Taiye Selasi
Taiye Selasi | |
|---|---|
Selasi ka ngwaga wa 2014 | |
| Tsalo | Taiye Selasi London United Kingdom |
| Thuto | Yale University (BA) Nuffield College, Oxford (Master of Philosophy) |
| Tiro | Mokwadi wa dibuka |
Notable work | Ghana Must Go (2013) |
| Movement | bodiragatsi |
| Maranyane | https://x.com/taiyeselasi |
Taiye Selasi ke mokwadi le motlhami wa difilimi wa ditso tsa Britain le Amerika o o itsegeng ka buka ya gagwe e e rekisetseng thata le puisano ya gagwe ya TED Talk e e neng ya tsamaya thata mo maranyaneng.
Botshelo jwa a le mmotlana le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Taye Selasi o tsholetswe kwa London, England a godisediwa kwa Brookline, Massachusetts, ke morwadie Dr. Lade Wosornu, ngaka wa loaro gape e le mmoki wa kwa Ghana, le Dr. Juliette Tuakli, ngaka wa bana wa kwa Nigeria.[1][2] Selasi o alogile ka maemo a ntlha a summa cum laude le Phi Beta Kappa ka BA ya dithuto tsa America go tswa kwa sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa Yale University, pele ga a aloga ka MPhil ya botsalano jwa mafatshe go tswa kwa sekolong sa University of Oxford.[3][4]
Tsa pereko
[fetola | Fetola Motswedi]Mokwadi
[fetola | Fetola Motswedi]Mo bokwading, Selasi o itsege thata ka Firstborn Immigration Daughter, e e gatisitsweng mo pampiring ya The New Yorker ya dipadi tse di itiretsweng ya ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le borataro, le Ghana Must Go, e e gatisitsweng ke Penguin ka ngwaga wa dikete pedi lesome le boraro.[5]
Ka ngwaga wa dikete pedi le botlhano, fa a fetsa dithuto tsa gagwe kwa Oxford, Selasi o ne a kopana le morutuntshi wa gagwe Toni Morrison o o filweng tlotla ya Nobel Laureate.[6] Ka ngwaga wa dikete pedi le borataro Morrison o ne a fa Selasi seelo sa ngwaga. Go se fitlhelela, Selasi o ne a kwala "The Sex Lives of African Girls", e e gatisitsweng ke Granta ka ngwaga wa dikete pedi lesome le motso ya tlhophiwa go nna dipadi khutswe tsa Aforika tse di gaisitseng ka ngwaga wa dikete pedi lesome le bobedi.[7] Ngwaga o o latelang, Selasi o ne a nna mo lenaaneng la Granta la gangwefela mo dingwageng di le lesome la bakwadi ba dibuka ba Britain ba ba botlana ba ba gaisang.[8] Ka ngwaga wa dikete pedi lesome le bone, o ne a tlhophelwa Africa39, e le mongwe wa bakwadi ba Aforika ba le masome a mararo le borobabongwe ba ba dingwaga di kwa tlase ga masome a mane ba ba gaisitseng.[9]
Ka ngwaga wa dikete pedi lesome le boraro mogaka wa dikwalo Ann Godoff, motlhami gape e le mookamedi wa Penguin Press, o ne a gatisa buka ya ntlha ya ga Selasi ya Ghana Must Go. E tlhophilwe e le nngwe ya dibuka tse di lesome tse di gaisang tsa ngwaga wa dikete pedi lesome le boraro ke The Wall Street Journal le The Economist, buka e e ranoletswe mo ditemeng di feta masome a mabedi.[10][11][12][13][14]
Sebui
[fetola | Fetola Motswedi]Mo go tsa go kwala le go bua, Selasi o itsege thata ka go tlhama mafoko a mabedi: Afropolitan le multilocal.
Ka ngwaga wa dikete pedi le botlhano Makasine wa LIP o ne wa gatisa mokwalo wa ga Selasi wa "Bye-Bye, Babar (kgotsa Afropolitan ke eng?)".[15] Motho wa ntlha go gatisa ka setlhgo se, Selasi o ne a baka dipuisano mo lefatsheng ka bophara ka go nna Afropolitan, a tlhagolela tsela baithuti ba tshwana le Simon Gikandi le Achille Mbembe go tlhabolola lefoko go nna kakanyo e e itsegeng lefatshe lotlhe.[16]
Ka ngwaga wa dikete pedi lesome le botlhano, mo puisanong ya gagwe e e neng ya abelanwa thata mo maranyaneng, Selasi o ne a tlhama lefoko 'multi-local' go tlhalosa sekao sa bobedi.[17] E le monni wa New York, Lisbon, Rome le Accra, Selasi o nganga gore batho ba tswa mo maitemogelong eseng mo mafatsheng; le gore maitemogelo a rona a bopiwa ke bo "R ba bararo" (botsalano, tlwaelo le dikganelo) tse di amanang le kwa re nang teng; le gore re phoso go tlotlomatsa selo se se seong (lefatshe) mo maitemogelong.[18][19]
Motlhami
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa dikete pedi masome mabedi, fa Netflix e dumalana le motshameko motseletsele wa gagwe, Selasi o ne a tlhama Cocoa Content, kompone ya botlhami e e setsweng morago ke mmeeletsi wa bobegadikgang wa ditso tsa France le America Jerome Levy. [20]A kopanetse tiro e le batlhami ba tshwana le Debra Martin Chase, Nicholas Weinstock, le Pauline Fischer, Cocoa Content e tlhama diporojeke kwa Italy, Portugal, Ghana le mafatshe a mangwe.[21]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Leina le Selasi a le filweng le raya lewelana la ntlha mo temeng ya ga mmaagwe ya Yoruba. Lewelana la ga Seladi, Dr. Yetsa Tuakli, ke ngaka e e ipelelwang. E le leloko la ntlha la mo Aforika la komiti ya mafatshefatshe ya batabogi ba ba nang le bogole, Tuakli o phadisantse mo go tloleng mo go leele mo setlhopheng sa lefatshe la Ghana, gompieno o taboga kwa Stanford University.[22][23]
Dikwalo tsa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Dibuka
[fetola | Fetola Motswedi]- Ghana Must Go (ya ngwaga wa dikete pedi lesome le boraro)[24]
Dibuka tsa bana
[fetola | Fetola Motswedi]- Anansi and the Golden Pot (ya ngwaga wa dikete pedi masome mabedi le bobedi)
Dipolelo khutswe
[fetola | Fetola Motswedi]- "The Sex Lives of Africab Girls", e gatisitswe ke GRANTA (ka ngwaga wa dikete pedi lesome le motso)[25]
- "Driver", GRANTA (ngwaga wa dikete pedi lesome le boraro)[26]
- "Aliens of Extraordinary Ability", TALE OF TWO CITIES (ngwaga wa dikete pedi lesome le bones)[27]
- "Brunhilda in Love", SEX AND DEATH (ngwaga wa dikete pedi masome mabedi le motso)[28]
- Betwixt and Betwin, GRANTA (ngwaga wa dikete pedi masome mabedi le bobedi)[29]
- "Firstborn Immigrant Daughter", THE NEW YORKER (ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le borataro[30]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "A Master of Arts and Science: Professor Ladé Wosornu Celebrated At 88". Ghana Academy of Arts and Sciences. 3 April 2025. Retrieved 23 September 2026
- ↑ "Dr. Juliette Tuakli". Mercy Ships Africa. Retrieved 23 September 2026
- ↑ Selasi, Taiye (23 October 2014). "The loving spoonful". The Economist.
- ↑ "Center for the Study of Africa and the African Diaspora - Artist-in-Residence February 2020: Taiye Selasi". 9 October 2019.
- ↑ Selasi, Taiye (31 May 2026). "Firstborn Immigrant Daughter". The New Yorker. Retrieved 23 September 2026
- ↑ Cohen, Stefanie (28 February 2013). "Growing Up With a Panther Mom". The Wall Street Journal.
- ↑ Igarashi, Yuka (10 June 2011). "Taiye Selasi | Interview". Granta.
- ↑ Igarashi, Yuka (10 June 2011). "Taiye Selasi: Interview". Granta. Retrieved 23 September 2026
- ↑ "Africa39". Hay Festival. Retrieved 23 September 2026
- ↑ "A singular voice", The Economist, 16 March 2013.
- ↑ Sacks, Sam (1 March 2013). "An Auspicious How-Do-You-Do". The Wall Street Journal.
- ↑ Fischer, Molly (14 June 2010). "Penguin Press Buys First Novel with Salman and Toni's Seal of Approval". New York Observer. Archived from the original on 15 June 2010.
- ↑ "The WSJ Best Fiction of 2013". The Wall Street Journal. 13 December 2013.
- ↑ "Books of the year: Torrents of words", The Economist, 5 December 2013.
- ↑ Selasi, Taiye (3 March 2005). "Bye-Bye, Babar". The LIP Magazine.
- ↑ Gehrmann, Susanne (11 November 2015). "Cosmopolitanism with African roots. Afropolitanism's ambivalent mobilities". Journal of African Cultural Studies. 28: 61–72. doi:10.1080/13696815.2015.1112770. S2CID 146791639.
- ↑ Selasi, Taiye (October 2014). "Don't ask where I'm from, ask where I'm a local". TED. Retrieved 23 September 2026
- ↑ "Taiye Selasi: How Do The Places We Call Home Inform Our Identities?". TED Radio Hour. NPR. 15 June 2018. Retrieved 23 September 2026
- ↑ "Don't ask where I'm from, ask where I'm a local". TED | TEDGlobal 2014. 29 September 2015. Retrieved 23 September 2026
- ↑ White, Peter (11 October 2023). "Lagos-Set Drama 'Victoria Island' In The Works From Taiye Selasi, Nicholas Weinstock & Fremantle". Deadline. Retrieved 23 September 2026
- ↑ "Taiye Selasi Announces New TV Production Company That Will Be the Golden Age of Television Meets the African Silver Screen". brittlepaper.com. 15 July 2019. Retrieved 23 September 2026
- ↑ "Sports Equity Lab". Sports Equity Lab. Retrieved 23 September 2026
- ↑ name="Elle magazine profile">Vitzthum, Virginia (15 March 2013)"The Fascinator: Taiye Selasi". ELLE. Retrieved 23 September 2026
- ↑ Cox Westmaas, Juanita (23 April 2013). "Taiye Selasi's 'Ghana Must Go': A Reader's Response". www.thenewblackmagazine.com. Archived from the original on 15 August 2020. Retrieved 23 September 2026
- ↑ Whittington, Bella (17 December 2012). "'The Sex Lives of African Girls' by Taiye Selasi". www.litro.co.uk. Retrieved 23 September 2026
- ↑ "Biography Of Taiye Selasi". Media Nigeria. 5 June 2018. Retrieved 23 September 2026
- ↑ Freeman, John (8 September 2015). Tales of Two Cities: Stories of Inequality in a Divided New York. Penguin Books. ISBN 9780143128304.
- ↑ Hall, Sarah; Hobbs, Peter (3 August 2017). Sex & Death: Stories. Faber & Faber. ISBN 9780571322442.
- ↑ Selasi, Taiye (17 November 2022). "Betwixt and Betwin". Granta. Retrieved 23 September 2026
- ↑ Selasi, Taiye (8 June 2026). "Firstborn Immigrant Daughter". The New Yorker. Retrieved 23 September 2026