Jump to content

Tegla Loroupe

Go tswa ko Wikipedia

Tegla Chepkite Loroupe (o tshotswe ka kgwedi ya Motsheganong e le boferabongwe (9) ka ngwaga wa 1973) ke motshameki wa motshameko wa sekgala se seleele wa kwa Kenya. Gape ke mmueledi wa lefatshe ka bophara wa kagiso, ditshwanelo tsa basadi le thuto. Loroupe o tshwere rekoto ya lefatshe ya dikilometara di le 25 le 30 mme o ne a kile a tshwara rekoto ya lefatshe ya marathone. E ne e le mosadi wa ntlha wa mo Aforika go tshwara rekoto ya lefatshe ya marathone, e a e tshotseng go tloga ka kgwedi ya Moranang e le lesome le boferabongwe (19) ka ngwaga wa 1998 go fitlha ka kgwedi ya Lwetse e le masome a mararo (30) ka ngwaga wa 2001. Ke mmampodi wa halofo ya marathone wa lefatshe ka makgetlho a le mararo. Loroupe gape e ne e le mosadi wa ntlha go tswa mo Afrika go fenya New York City Marathon, e a e fentseng gabedi. O fentse dikgaisano tsa marathone kwa Lontone, Rotterdam, Hong Kong, Berlin le Roma.

Ka ngwaga wa 2016, o ne a le motho yo o rulaganyang Setlhopha sa Batshabi sa Diolimpiki tsa Selemo tsa ngwaga wa 2016 kwa Rio.[1]

Tegla Loroupe o tsholetswe kwa motseng wa Kapsait mo kgaolong ya Lelan ya Kgaolo ya West Pokot. E kwa Great Rift Valley, dikilometara tse di ka nnang 600 kwa bokone jwa Nairobi. Rraagwe le mmaagwe ke ba morafe wa Pokot, morafe wa Nilotic o o nnang kwa dikarolong tsa bokone jwa Kenya, botlhaba jwa Uganda le borwa jwa Ethiopia.[1]

Loroupe o ne a bolelelwa ke rraagwe gore ga a na mosola mme tiro ya gagwe e ka nna ya nna go sala le bana.[1]O ne a gola a na le bana ba le masome a mabedi le bonne (24). E re ka Ba-Pokot e ne e le batho ba ba nyetseng basadi ba bantsi, rraagwe o ne a na le basadi ba le banè. O ne a fetsa bongwana jwa gagwe a bereka mo masimong, a disa dikgomo le go tlhokomela bomonnawe le bokgaitsadie ba bannye.

Fa a le dingwaga di le thataro, Loroupe o ne a simolola sekolo kwa Sekolong sa Kapsait sa poraemari; o ne a tshwanelwa ke go taboga dikilometara di le lesome go ya le go boa kwa sekolong moso mongwe le mongwe. Kwa sekolong, o ne a lemoga gore a ka kgona go nna moatlelete fa a ne a fenya dikgaisano tsa dimetara di le 800 kgotsa di le 1500 tse di neng di tshwaretswe baithuti ba ba neng ba mo feta thata. O ne a swetsa ka gore a dire tiro ya go taboga. Le fa go ntse jalo, ga go na ope yo o neng a mo ema nokeng fa e se mmaagwe fela.

Lekgotla la metshameko ya diatleletiki la kwa Kenya, Athletics Kenya, ga le a ka la mo ema nokeng kwa tshimologong, ka gonne le ne le akanya gore Loroupe o monnye thata e bile o mosesane thata. Le fa go ntse jalo, seno se ne sa fetoga fa a sena go fenya lobelo lo lo tumileng lwa go taboga a sa rwala ditlhako mo nageng ka 1988. O ne a simolola go katisa go tsenela dikgaisano tsa boditšhabatšhaba mo ngwageng o o latelang, mme a bona ditlhako tsa gagwe tsa ntlha tsa go taboga ka ngwaga wa 1989, tse a neng a di rwala fela fa go na le dikgaisano tse di bokete. O ne a tlhophiwa mo kgaisanong ya bomme ya ngwaga wa 1989 IAAF World Cross Country Championships a fetsa ka 28th. O ne a gaisana gape kwa IAAF World Cross Country Championships ya ngwaga wa 1990, a fetsa a le 16th mo kgaisanong ya bašwa.

Ka ngwaga wa1994 le ka ngwaga wa 1998, Loroupe o ne a fenya Goodwill Games ka 10,000 metres, a sa rwala ditlhako. Mo sekgaleng se se tshwanang o ne a gapa dimetlele tsa boronse kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe tsa Athletics ka ngwaga wa 1995 le ngwaga wa 1999.

Ka ngwaga wa 1994, Loroupe o ne a taboga marathone wa gagwe wa ntlha kwa New York. O ne a fenya kgaisano e e neng e le kgatlhanong le e e nonofileng go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Ka ntlha ya seo, o ne a nna modingwana wa basha ba le bantsi mo Afrika: kgabagare, mmampodi wa mosadi go tlaleletsa batabogi ba le bantsi ba ba atlegileng ba banna. O ne a fenya New York City Marathon gape ka ngwaga wa 1995 mme a fetsa e le wa boraro ka ngwaga wa 1998.

Fa gare ga ngwaga wa 1997 le ngwaga wa 1999, o ne a gapa dikgele tsa lefatshe tse tharo ka go latelana mo lobelong lwa halofo ya marathone. O ne a fenya Rotterdam Marathon gararo magareng ga ngwaga wa 1997 le ngwaga wa 1999. O ne a fenya Marathone wa kwa Berlin ka ngwaga wa 1999 mme a nna wa bobedi ka ngwaga wa 2001. O ne a fetsa a le mo maemong a bobedi kwa Osaka International Ladies Marathon ka ngwaga wa 1999.

Loroupe o fentse kgaisano ya Zevenheuvelenloop 15K kwa Netherlands gararo (1992, 1993 le 1998). Ke mofenyi wa Egmond Half Marathon ka makgetlo a le supa (1993, 1998, 2000). O fentse Lisbon Half Marathon ka makgetlo a le marataro: 1994, 1997, 1999 le 2000.[2] O fentse kgaisano ya tsela ya Tilburg, makgetlho a le matlhano (1993, 1994, 1996, 1998, 1999), gape e le palo e e kwa godimo. O fentse Paris Half Marathon ka ngwaga wa 1994 le ngwaga wa 1998,[3]City-Pier-City Loop half marathon kwa Hague ka ngwaga wa 1998,[4]le Parelloop 10K mo lobelong kwa Netherlands ka ngwaga wa1999.[5]

Ka nako ya Diolimpiki tsa Selemo tsa ngwaga wa 2000 kwa Sydney, o ne a solofetswe go fenya marathone le dimetara di le 10 000, o ne a tshwarwa ke botlhole jwa dijo bosigo jwa pele ga lobelo. Le fa go ntse jalo, o ne a kgona go fenya kgaisano ya marathone, mme a fetsa a le mo maemong a bo lesome le boraro (13), mme mo letsatsing le le latelang, o ne a taboga sekgala sa dimetara di le 10 000 mme a fetsa mo maemong a bo5. [6]O ne a taboga a sa rwala ditlhako mo dikgaisanong tsoopedi, mme moragonyana o ne a bolela gore o ne a dira jalo ka ntlha ya go ikutlwa a patelesega go direla batho botlhe ba ba neng ba mo tsaya e le motho yo o tlisang tsholofelo mo nageng ya gaabo. O ne a tswelela a na le mathata a a farologaneng a botsogo go fitlha kwa bofelong jwa ngwaga wa 2001.

Ka ngwaga wa 2000, o ne a fenya London Marathon le Rome City Marathon. Gape o ne a fenya Lausanne Marathon ka ngwaga wa 2002, Cologne Marathon ka ngwaga wa 2003 le Leipzig Marathon ka ngwaga wa 2004.

Loroupe o ne a gaisana mo lobelong lwa marathone lwa 2005 World Championships kwa Helsinki, Finland, mme o ne a fetsa a le mo maemong a bo masome a mae (40) fela. Ka kgwedi ya Tlhakole ka ngwaga wa 2006 o ne a fenya Hong Kong Half-Marathon. Mo go one ngwaga oo o ne a fetsa e le wa botlhano kwa Rotterdam Marathon le wa bobedi kwa Venice Marathon. Ka ngwaga wa 2007, o ne a tsaya karolo gape mo New York City Marathon, a fetsa a le 8th.

Diphenyo tse dikgolo tsa ga Loroupe di akaretsa rekoto ya lefatshe ya dikilometara di le masome a mabedi (20), masome a mabedi le botlhano (25) le masome a mararo (30) mmogo le rekoto ya nako e e fetileng ya sekgala sa marathone. O kile a tshwara rekoto ya One Hour running World ya 18,340 m e e beilweng kwa Borgholzhausen, Germany, mme rekoto e ne ya rojwa ke Dire Tune ya Ethiopia dingwaga di le lesome morago ga foo, ka ngwaga wa 2008 (rekoto e ntšhwa ya 18,517 m).[7]

Go nna le leina le lentle

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2006, o ne a tlhophiwa go nna Moemedi wa Ditšhaba tse di Kopaneng wa Metshameko ke Mokwaledi Kakaretso wa Kofi Annan, mmogo le Roger Federer, mmampodi wa tenese go tswa kwa Switzerland, Elias Figueroa, moanelwa wa kgwele ya dinao wa kwa Latin America go tswa kwa Chile, le Katrina Webb mmampodi wa gouta wa Paralympics go tswa kwa Australia. Ke Moemedi wa Boditšhabatšhaba wa Metshameko wa IAAF, Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Mekgatlho ya Metshameko, le wa UNICEF.

Ka ngwaga wa 2003, Loroupe o ne a dira motseletsele wa ngwaga le ngwaga wa Peace Marathons o o neng o tshegediwa ke Tegla Loroupe Peace Foundation "Peace Through Sports". Baporesidente, Ditona-Kgolo, Baemedi le badiredi ba puso ba ne ba tsamaya le batlhabani le ditlhopha tsa batswakwa kwa nageng ya gaabo ya Kenya, kwa Uganda le kwa Sudan, go tlisa kagiso mo lefelong le le neng le tlhasetswe ke batlhabani ba merafe e e lwang. Ka ngwaga wa 2010 puso ya Kenya e ne ya mo akgolela diphitlhelelo tsa gagwe jaaka makgolokgolo a batlhabani ba ne ba latlhile dibetsa tsa bone. [8]

O tlhomile sekolo (Sekolo sa Kagiso sa Tegla Loroupe) le legae la dikhutsana la bana go tswa kwa kgaolong ya Kapenguria, toropo e e kwa godimo kwa dithabeng kwa bokonebophirima jwa Kenya.

Marathone ya Kagiso ya ngwaga wa 2006 e ne ya tshwarwa ka kgwedi ya Ngwanatsele a le lesome le boferabobedi (18) ka ngwaga wa 2006, kwa Kapenguria, Kenya. Batlhabani ba le dikete tse pedi go tswa mo ditsong di le thataro ba ne ba gaisana. Peace Marathon e e latelang e ne ya tshwarwa ka kgwedi ya Ngwanatsele e le lesome le botlhano (15) ka ngwaga wa 2008 kwa Kapenguria, Kenya. Baemedi ba bosetšhaba kwa Kenya ba ne ba nna le seabe, mmogo le Tonakgolo, le Ditona di le mmalwa tsa Kenya, Tanzania le Uganda. Marathone ya Kagiso e ntse e tshwarwa ngwaga le ngwaga fa e sale ka nako eo, kwa ntle ga dingwaga tse pedi tse di fetileng tsa COVID. Gantsi bafenyi ba dikgaisano tseno ba simolola go thapisiwa ka tsela e e kgethegileng gore ba kgone go taboga sekgala se seleele, kgotsa ba tsenela setlhopha se se thapisang batho ba ba kileng ba nna batlhabani.

Ka kgwedi ya Tlhakole ngwaga wa 2007, o ne a tlhophiwa go nna Moemedi wa Oxfam wa Metshameko le Kagiso kwa Darfur. Ka kgwedi ya Sedimonthole ngwaga wa 2006, o ne a tsamaya le George Clooney, Joey Cheek, le Don Cheadle go ya kwa Beijing, Cairo, le New York mo thomong ya sedipolomate go fedisa tirisodikgoka kwa Darfur. O ne a fenya "Community Hero" category kwa ngwaga wa 2007 Kenyan Sports Personality of the Year awards.[9]

Ka kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga wa 2009, Tegla o ne a emela setlhopha sa Shoe4Africa.[10] a taboga New York Marathon mmogo le mosimolodi wa yone Toby Tanser le motshameki wa sesadi Sarah Jones[11] a fetsa ka 3:54:02.

Loroupe ke leloko la 'Champions for Peace' club, setlhopha sa batshameki ba masome a matlhano le bone (54) ba ba itsegeng ba ba ineetseng go direla kagiso mo lefatsheng ka metshameko, e e tlhamilweng ke Peace and Sport, mokgatlho wa boditšhabatšhaba o o nang le ntlokgolo kwa Monaco.[12]

Jaaka go begilwe ke Around the Rings, e e gatisang dikgang tsa Diolimpiki, IOC e ne ya tlotla basadi ba le barataro, ba le batlhano go tswa mo kontinenteng nngwe le nngwe le mongwe go emela lefatshe, ka ntlha ya dilo tse ba di fitlheletseng le tiro ya bone ya go rotloetsa metshameko ya basadi. Loroupe o ne a newa sekgele sa lefatshe.

Ka ngwaga wa 2015 Loroupe o ne a nna Mokwaledi wa Sejana sa Lefatshe sa Batho ba ba se Nang Magae.[13]

Ka ngwaga wa 2016, o ne a le Chef de Mission a rulaganya Refugee Team ya ngwaga wa 2016 Summer Olympics. [1]Mo metshamekong eo Loroupe o ne a tsenngwa mo setlhopheng sa ba-Olympians for life project ka ntlha ya tiro ya gagwe ya go rotloetsa kagiso.[14] Ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa 2016 Loroupe o ne a abelwa United Nations Person of the Year. [15]

  1. 1 2 3 4 Tegla Loroupe gives Refugee Olympians A Lesson in Hope, Jere Longmam. 4 August 2016, NYTimes, Retrieved 11 September 2016
  2. Lisbon Half Marathon winners. Arrs.net (22 March 2016). Retrieved on 11 September 2016
  3. Paris Half Marathon – List of Winners. Arrs.net (7 March 2016). Retrieved on 11 September 2016
  4. City-Pier-City Half Marathon – List of winners. Arrs.net (4 August 2016). Retrieved on 11 September 2016.
  5. Arrs.net: List of Parelloop winners
  6. Evans, Hilary; Gjerde, Arild; Heijmans, Jeroen; Mallon, Bill; et al. "Tegla Loroupe". Olympics at Sports-Reference.com. Sports Reference LLC. Archived from the original on 18 April 2020
  7. IAAF, 12 June 2008: Robles 12.87 World Record in Ostrava! – IAAF World Athletics Tou
  8. Obare, Osinde (14 November 2010). "Loroupe seduces 700 Pokot warriors to give up guns for peace". The Standard. Archived from the original on 29 March 2012. Retrieved 21 November 2010
  9. SOYA Awards – 2007 winners. Soyaawards.com. Retrieved on 11 September 2016
  10. Fidelman, Brian (2 April 2018). "THE ROVING RUNNER; In Central Park, With an Accent on Training". The New York Times. Retrieved 2 May 2021
  11. "Sarah Runs NYC Marathon". Sarah Jones. 19 May 2010. Archived from the original on 25 December 2021. Retrieved 2 May 2021.
  12. Peace and Sport. Peace-sport.org (1 September 2015). Retrieved on 11 September 2016.
  13. "Tegla Loroupe". Homeless World Cup. 9 August 2017. Retrieved 2 May 2021
  14. "Olympians for Life Project proves popular at Olympians Reunion Centre by EY"
  15. "Olympian Loroupe Sets Example with UN Honour"