Jump to content

Susan Chomba

Go tswa ko Wikipedia
Susan Chomba
ThutoMoi University BSc

Bangor University MSc

University of Copenhagen MSc, PhD
MohiriInternational Centre for Research in Agroforestry, World Resources institute
O itsegi kaMoitseanape wa tsa tikologo

Susan Chomba ke moitseanape wa tsa maranyane le tikologo wa kwa Kenya. Ke mookamedi wa World Resources Institute.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Chomba o goletse mo lehumeng kwa Kirinyaga County.[1] Chomba o godisitswe ke nkukuagwe, ka mmaagwe o a neng a sena mopati, a ne a nna fela a bereka. Mmaagwe Chomba o ne a lema capsicum le dinawa mo tshingwaneng e e neng e le ya ga malomaagwe, a tlhama kgolagano ya temo.[2]

Fa Chomba a le dingwaga di le borobabongwe, sekolo sa mo gae se se nang le boroko jwa baithuti se ne sa mo gana ka ntlha ya lehuma, ka jalo a tsena sekolo se se kgakala kwa bophirima jwa Kenya. Fa mmaagwe a sa tlhole a kgona go mo romela kwa sekolong seo, Chomba o ne a boela Kirinyaga go tsena sekolo se segolwane sa kgaolo. Moithuti mongwe le mongwe mo sekolong seo o ne a fiwa tshingwana go lema. Chomba o ne a lekeletsa ka temo e e dirisang di tsatlholego fela, a lemile dikhabetšhe go emelana le seemo se se tsididi sa loapi.[2]

Le ntswa Chomba a ne a eleditse go ithutela molao kgotsa itsholelo ya temothuo, o ne a tsenngwa mo dithutong tsa dikgwa kwa sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa Moi University.[2][3] Fa a le mo ngwageng wa boraro o ne a itemogela se a batlang go se dira.[2]

Chomba o ne a nna mongwe wa bontlha jwa lekgotla la mafatshefatshe la dipatlisiso tsa temo ya go kopanya dijalo le dimela tse dingwe, mo thulaganyong ya Regreening Africa, ya mafatshe a borobabobedi e e neng e busulosetsa diheketara di le sedikadike tsa lefatshe le le senyegileng mo Aforika.[2]

Chomba e ne e le leloko la setlhopha sa ntlha go aloga ka degree mo dikolong di le pedi tsa kwa Yuropa kwa Bangor University le University ya Copenhagen. O feditse tiro ya dipatlisiso kwa Tanzania.[4] O ne a tsweledisa dithuto tse di kww godimo tsa PhD kwa University ya Copenhagen.[2][3]

Ka ngwaga wa 2021, Chomba o ne a nna mookamedi wa Vital Landscapes for Africa kwa lekgotleng la World Resources Institute, kwa a eteletseng pele tiro ya bone mo dikgweng, tsamaiso ya dijo le batho.[5][3] Gape ke moemedi wa lenaneo la Race to Zero and Race to Resilience ka fa tlase ga bagaka ba UN ba dikgato tsa phetogo seemo sa loapi.[3][6]

  • Seetsele sa Peter Henry sa baithuti ba dikgwa, e le moamogedi wa ntlha, kwa Bangor University
  • 2016: e le mongwe wa bomme ba ba lesome le borataro ba ba tsosolosang lefatshe, ke Global Landscapes Forum[3]
  • 2022: bomme ba le masome mabedi le botlhano ba ba fetolang dikgato tsa seemo sa phetogo ya loapi, Greenbiz[7][8]
  • 2023: bomme ba le lekgolo ba BBC, e e akaretsang bomme ba ba nang le thotloetso ba le lekgolo mo lefatsheng ka bophara.[1]
  1. 1 2 "BBC 100 Women 2023: Who is on the list this year? - BBC News". News. Retrieved 2026-01-27
  2. 1 2 3 4 5 6 Wadekar, Neha (2023-06-21). "'Women bear the biggest brunt of climate change,' says climate scientist Susan Chomba". The Guardian. ISSN 0261-3077. Retrieved 2026-01-27
  3. 1 2 3 4 5 "Susan Chomba | World Resources Institute". www.wri.org. Retrieved 2026-02-27
  4. "Bangor Alumna among world's most influential women". Bangor University. Retrieved 2026-01-28
  5. "Susan Chomba". #ThinkLandscape. Retrieved 2026-01-28
  6. Macklin, Fiona (2021-04-26). "Welcoming Global Ambassadors to Race to Zero and Race to Resilience". Climate Champions. Retrieved 2026-01-28
  7. "25 more badass women shaping climate action | GreenBiz". www.greenbiz.com. 7 March 2022. Retrieved 2026-01-28
  8. "Bloomberg Green at COP28". events.bloomberglive.com. Retrieved 2026-01-28