Sterling Sharpe
Sterling Sharpe (o tshotswe ka Moranang a le malatsi a marataro, 1965) ke motshameki wa pele wa kgwele ya seAmerika (American Football) yo o neng a tshameka e le moamogedi wa ditlhago (wide receiver) a tshamekela Green Bay Packers ya National Football League (NFL). O tshamekile kgwele ya Mmadikole (college football) kwa South Carolina Gamecocks, gape a tshameka mo NFL go tswa ka 1988 go ema ka 1994 le setlhopha sa Packers mo tirong ya gagwe e e neng ya kgaupediwa ke go gobala molala. O ne a nna rametshameko wa NFL Network. Ke morwaraagwe Shannon Sharpe yo o tshamekang kwa pele (tight end) wa Pro Football Hall of Fame yo mogolwane.
Botshelo jwa pele le Mmadikole
[fetola | Fetola Motswedi]Sharpe o tsholetswe kwa Chicago e le ngwana wa ga Pete Sharpe le Mary Alice Dixon.[1] Go goleng ga gagwe, Sharpe o ne a nna kwa Glennville, Georgia, le bonkukuagwe le batsalwaleene, go balelwa le monnawe wa mosimane, Shannon Sharpe yo o neng e le motshameka pele (tight end) wa Hall of Fame. O alogile kwa Glennville, Georgia, a tshameka kwa morago (running back, quarterback le linebacker) ebile e ne e le leloko la ditlhopha tsa basketball le mabelo (track). Fa ele moamogedi wa ditlhago (wide receiver) kwa University of South Carolina, Sharpe a baya rekore ya go amogela ditlhago tse 169 le dikgato tsa kamogelo di le 2,497 le rekote e mo bogompienong e robilweng ya di touchdown di le lesome le bosupa. O ne gape a baya rekote ya sekolo ya go tshwara di touchdown di le lesome le motso mo setlheng se le sengwe, e e neng ya robiwa ka ngwaga wa 2005 ke Sidney Rice. Jeresi ya ga Sharpe ya nomoro ya bobedi e ne ya ntshiwa mo metshamekong ke ba South Carolina kwa bofelong jwa setlha sa 1987, seo sa mo dira motshameki wa Gamecocks wa bobedi go fiwa tlotla yeo a santse a tshameka.[citation needed] Mokatisi ebile e le mogakolodi wa gagwe kwa mmadikole, William "Tank" Black, o ne a tlogela setlhopha sa Gamecocks go nna mookamela-batshameki mme a emela Sharpe mo tirong ya gagwe. Sharpe o ne a tsenngwa mo College Football Hall of Fame ka 2014.
Tsa tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Sharpe e ne e le motlhophiwa wa ntlha, e le wa bosupa palogotlhe, a tlhophiwa ke setlhopha sa Packers ka 1988 mme a nna le seabe ka bonako mo setlhopheng seo.[2] Mo setlheng sa gagwe sa ntlha, o ne a simolla metshameko e le lesome le borataro mme a tshwara ditlhago di le masome matlhano le botlhano. Mo setlheng sa gagwe sa bobedi o ne a etelela liki ka dikamogelo di le masome a ferabongwe, e le motshameki wa Packers wa ntlha go dira jalo fa e sale Don Hutson a dira jalo ka 1945, o ne a gape thuba direkote tsa ga Hutson tsa dikamogelo tsa ditlhago le dikgato mo setlheng sene seo. Sharpe o ne a itsiwe e ele moamogedi yo o thata a na le matsogo a a nonofileng, yo o neng a sa tshabe go tsena fa gare go ya go kapa ditlhago fa go leng thata teng.
Dingwaga di le mmalwa morago ga foo, ka 1992, Sharpe le motshamekamorago (quarterback), Brett Favre, ba ne ba ikopanya go nna bangwe ba ba ko godimong ba ba neng ba fitisetsana ditlhago mo liking. Ka motshameko wa bofelo wa setlha seo, sterling le Favre ba kopanela kamogelo ya bo lekgolo le masome a supa ya ga Sharpe ya setlha e e neng ya thuba record ya NFL ya ditlhago tsa setlha se le sengwe, ya ga Art Monk e a neng a e beile ka 1984. Mo setlheng seo, e ne ya nna mongwe wa batshameki ba le supa fela mo ditsong tsa NFL go fenya "Triple Crown" e le moamogedi wa ditlhago: a eteletse liki ka dikgato tsa kamogelo, kamogelo ya di touchdown, le dikamogelo ka kakaretso. Ray Flaherty (1932), Don Hutson (1936, 1941-44), Elroy Hirsch (1951), le Raymond Berry (1959) ba ne ba fitlhelela seo dingwaga pele ga nako ya Super Bowl. Batshameki ba bangwe ba ba fitlheletseng koo ke Jerry Rice (1990), Steve Smith Sr. (2005), le Cooper Kupp (2021).
Ka setlha sa 1993 o ne a thuba rekote ya gagwe, ka kamogelo ya ditlhago tse lekgolo le lesome le bobedi, seo sa mo dira motshameki wa ntlha go nna le ditlha tse pedi tse di tlhomaganeng a tshwara ditlhago di le lekgolo. Ka 1994, di touchdown tsa gagwe tse lesome le boferabobedi tse a neng a di tshwara e ne ele tsa bobedi tse dintsi mo ditsong tsa liki yeo mo nakong eo, a setse morago Jerry Rice yo o neng a na le tse masome mabedi le bobedi ka 1987. Ka Phalane a le masome mabedi le bone, 1993, o ne a nna motshameki wa Packers wa bobedi mo ditsong tsa setlhopha seo go kapa di touchdown di le nne mo motshamekong o le mongwe e sa le Don Hutson a dira jalo ka 1945.
Go tshameka ga ga Sharpe e le moamogedi wa ditlhago go ne ga kgaupediwa ke kgobalo ya molala,[3] e fedisa tiro ya gagwe e mo go yone a neng a lalediwa go ya ko Pro Bowl ga tlhano (1989, 1990, 1992, 1993, le 1994). Ka a ne a palelwa ke go tswelela le go tshameka ebile a se mo setlhopheng sa Packers se se neng sa fenya Super Bowl ka 1996, monnawe e bong Shannon o ne a mo fa meritshana ya gagwe e meraro ya Super Bowl e a neng a e fentse,[4] a bua ka tshusumetso e kgolo ya gagwe mo botshelong jwa gagwe a re:[5]
Batho ba babedi ba ba nkgotlhaditseng thata, molemo le bosula, ke Sterling le nkuku. Sengwe le sengwe ka go nna monna, ka kgwele ya seAmerika, sengwe le sengwe se ke se itseng ka metshameko, ka botshelo, ke ka ntlha ya batho ba babedi ba.
Mo tsamaong ya ditlha tse supa tsa liki tsa gagwe, o ne e le wa bobedi mo kamogelong ya ditlhago le dikgato gape e le wa boraro mo di touchdown ( Jerry Rice o ne a le kwa pele ga gagwe mo dikarolong tsotlhe). Monnawe ebong Shannon ka moletlo wa fa a tsenngwa mo Hall of Fame o ne a re, " Ke nna motho wa ntlha mo Hall of Fame yo nkareng ke ne ke le motshameki wa bobedi mo lelwapeng lame."[6]
Morago ga go tlogela tiro ya NFL, Sharpe o ne a nna rametshameko wa NFL Network.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Sterling Sharpe Net Worth: Football.. More Like Moneyball! Beth Sparrow. Retrieved 16/10/2023.
- ↑ 1988 NFL Draft Pro Football Reference. Retrieved 16/10/2023.
- ↑ Injury Could End Sharpe's Career. The New York Times. Retrieved 16/10/2023.
- ↑ Super Bowl ring 'a symbol of excellence' Greg Garber. Retrieved 16/10/2023.
- ↑ What About Brothers and Sisters? onlinesports.com. Retrieved 16/10/2023.
- ↑ NFL: Does Sterling Sharpe Really Deserve a Shot to Make NFL Hall of Fame? Randy Chambers. Retrieved 16/10/2023