Tamy Moyo
Thamsanqa 'Tamy' Moyo (o belegwe ka 5 firekgong 1998) ke moopedi wa mmino wa kwa Zimbabwe le motshameki wa sesadi. O ne a tuma morago ga go golola pina ya gagwe ya 2016 "Ndibereke" gape o itsege ka seabe sa gagwe mo filiming ya 2020 "Gonarezhou". 2]
Botshelo jwa gagwe jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]O belegwe ka 5 Ferikgong 1998 kwa Harare, Zimbabwe. Rragwe Richard Kohola ke moanelwamogolo wa Star FM Zimbabwe yo o itsegeng jaaka RK. O ne a godisiwa ke mmaagwe Doris Moyo le rremogoloagwe Makwara.[ 3]
Tiro ya gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Fa a ne a le dingwaga di le supa, o ne a simolola go opela segolobogolo mo khwaereng ya bagolo. O ne a fetsa dithuto tsa gagwe tsa poraemari kwa Lusitania Primary School mme morago a tsena sekolo sa Westridge High School go ya go tsweletsa dithuto tsa gagwe tsa sekontari. Fa a le dingwaga di le 13 a sa ntse a le mo sekolong, o ne a kopana le bataki ba ba tumileng ba ba jaaka Joe Thomas, Oliver Mtukudzi, Stunner, Ba Shupi, le Alexio Kawara. Moragonyana o ne a nna Child Ambassador for Childline Zimbabwe, a nna mo-Zimbabwe yo monnye go gaisa yo o kileng a nna moemedi. Ka ngwaga wa 2008, Tamy o ne a bopa Uganda African Choir, mmogo le badiri ba bangwe ba le bararo mo tiragalong ya go thusa batho kwa Madison Square Garden kwa New York. 1][3]
O ne a kwala le go opela pina, Cry For Help e e rotloetsang bana ba bangwe go leletsa mogala wa mahala wa 116 go kopa thuso. Ka 2012, Tamy o ne a golola alebamo ya gagwe ya ntlha ya mmino Celebrate Yo Lyf. Morago o ne a nna le tshono ya go tshameka kwa meletlong e megolo ya Zimbabwe jaaka Harare International Festival of the Arts le Shoko Festival. O ne gape a tlhagelela kwa National Arts Merit Awards le Miss Tourism Zimbabwe kwa a neng a tshameka teng ka Ngwanatsele 2016. [1]
Ka 2017, Tamy o ne a lalediwa go tshameka mo filiming ya Gonarezhou ke motlhami-mmogo wa filimi, Sydney Taivavashe. Filimi e dirilwe ka kopanelo le Zimbabwe Parks and Wildlife Management Authority. Mo filiming e Tamy o ne a tshameka karolo ya 'Chipo' jaaka ponalo ya gagwe ya ntlha ya dibaesekopo. Mo go one ngwaga oo, o ne a tlhophiwa lekgetlo la ntlha mo National Arts Merit Awards (NAMA awards) ka ntlha ya seabe sa gagwe. 2]
Ka ngwaga wa 2019, Tamy o ne a tlhophiwa go nna moopedi wa mosadi yo o gaisang go tswa mo Borwa jwa Afrika kwa All Africa Music Award (AFRIMA) kwa Ghana. 6]
Mo bogareng jwa 2021, o ne a tlhophiwa jaaka moemedi wa letshwao ke ZIMOCO morekisi wa semmuso wa Mercedes Benz. Ka Ngwanatsele 2021, o ne a golola alebamo ya dipina di le lesome le boraro e e bidiwang Bvudzijena kwa ZIMOCO live session mme tiro ya gagwe e ne ya lekanngwa le phitlhelelo ya maemo a a kwa godimo ke Black Entertainment Television (BET).[ 7]
O ne a tlhophiwa jaaka moopedi wa mosadi yo o gaisang mo Borwa jwa Aforika ka fa tlase ga All Africa Music Awards 2021 (AFRIMA). O ne a lwa ntwa eno mmogo le Makhadzi (yo o neng a amogela sekgele), Sha Sha le ba bangwe. Ka ngwaga wa 2025, o ne a gapa Sekgele sa Motaki wa Mosetsana yo o Molemo go gaisa mo ngwageng mo kgaisanong ya bo 23 ya National Arts Merit Awards.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] "Tamy Moyo career". pindula. Retrieved 19 October 2020.
[2] "NAMA opens Tammy Moyo acting career". herald. Retrieved 19 October 2020.
[3] "10 Things You Didn't Know About Teen Sensation Tammy Moyo". youthvillage. Retrieved 19 October 2020.
[4] comments, Blessing Masakadza • 2 October 2018 1:59 pm • 0. "ED's daughter in anti-poaching film". DailyNews Live. Archived from the original on 20 October 2020. Retrieved 27 March 2019.
[5] "Tamy cherishes acting role". Daily News Zimbabwe. Retrieved 19 October 2020.
[6] "AFRIMA nomination a dream come true for Zim's Tammy Moyo". The Southern Times. Archived from the original on 27 October 2020. Retrieved 19 October 2020.
[7] "Tamy Moyo releases new album Bvudzijena". NewZimbabwe.com. 9 November 2021. Retrieved 2 December 2021.