Jump to content

Talita Monnakgotla

Go tswa ko Wikipedia
Talita Monnakgotla
Deputy Minister of Local Government and Rural Development of Botswana
Assumed office
13 February 2022
PresidentMokgweetsi Masisi
Ka Ga Ena
O tsetsweBotswana
MokgatlhoBotswana Democratic Party

Talita Monnakgotla ke mopolotiki wa Botswana le morutabana. E ne ele Motlatsa Tona ya pusoselegae le tlhabololo ya metseselegae mo Botswana,[1] a tlhophilwe mo maemong ao ka 2019 ke Tautona wa ga jaana wa Botswana, Mokgweetsi Masisi. Paka ya gagwe e simolotse ka 13 Tlhakole 2022.[2][3]

Botshelo jwa gagwe jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

O tsholetswe le go godisediwa kwa Hukuntsi ka ngwaga wa 1960 .[4]

Talita o ne a tsenela Tirelo ya Sepodisi sa Botswana ka 1994 jaaka moitseanape wa laboratori, tiro e a neng a re o e dirile dingwaga di le robedi. Morago ga moo, ene le monna wa gagwe, ba ne ba tlhoma kgwebo ya dipalangwa e e neng e gweba jaaka AT & T Monnakgotla Travel and Tours go simolola ka 2002 go fitlha ga jaana.[4] Morago o ne a tsenela dipolotiki go nna leloko la Palamente ya Kgalagadi Bokone [4]go tloga ka 2019 go fitlha ka Diphalane 2024 koo a neng a latlhegelwa ke ditlhopho teng.[5][6]

O na le Dipoloma ya thekenoloji ya laboratori.[4]

  1. https://dailynews.gov.bw/news-detail/77023. Retrieved 21 December 2023
  2. https://www.govpage.co.za/botswana-government-ministries.html
  3. http://www.botswana.se/News/CABINET-APPOINTMENTS
  4. 1 2 3 4 Monnakgotla attributes success to courage confidence
  5. https://www.thegazette.news/news/controversial-bdp-primaries-challenge-masisis-plans/
  6. Basimanebotlhe, Tsaone (2024-07-30). "BDP bemoans women's decline in primaries". Mmegi Online. Retrieved 2024-12-11.