Stella Sigcau
| Motlotlegi
Kgosatsana Stella Sicau Mopalamente | |
|---|---|
| Tona wa tsa pereko | |
| In office Seetebosiso a le lesome le bosupa ngwaga wa 1999 – Motsheganong a le malatsi a supa ngwaga wa 2006 | |
| President | Thabo Mbeki |
| Pele Ga Gagwe | Jeff Radebe |
| Morago Ga Gagwe | Thoko Didiza |
| Tona wa dikgwebo tsa puso | |
| In office 1994–1999 | |
| President | Nelson Mandela |
| Morago Ga Gagwe | Jeff Radebe |
| Leloko la palamente ya Aforika Borwa | |
| In office Motsheganong a le malatsi a robabongwe ngwaga wa 1994 – Motsheganong a le malatsi a supa ngwaga wa 2006 | |
| President | Tutor Ndamase |
| Morago Ga Gagwe | Zipporah Nawa |
| Tonakgolo wa Transkei wa boraro | |
| In office Phalane a le malatsi a matlhano ngwaga wa 1987 – Morule a le malatsi a a masome mararo ngwaga wa 1987 | |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Stella Nomzamo Sigcau Firikgong a le lesome le bone ngwaga wa 1937 Lusikisiki Kapa Aforika Borwa |
| O Tlhokafetse | Motsheganong a le malatsi a supa ngwaga wa 2006 Durban KwaZulu-Natal |
| Mokgatlho | African National Congress |
| Dikamano tse dingwe tsa sepolotiki | Transkei National Independence Party |
Stella Nomzamo Sigcau (o o tshotsweng ka Firikgong a le lesome le bone ngwaga wa 1937 a tlhokafala ka Motsheganong a le malatsi a supa ngwaga wa 2006) e ne e le mopolotiki wa Aforika Borwa. Sigcau e ne e le tonakgolo wa ntlha wa mosadi wa Transkei pele ga e phatlaladiwa mo thankgolo pusong ya sesole ka 1987.[1] Morago ga Transkei a tsenngwa mo Aforika Borwa morago ga phelelo ya puso ya tlhaolele, Sigcau o ne a nna tona mo palamenteng ya ga Nelson Mandela le ya ga Thabo Mbeki.
Botshelo jwa a le mmotlana le tiro
[fetola | Fetola Motswedi]A tshotswe ka Firikgong a le lesome le bone ngwaga wa 1937,[2] Sigcau e ne e le morwadie kgosi Botha Sigcau wa kgaolo ya AmaMpondo o e neng e le tautona wa Transkei ka 1976 go tsena 1978. Bo kgaitsadie ke Kgosi Mpondombini Thandizulu Sigcau le molweladitshwanelo wa pele o o tlhokafetseng wa ANC le leloko la palamente Nkosi Ntsikayezwe Sigcau. O ne a fa morwadie Ntsikayezwe Sigcau leina la Princess Stella Sigcau wa bobedi, a reeletswe ka ene. Sigcau o alogile kwa Loveday Institute ka 1954 pele ga a nyalwa ke Ronald Tshabalala ka 1962.
O ne a ya go tsweledisa dithuto kwa University of Fort Hare. O ne a nna leloko la lekgotla la banana la African National Congress (ANYCL), a aloga ka BA degree ya Anthropology le Psychology. O ne a nyetswe ka nakwana, monna wa gagwe Roland Tshabalala o ne a tlhokafala ka 1964. O rutile mo dikolong di le mmalwa kwa Natal ka dingwaga tsa 1960.[3]
Polotiki ya Transkei
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 1968, o ne a tlhophiwa kwa Transkei a emetse Lusikisiki. Pele ga lefatshe le tsaya boipuso, o ne a le mo maphateng a a farologaneng, a akaretsa kgothetso, thuto le ditlhaeletsanyo.[3] E ne e le ene fela mosadi mo palamenteng ya Transkei. Sigcau le tonakgolo Kaiser Matanzima ba ne ba sa utlwane. Dikakanyo tsa gagwe tsa sepolotiki le kamano le ANCYL kwa Fort Hare di ne di le kgatlhanong le tsa ga Matanzima. O ne a dumela gore ke one mabaka a gore a bo a sa kgone go bona tiro ya borutabana kwa Kapa Botlhaba,[4] ka jalo a ruta kwa Natal mo dikolong di le mmalwa ka dingwaga tsa 1960. Le ntswa Sigcau e ne e le bontlha jwa puso ya Transkei, o ne a amana le ANC, ba ba neng ba bereka kwa Lusaka ka nako eo. Rraagwe ebong Botha Sigcau e ne e le Kgosi ya batho ba Mpondo, ba ba neng ba na le seabe mo kgaolong ya Transkei. Go lwela mamemo go ne ga tlhagoga gareng ga bogosi jwa Mpondo le puso ya Transkei ya ga Matanzima.[5] Ka ngwaga wa 1977 o ne a belega ngwana wa gagwe wa boraro morago ga go ratana le Kgosi JD Moshesh, o le ene a neng a le mo pusong. Moragonyana rraagwe ebong Botha Sigcau o ne a tlhokafala ka ntlha ya go lwala ka lobaka.[4] Morago ga loso lwa ga Sigcau, Matanzima o ne a batla go tsaya taolo ya batho ba Mpondo, a ntsha Sigcau mo ofising. Matanzima o ne a re go ratana ga ga Sigcau le Kgosi JD Moshesh ke go tlola molao ka jalo e le mabaka a a nonofileng go mo ntsha mo ofising ya setshaba. Se se ne sa amogelwa ka ditsela tse di farologaneng, ka a ne a le moswagadi ka nako eo.[4] Morago ga go bulwa ga palamente ka 1978, Sigcau o ne a etelela pele go fetola diphathi ga mapalamente a Mpondo otlhe, a tlhama Democratic Progressive Party, mme morago ga dingwaga tse pedi, o ne a boela kwa phathing ya Transkei National independence party, e e neng e busa ka nako eo.[3]
Morago ga boipuso, o ne a nna mo maemong a lephata la dikgang potlana le ditlhaeletsanyo. O ne a nna moeteledipele wa Transkei National independence Party ka Phalane a le malatsi a matlhano ngwaga wa 1987, a nna tonakgolo wa boraro wa Transkei morago ga malatsi a mabedi. Tonakgolo wa nako eo, o e neng e le kgaitsadie Kaiser Matanzima, George Matanzima o ne a patelediwa go ithola marapo ka ntlha ya magatwe a tshenyetso setshaba. O ne a fenya Kholisile Nota le Ngangomhlaba Matanzima mo maemong ao, botlhe e le banna.[3] Sebaka sa gagwe e le tonakgolo ga se a nna lobaka ka o ne a thankgolwa ke General Bantu Holomisa. Se se diragetse morago ga gore Holomisa a supe fa puso ya gagwe e senyetsa setshaba, a re Sigcau o dueletswe ditshwanelo tsa go betšha.Fa a ganetsa magatwe a, o ne a dumela gore o amogetse madi a ka nna dikete tsa di ranata di le masome matlhano mo toneng mongwe go duelela thuto ya ga morwadie.[3]
Polotiki ya Aforika Borwa
[fetola | Fetola Motswedi]Transkei o ne a boela mo Aforika Borwa morago ga Moranang a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa 1994. Sigcau o ne a emela ditlhopho tsa African National Congress, a kgona go fenya. Tautona Nelson Mandela o ne a mo tlhopha go nna tona wa dikgwebo tsa setshaba ka 1994 a nna mo maemong ao, a a neng a akaretsa maiteko a go fetola kompone ya diterena ya Aforika Borwa le Transnet go fitlhelela ka 1999. Tautona Thabo Mbeki o ne a mo thapa go nna tona wa pereko, a nna mo maemong a o go fitlhelela a tlhokafala ka 2006 ka ntlha ya go lwala pelo.
Ditshedimosetso tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Stella Sigcau dead at 69". Mail&Guardian. 8 May 2006. Retrieved 20 November 2025
- ↑ "General Notice: Notice 1319 of 1999 – Electoral Commission: Representatives Elected to the Various Legislatures" (PDF). Government Gazette of South Africa. Vol. 408, no. 20203. Pretoria, South Africa: Government of South Africa. 11 June 1999. Retrieved 20 November 2025
- 1 2 3 4 5 SAHO. "Stella Margaret Nomzamo Sigcau". South African History Online. Accessed: 20 November 2025
- 1 2 3 Timothy Gibbs. "The Second Peasant's Revolt, Mpondoland 1960 - 1980". Boydell and Brewer LTD, pg 64. Accessed: 20 November 2025
- ↑ Timothy Gibbs. "The Second Peasant's Revolt, Mpondoland 1960 - 1980". Boydell and Brewer LTD, pg 66. Accessed: 20 November 2025