Jump to content

Tautona wa Cameroon

Go tswa ko Wikipedia

Tautona wa Cameroon ke mopeteledipele wa puso ya Cameroon, gape ke molaola sesole sa Cameroon. Taolo ya lefatshe e tshwerwe ke tautona le palamente.[1]

Ofisi ya ga tautona wa Cameroon e tlhamilwe ka ngwaga wa 1960, morago ga boipuso go tswa mo France. Ofisi e ne e tshwerwe ke Ahmadou Ahidjo go tswa ka Motsheganong a le malatsi a matlhano ngwaga wa 1960 go tsena Ngwanatsele a le malatsi a marataro ngwaga wa 1982, le ke Paul Biya fa e sale ka Ngwanatsele a le malatsi a marataro ngwaga wa 1982.

Nako e e lekanyeditsweng

[fetola | Fetola Motswedi]

Tekanyetso nako ya botautona e ne ya tlosediwa Biya ka 2008.[2]

Ditlhopho tsa bosheng

[fetola | Fetola Motswedi]
Ntlhopheng Phathi Ditalama %
Paul Biya Cameroon People's Democratic movement didikadike di le pedi, dikete di le makgolo matlhano, masome a mabedi le motso, makgolo a robabongwe, masome a mararo le bone
Maurice Kamto Cameroon Renaissance Movement dikete di le makgolo a matlhano le boraro, makgolo a mararo, masome a robabobedi le bone
Cabral Libii Univers Dikete di le makgolo a mabedi, masome a mabedi le bobedi, le masome a mabedi
Joshua Osih Social Democratic Front dikete di le lekgolo, lesome le borobabobedi, makgolo a supa le borataro
Adamou Ndam Njoya Cameroon Democratic Union dikete di le masome a marataro le motso, makgolo a mabedi le masome a mabedi
Garga Haman Adji Alliance for Democracy and Development dikete di le masome a matlhano le botlhano, masome a mane le borobabobedi
Ndifor Afanwi Franklin Cameroniian National Citizen Movement dikete di le masome a mabedi le boraro, makgolo a marataro, masome a robabobedi le bosupa
Serge Espoir Matomba United People for Social Renovation dikete di le lesome le borobabongwe, makgolo a supa le bone
Akere Muna Now! dikete di le lesome le bobedi, makgolo a mabedi, masome a marataro le bobedi
Dipalo tsotlhe didikadike tse tharo, dikete di le makgolo a matlhano, masome a mararo le bosupa, makgolo a robabongwe, masome a marataro le botlhano
  1. Constitution of the Republic of Cameroon (English and French Archived 2006-02-28 at the Wayback Machine versions). 18 January 1996. Accessed 30 October 2025
  2. Cook, Candace; Siegle, Joseph. "Circumvention of Term Limits Weakens Governance in Africa". Africa Center for Strategic Studies.