Jump to content

Susan Chepkemei

Go tswa ko Wikipedia

Susan Chepkemei (o tshotswe ka kgwedi ya Seetebosigo e le masome a mabedi le botlhano,ngwaga wa 1975 kwa Komol, West Pokot District) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya, yo o gaisanang mo metshamekong ya dimetara di le 10 000 le marathone. Ka ngwaga wa 2001, o ne a fenya Rotterdam Marathon mme a nna wa ntlha kwa Great North Run, a bo a gapa sekgele sa selefera kwa World Half Marathon Championships. O ne gape a gapa seetsele sa selefera kwa Metshamekong ya Commonwealth ya 2002 mo metshamekong ya 10,000 m.

Chepkemei o ne a gaisana mo kgaisanong ya banana ya IAAF World Cross Country Championships ka ngwaga wa 1990 le 1992, a fetsa mo maemong a boraro le a bo lesome le borataro ka go latelana. mo maemong a bagolo, o ne a tsenela kgaisano e telele magareng ga ngwagwa wa 1998 le 2001, mme maduo a gagwe a a gaisang e ne e le a boronse ka ngwaga wa 2000. O ne a simolola go taboga marathone ka ngwaga wa 1998 kwa Berlin Marathon mme a fetsa a le wa bobedi. O ne a fenya kgaisano ya Parelloop 10K kwa Netherlands ka ngwaga wa 1998 le 2000,[1] mme gape o ne a fenya kgaisano ya Marseille-Cassis Classique Internationale ka nako e e kwa godimo thata ka 2000.[2] 2] O ne a fenya kgaisano ya Tilburg Ten Miles (10 km mo basading) gararo ka go latelana (2001 ⁇ 2003)

Ka kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi le botlhano mgwaga wa 2008, IAAF e ne ya thibela Chepkemei go tsenela dikgaisano ka ngwaga o le mongwe, e dira polelo e e latelang:

"Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Mekgatlho ya Metshameko ya Maatla (IAAF) o itsisitswe ke Athletics Kenya (AK) gore moatleletiki wa mosadi, Susan Chepkemei o bonwe molato wa go tlola molao o o latelang wa tiriso ya diritibatsi go ya ka Melao ya IAAF: Go nna teng ga selo se se ileditsweng sa Salbutamol (S3. Beta-2 Agonists) mo sekaing sa gagwe sa go laola tiriso ya diokobatsi (IAAF Rule 32.2a). Tlolomolao e ya tiriso ya diokobatsi e amana le tlhatlhobo ya tiriso ya diokobatsi ya IAAF e e neng e dirwa kwa ntle ga kgaisano ka 10.09.07 kwa Nairobi, KEN. "[3]

Ngaka ya ga Chepkemei e ne ya mo neela Salbutamol e leng pilisi e e thibelang thibelang bolwetse jwa khupelo fa a sena go itshlofela le go tshwarwa ke nyumonia; ka ntlha ya seo, thibelo eo e ne ya fokodiwa go nna ngwaga o le mongwe. O simolotse go boa gape kwa tshimologong ya 2009.[4]

Motsamaisi wa gagwe ke Jos Hermens.

Dophitlhelelo tsa gagwe mo go tsa Mabelo

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Kgaisano Lefelo Maemo Dintlha/Nako
September 20, 1998 Berlin Marathon Berlin, Germany 2nd 2:28:19
April 18, 1999 Rotterdam Marathon Rotterdam, Netherlands 2nd 2:26:38
November 12, 2000 IAAF World Half Marathon Championships Veracruz, Mexico 2nd 1:09:40
April 22, 2001 Rotterdam Marathon Rotterdam, Netherlands 1st 2:25:45
October 7, 2001 IAAF World Half Marathon Championships Bristol, United Kingdom 2nd 1:07:36
November 4, 2001 New York City Marathon New York City, United States 2nd 2:25:12
April 14, 2002 London Marathon London, United Kingdom 5th 2:23:19
May 5, 2002 IAAF World Half Marathon Championships Brussels, Belgium 2nd 1:09:13
April 13, 2003 London Marathon London, United Kingdom 4th 2:23:12
November 2, 2003 New York City Marathon New York City, United States 7th 2:29:05
November 7, 2004 New York City Marathon New York City, United States 2nd 2:23:13
April 17, 2005 London Marathon London, United Kingdom 3rd 2:24:00
October 1, 2005 IAAF World Half Marathon Championships Edmonton, Canada 3rd 1:10:20
November 6, 2005 New York City Marathon New York City, United States 2nd 2:24:55
April 23, 2006 London Marathon London, United Kingdom 3rd 2:21:46
November 5, 2006 New York City Marathon New York City, United States 10th 2:
  1. Arrs.net: List of Parelloop winners
  2. Historique Il était une fois … Archived 2009-04-16 at the Wayback Machine (in French). Marseille-Cassis. Retrieved on 2009-10-22.
  3. IAAF, February 25, 2008: Doping Rule Violation
  4. Daily Nation, February 7, 2009: Corporal Kibet’s Prison break