Jump to content

Tapela le o mongwe kgatlhanong le molaodimogolo le ba bangwe

Go tswa ko Wikipedia

Tapela le o mongwe kgatlhanong le molaodimogolo le ba bangwe ke tsheko ya semolao mo Botswana e e amang tshwanelo ya magolegwa a mabedi a batswakwa a a nang le mogare wa HIV go kgona go bona melemo ya ARV lefatshe le e duelela. Ka Phatwe a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 2014, kgotlatshekelo kgolo ya Botswana mo Gaborone e ne ya laola puso ya Botswana go netefatsa gore magolegwa a bona dipilisi tsa ARV.

Tse di diragetseng pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Tsheko e tsisitswe ke batho ba Zimbabwe ba le babedi ba e neng e le magolegwa kwa Gaborone Central Prison le Botswana Network on Ethics, Law and HIV/AIDS (BONELA).[1] Bobedi boo ba ne ba supilwe fa ba na le mogare wa HIV kwa kgolegelong. Ba ne ba seka ba fiwa dipilisi le ntswa seemo sa bone se ne se letla gore ba di fiwe mo tsamaisong ya puso. Puso e ne ya ba iletsa dipilisi ere ka ke batswakwa. Magolegwa a a nang le mogare wa HIV ba e neng e le beng gae ba ne ba fiwa melemo go ya ka molao wa puso wa nako eo.[2]

Ba ba tsileng ka kgang ba ne ba tla ka kgwetlho ya semolao kgatlhanong le go gana ga puso go neela magolegwa dipilisi tsa ARV kwa kgotlatshekelong ya Gaborone. Ba ne ba ngangisana gore ilediwa go bona kalafi le mabaka a go gana go dira jalo ga go ka fa molaong.[3]

Katlholo ya tumalano

[fetola | Fetola Motswedi]

Ba ba emetseng puso pele ba ne ba retelelwa ke go buelela kgang e. K a jalo go ne ga neelwa katlholo e e mo letlhakoreng la ba ba tsisitseng kgang ka Mopitlo ngwaga wa 2014.[4] Katlholo e e ne ya fetolwa ka tumalano ya botlhe ka Mopitlo a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 2014.

Katlholo ya kgotlatshekelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Kgang e ne ya sekiwa kwa kgotlatshekelong ya Gaborone ka Seetebosigo a le lesome ngwaga wa 2014.[5]Ka Phalane a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 2014, moatlhodi bengame Sechele o ne a atlhola a le mo lotlhakoreng lwa ba ba tsisitseng kopo.[6] Kgotlatshekelo e ne ya supa fa molao o o iletsang magolegwa go bona melemo ya ARV ga o ka fa molaong fa go lebelelwa molao wa tlwaelesego le wa molaomotheo.

  1. Wongai Zhangazha (2014-06-20). "HIV+ Zim prisoners take Botswana to court". Zimbabwe Independent. Retrieved 2025-10-02.
  2. Victor Baatweng (2014-08-10). "Botswana in legal battle with foreign inmates". Al Jazeera. Retrieved 2025-10-02
  3. Thamani Shabani (2014-06-12). "Court reserves judgement in ARV case". Botswana Daily News. Archived from the original on 2015-09-23. Retrieved 2025-10-02
  4. Mthokozisi Dube (2014-08-23). "Botswana inmates to get ARVs". The Chronicle. Retrieved 2025-10-02.
  5. SABC News (2014-06-10). "Botswana court to hear arguments in ARV treatment case". Retrieved 2025-10-02.
  6. Al Jazeera (2014-08-23). "Botswana to pay for all inmates' HIV drugs". Retrieved 2025-10-02.