Jump to content

Terence Rannowane

Go tswa ko Wikipedia
Terence Rannowane
Moatlhodimogolo wa Botswana
Appointed byMogweetsi Masisi
Pele Ga GagweMaruping Dibotelo
Morago Ga GagweGaolapelwe Ketlogetswe
Ka Ga Ena
ThutoMmadikolo wa Botswana (LLB_ University of Warwick (LLM)

Terence Rannowane ke moatlhodi wa Botswana, o o berekileng e le moatlhodimogolo wa Botswana go tswa ka ngwaga wa 2018 go tsena 2025. Tiro ya gagwe ya boatlhodi e simolotse ka ngwaga wa 1990, o ne a thapiwa kwa kgotlatshekelong ya Botswana ka ngwaga wa 2008. Rannowane o berekile gape e le modulasetilo wa lekgotla la kgololo ya magolegwa, le komiti ya tekanyetso.

Botshelo jwa a le mmotlana le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Rannowane o alogile kwa Mmadikolo wa Botswana ka Bachelor of Laws ka ngwaga wa 1990, le kwa University of Warwick ka Master of laws ka ngwaga wa 2003.[1]

Tsa pereko

[fetola | Fetola Motswedi]

Rannowane o nnile makaseterata ka ngwaga wa 1990, a tlhatloga go ya go nna makaseterata wa kgaolo ka ngwaga wa 2005. O ne a tlhomiwa moatlhodimogolo kwa kgotlatshekelong ya Botswana ka ngwaga wa 2008.[1] O ne a tlhomiwa modulasetilo wa lekgotla la tekanyetso, le le neng le tlhama dikgaolo tsa botlhophi ka ngwaga wa 2012.[1][2] O berekile gape e le modulasetilo wa lekgotla la kgololo ya magolegwa le komiti ya go nna sentle ga bo mmakaseterata.[2]

Tautona wa pele Mokgweetsi Masisi o ne a thapa Rannowane go tlhatlhama Maruping Dibotelo jaaka moatlhodimogolo[3] a mo tlhomamisa ka Motsheganong a rogwa ngwaga wa 2018. Rannowane o ne a ikgogela morago mo tirong eo ka ntlha ya botsogo, a tlhatlhamiwa ke Gaolapelwe Ketlogetswe ka Firikgong a le lesome le borobabobedi ngwaga wa 2025.[4]

Ka ngwaga wa 2014, Rannowane o ne a atlhola kopo e e tsisitsweng ke ba lekgotla la batho ba baratanang ka bong bo le bongwe (LEGABIBO) go kwadisa mokgatlho wa bone ka mongwe le mongwe a na le tshanelo ya go amana le o a batlang go amana le ene. Lekgotla la LEGABIBO le ne la kwadisa ka ngwaga wa 2012, mme ba seka ba dumelelwa ka molaomotheo wa Botswana o sa lemoge batho ba baratanang ka bong bo bo tshwanang le gore go ba lemoga go tlaa bo go tlola molao wa makgotla wa Botswana.[5]

  1. 1 2 3 "Justice Terence Rannowane". Centre for Human Rights. Archived from the original on 27 June 2025.
  2. 1 2 "Hon. Terence Rannowane". Southern African Chief Justices Forum. Archived from the original on 27 June 2025.
  3. "Masisi swears in new Chief Justice". Daily News Botswana. 1 May 2018. Archived from the original on 27 June 2025
  4. "Ketlogetswe new Chief Justice". Daily News Botswana. 18 January 2025. Archived from the original on 27 June 2025.
  5. LaForgia, Elizabeth (15 November 2014) "Botswana court allows LGBT rights group to formally register".Jurist. Archived from the original on 27 June 2025.