. Archived from the original on 20 September 2016. Retrieved 22 February 2025.
  18. "Only Test (D/N), England Women tour of Australia at Sydney, Nov 9-12 2017". ESPNcricinfo. Archived from the original on 19 July 2017. Retrieved 22 February 2025.
  19. "England name Women's World T20 squad". England and Wales Cricket Board. Archived from the original on 4 October 2018. Retrieved 22 February 2025.
  20. "Three uncapped players in England's Women's World T20 squad". ESPNcricinfo. Archived from the original on 4 October 2018. Retrieved 22 February 2025.
  21. "Players to watch in ICC Women's World T20 2018". International Cricket Council. Archived from the original on 9 November 2018. Retrieved 22 February 2025.
  22. "Freya Davies awarded England Women contract ahead of India tour". ESPNcricinfo. Archived from the original on 7 February 2019. Retrieved 22 February 2025.
  23. "Freya Davies 'thrilled' at new full central England contract". International Cricket Council. Archived from the original on 7 February 2019. Retrieved 22 February 2025.
  24. "Fran Wilson called into England squad for Ashes ODI opener against Australia". ESPNcricinfo. Archived from the original on 29 June 2019. Retrieved 22 February 2025.
  25. "England announce squad for opening Women's Ashes ODI". Times and Star. Archived from the original on 29 June 2019. Retrieved 22 February 2025.
  26. "England Women announce T20 World Cup squad and summer fixtures". England and Wales Cricket Board. Retrieved 22 February 2025.
  27. "Nat Sciver scores fifty, Sophie Ecclestone bags three as England secure semi-final berth". ESPNcricinfo. Retrieved 22 February 2025.
  28. "England beat West Indies to seal semi-final spot". International Cricket Council. Retrieved 22 February 2025.
  29. "Sophie Ecclestone: 'I want to be one of the best that's ever played women's cricket'". ESPNcricinfo. Retrieved 22 February 2025.