Jump to content

Susan Jeptooo Kipsang

Go tswa ko Wikipedia

Susan Jeptooo Kipsang (o tshotswe ka kgwedi ya Mopitlwe e le supa (7) ka ngwaga wa 1987) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Fora.[1]

O tsholetswe gaufi le Eldoret, Kenya, o taboga marathone le halofo ya marathone, 5,000m, 10,000m, le go taboga sekgala se seleele.

Ka ngwaga wa 2008, o ne a emisa tiro ya gagwe ka ntlha ya go ima. Ka kgwedi ya Seetebosigo ngwaga wa 2009, o ne a fudugela kwa Lyon kwa Fora le monna wa gagwe Jakub, mme ka ngwaga wa 2011 a simolola go gaisana gape le Lyon Athletics Club morago ga go belega Kelvin ka ngwaga wa 2008, morago ga moo Mercy ka ngwaga wa 2011. Ka ngwaga wa 2019 o ne a fiwa boagi jwa Fora.[2]

O ne a taboga mo kgaisanong ya World Athletics Half Marathon Championships, kwa Gdynia ka ngwaga wa 2020, mme a fetsa e le mofenyi wa bobedi mo kgaisanong ya bosetšhaba ya Fora mo 10,000m.[3]

Ka kgwedi ya Ferekgong e le lesome (10) ka ngwaga wa 2021 o ne a fitlhelela maemo a go tsenela metshameko ya Olympic kwa marathone kwa Marrakech, a taboga ka 2:28:48 metsotswana. Morago ga moo o ne a bidiwa mo setlhopheng sa Fora sa marathone mo metshamekong ya Olimpiki ya Tokyo ya ngwaga wa 2020 e e neng ya diegisiwa.[4]

Go tlola molao wa tiriso ya diretibatsi

[fetola | Fetola Motswedi]

O ne a kgaolwa dikgwedi di le lesome le boferabobedi (18) ka ntlha ya go tlhatlhobiwa gore o na le heptaminol ka kgwedi ya Lwetse e thola bonne (4)ka ngwaga wa , 2021.[5]

  1. "Susan JEPTOOO | Profile". worldathletics.org
  2. "Susan Jeptooo, la future grande marathonienne française ?". 22 January 2017
  3. "World Athletics Half Marathon Championships | WHM 20 | World Athletics". www.worldathletics.org.
  4. Younsi, Djamel (February 25, 2020). "Marathon : Susan, une Kenyane vénissiane aux JO de Tokyo"
  5. "4 ATHLETES TO RETURN TO COMPETITION IN 2024 AFTER SUSPENSION". spe15.fr. 5 January 2025. Retrieved 7 March 2025.