Sophie Ndaba
Sophie Lichaba | |
|---|---|
| Tsalo | Sophie Mphasane 29 June 1973 Soweto, South Africa |
| Maina amangwe | Sophie Ndaba |
| Tiro |
|
| Dingwaga tsa a le mo tirong | 1992 – present |
| Mosadi | |
| Tsala | Keith Harrington (2011–2013) |
| Bana |
|
| O fetheletse | Golden Horn Award for "Best Comic Actor" in 2009 etc |
Sophie Lichaba (née Mphasane, yo pele e neng e le Ndaba; o tshotswe ka 29 Seetebosigo 1973) [1] ke modiragatsi wa dibaesekopo wa mo Afrika Borwa. O ne a tshameka karolo ya Kgosigadi Moroka mo soap Generations. Ka 2016, o ne a le moatlhodi mo kgaisanong ya bofelo ya bontle ya Miss South Africa 2016.
Dithuto
[fetola | Fetola Motswedi]O feditse sekolo se se golwane kwa Zimbabwe,[3] morago ga moo o ne a tswelela ka tiro ya gagwe ya go nna mmotlelara. Mmaagwe o ne a mo romela kwa legaeng la dikhutsana kwa Eastlea, Harare, Zimbabwe gore a kgone go bona thuto e e botoka go na le e e neng e le teng mo Afrika Borwa ya puso ya tlhaolele. 4]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Rraagwe Lichaba, Solly Mphasane, o tlhokafetse ka 2016. O na le bolwetse jwa sukiri. O na le bana ba le babedi, Rudo le Lwandle le monna wa gagwe wa pele, Themba Ndaba. O ne a tsaya setlogolo sa gagwe, Shallon Ndaba, morago ga loso lwa ga kgaitsadie, Tiny Mphasane. O nyetswe ke Max Lichaba ka 2017.[ Kwa bokhutlong jwa 2018, Lichaba o ne a nna motswasetlhabelo wa magatwe, a a neng a re o tlhokafetse.
Dimpho
[fetola | Fetola Motswedi]- Mpho ya Duku Duku ya “Modiragatsi yo o Gaisang wa baesekopo” ka 2003[1]
- Mpho ya lenaka la gauta ya “Modiragatsi yo o Gaisang wa Metlae” ka 2009[1]
- Mpho ya Mosadi wa Tlhotlheletso[10]
Difilimi
[fetola | Fetola Motswedi]- Class of '92
- Egoli: Place of Gold
- Generations
- Gog' Helen
- Yizo Yizo
- Soul City
- She is King
- Isidingo
- High Rollers - Season 2
- Lockdown