Temilade Salami
Temilade Salami | |
|---|---|
| Maina amangwe | Global Temi |
| Alma mater | University of Sussex |
| Tiro | Moitseanape wa tsa tikologo |
| Dingwaga tsa a le mo tirong | 2018 go tsena gompieno |
| Mosadi | Gideon Oluwaseun Olarewaju |
Temilade Salami, o o itsegeng gape ka leina la Global Temi, ke moitseanape le mokwadi wa thuto ya seemo sa loapi le mogasa mafoko wa kwa Nigeria. O tshotswe ka Seetebosigo a le lesome.[1][2] Temilade Salami o bereka e le mookamedi mogolo wa "EcoChampions" lekgotla le le emang nokeng banana ka ditsompelo, le didirisiwa tse di tlhokafalang go tsaya kgato ka seemo sa loapi.[3] O ne a fiwa tlotla ya mongwe wa baeteledipele ba kgothetso le go ikemela ba masome mabedi le botlhano ba ba dingwaga di kwa tlase ga masome a mabedi le botlhano ba Nigeria ka 2020, le tlotla ya moemedi wa 2018 wa LASEPA kgatlhanong le kgotlelo ya modumo, le tlotla ya 2018 ya batho ba Aforika ba ba nang le talente ya dikakanyo ba mo bokamosong ga mmogo le monana wa 2018 wa Carrington.[4]
Go ya ka Temilade, "setlhogo sa thuto ya seemo sa loapi ga e a tsenngwa leitlho thata mo seraleng sa phetogo ya seemo sa loapi, le ntswa thuto e le botlhokwa go ka isa pele dikgato tsa seemo sa loapi. Ka jalo, banana ba ba ka nnang le seabe se se tona mo go tlhameng ditharabololo tsa seemo sa loapi ga ba ise ba amogele dithuto tse di itebagantseng le seemo sa loapi. Banana ba ba rutetsweng seemo sa loapi, ba na le kitso e e tshwanetseng, le bokgoni jwa go tlhaloganya le go rarabolola maduo a phetogo ya seemo sa loapi. Ka jalo, thuto ya seemo sa loapi e tshwanetse go tokafadiwa go emelana le matlhoko a lefatshe ka bophara". [5]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Temilade o simolodisitse EcoChampions, lekgotla le le eteletsweng pele ke banana, ka maikaelelo a go fokotsa go tlhoka kitso ka seemo sa loapi.[6][4][7]
Temilade ke leloko la magokaganyane a lekgotla la UNESCO a SDG4YOUTH, le bokopano jwa mafatshefatshe jwa World Bank. O ne a tlhophilwe go nna mongwe wa baeteledipele ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga masome mabedi le botlhano ba le masome mabedi le botlhano ka 2020 kwa Nigeria ba ba itebagantseng le kgothetso le go ikemela, a tlhophiwa ke LASEPA ka 2018 go nna moemedi kgatlhanong le kgotlhelo ya modumo le monana wa thulaganyo ya US ya Carrington.[2][8][9] O kwadile dibuka di le pedi tsa ditshwantsho tsa tikologo, tsa bana. Ke ene a simolodisitseng thulaganyo ya baeteledipele ba thuto ya seemo sa loapi mo Aforika.[10][6][2]
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]O na le dithutego tsa masters degree tsa tikologo, tlhabololo le melao go tswa kwa sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa Sussex.[11][3]
- O dirile Bachelor's degree ya maranyane a ditshidi tsa metsi kwa University of Lagos ka 2014 go tsena 2018
- O na le setlankana sa sekolo se segolwane sa Ifelodun Comprehensive High School go tswa ka 2009 go tsena 2011.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Motsheganong 2023, Salami o ne a tsena mo nyalong le Gideon Oluwaseun Olarewaju kwa Nigeria.[12]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Okeke, Ifeoma (2021-04-04). "Why we are leading environmental change in Nigeria through tree planting - Salami". Businessday NG. Retrieved 2026-01-27
- 1 2 3 "Prominent environmentalist, Temilade Salami, launches children's book to drive sustainability culture". The Guardian Nigeria News - Nigeria and World News. 2021-04-02. Retrieved 2026-01-27
- 1 2 Lawverse (2023-09-25). "30 UNDER 30 CHANGEMAKERS - Lawverse". Archived from the original on 2024-04-03. Retrieved 2026-01-27
- 1 2 "Temilade Salami". THE GREEN INSTITUTE. Retrieved 2026-01-27
- ↑ "What young people want for education at the UN General Assembly | Blog | Global Partnership for Education". www.globalpartnership.org. Retrieved 2026-01-27
- 1 2 "Temilade Salami". World Bank Live. Retrieved 2026-01-27
- ↑ "Temilade Olanrewaju". African Masterclass Series. Retrieved 2026-01-27
- ↑ Nda-Isaiah, Solomon (2023-02-10). "Soyinka, Others Named Nigeria's Changing Face Of Education". Leadership News. Retrieved 2026-01-27
- ↑ Kiunguyu, Kylie (2022-03-14). "Meet Temilade Salami co-winner of Univ. of Sussex COP Climate Leader Prize award". Retrieved 2026-01-27
- ↑ "Youth leaders | Global Partnership for Education". www.globalpartnership.org. Retrieved 2026-01-27
- ↑ Team, Web. "Alumni news : Sussex people : Falmer magazine : Development and Alumni Relations : University of Sussex". www.sussex.ac.uk. Retrieved 2026-01-27
- ↑ Iwalaiye, Temi (2023-05-24). "Nigerian bride ditches gown and wears suit for her civil wedding". Pulse Nigeria. Retrieved 2026-01-27