Jump to content

Tânia Burity

Go tswa ko Wikipedia

Tânia Cefira Gomes Burity (o tshotswe ka 28 Phalane 1978) ke diragatsi, mmegadikgang, le mmabobtle wa kwa Angola.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Burity o tsholetswe kwa Luanda, Angola. O weditse dithuto tsa gagwe tsa bobegadikgang kwa Instituto Médio de Economia de Luanda (IMEL) mme moragonyana a ithuta tsa tlhaeletsano kwa Instituto Superior Privado de Angola. Burity o ne a dira mo go tsa thekiso le tsa bobegadikgang go fitlha a tsena mo lefatsheng la botaki.[ 1]

Go tloga ka 2001 go ya go 2004, o ne a tsamaisa lenaneo la thelebishene la Angola dá Sorte. Ka 2001, Burity o ne a tshameka mo motseletseleng wa thelebishene wa Vidas Ocultas. Mo ngwageng o o latelang, o ne a tshameka moithuti Djamila kwa Reviravolta. Ka 2005, Burity o ne a tshameka karolo ya ga Cláudia, yo e leng ene mogaka wa dikgang tsa thelebishene ya Sede de Viver. Go tloga ka 2005 go ya go 2006, o ne a tshameka Eugénia mo miniseries ya 113. Burity e ne e le mmoledi le morulaganyi wa bobegadikgang wa lenaneo la radio la Boa Noite Angola go tloga ka 2005 go ya go 2006.[ 1] Ka 2007, motshameki Fredy Costa o ne a tlhasela Burity, a dira gore a se ka a bereka dikgwedi di le pedi. Costa o ne a atlholelwa dikgwedi di le thataro mo kgolegelong, fa mosadi wa gagwe wa pele Yola Araújo ene a ne a gololwa.[ 2]

Ka 2009, Burity o ne a tshameka mosadi wa kgwebo Camila mo go Minha Terra, Minha Mãe. Fa gare ga 2010 le 2012, o ne a dira jaaka mmoledi le mokaedi wa lenaneo la radio la bana la Karibrinca na Rádio. Burity o ne gape a dira jaaka mmotlelara mme e ne e le moanelwamogolo kwa Miss Luanda 2011. O ne a tshameka jaaka mogakolodi wa tsa feshene Ofélia mo Windeck ka 2012.[ 1] Ka 2014, o ne a le moamogedi wa Big Brother Angola.[2] Ka 2016, Burity e ne e le modulasetulo wa ba ba neng ba dira mo Casting JC Models le Casting para Actores Agência Útima. [ 1]

Kgaitsadie ke moanedi wa thelebišene Dicla Burity.[ Tânia Burity o nna kwa Lisbon mme o na le bana ba le babedi ba basetsana.[ 4]

[1] "Tânia Burity Biografia". Neovibe (in Portuguese). Retrieved 5 November 2020.

[2] "Yola Araújo e Tânia Burity ultrapassam desavenças". Rede Angola (in Portuguese). 5 August 2014. Retrieved 5 November 2020.

[3] Oliveira, Sued de (2 October 2017). "Tânia Burity indignada com comentários racistas contra a irmã Dicla Burity". Platinaline.com (in Portuguese). Retrieved 5 November 2020.

[4] "TÂNIA BURITY: "GOSTO DE HOMENS MUSCULADOS"". Paratudo (in Portuguese). Retrieved 5 November 2020.[dead link]