Jump to content

Stella Barsosio

Go tswa ko Wikipedia

Stella Barsosio (o tshotswe ka kgwedi ya Mopitlwe e le lesome le bobedi (12) ka ngwaga wa 1993)[1] ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya. Ka ngwaga wa 2021, o ne a fenya Rotterdam Marathon.

Ka kgwedi ya Tlhakole e le borataro (6) ka ngwaga wa 2023, go ne ga itsisiwe gore Barsosio o ne a ileditswe dingwaga tse pedi ke Anti-Doping Agency ya Kenya morago ga go tlhatlhobiwa ka trimetazidine. O ne a kgaolwa go tswa mo tirong go tloga ka kgwedi ya Phatwe e le lesome le bosupa (17) ka ngwaga wa 2022.[2][3]

Ka ngwaga wa 2016, Stella Barsosio o ne a fenya Belgrade Marathon ka nako ya 2:43:41.[1]

Ka ngwaga wa 2017, o ne a fenya Cracovia Marathon ka nako ya 2:33:01, le Skopje Marathon, a tlhoma rekoto e ntšha ya tsela ya 2:33:42.[1]

Ka ngwaga wa 2018, o ne a feletsa a le mo maemong a bobedi mo Singapore Marathon, mme ka ngwaga wa 2019, o ne a feletsa a le mo maemong a bobedi mo kgaisanong e. [4][5]Ka ngwaga wa 2019, Barsosio o ne a fenya Sydney Marathon, a tlhoma rekoto e ntšha ya 2:24:33,[6] mme a fetsa mo maemong a bobedi kwa Rotterdam Marathon.[7]

  1. 1 2 3 "Stellah Jepngetich BARSOSIO – Athlete Profile". World Athletics. Retrieved 1 January 2023
  2. Olobulu, Timothy (6 February 2023). "ADAK slaps two athletes with two-year bans for anti-doping violations". capitalfm.co.ke. Retrieved 6 February 2023
  3. Mballa, Tony (6 February 2023). "Barsosio, Chebiwott land a two-year ban each over doping". The Star. Retrieved 6 February 2023
  4. "Kenyan pair out to defend Singapore Marathon titles". The South African. 30 November 2019. Retrieved 27 December 2019.
  5. "Ugandan Cheptegei sets new 10km world record". Daily Nation. 1 December 2019. Retrieved 27 December 2019.
  6. "Kiprotich runs sub 2:10, sets new record to win Blackmores Sydney Marathon". Runner's Tribe. 15 September 2019. Retrieved 27 December 2019
  7. "Koen Naert strandt in Rotterdam op zucht van Belgische record, maar heeft ticket voor Tokio 2020 beet". Het Laatste Nieuws (in Dutch). 7 April 2019. Retrieved 27 December 2019.