Jump to content

Teresiah Kwamboka Omosa

Go tswa ko Wikipedia

Teresiah Kwamboka Omosa (o tshotswe ka kgwedi ya Tlhakole e thola botlhano (5) ka ngwaga wa 1995) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya yo o fentseng dikgaisano di le mmalwa tsa marathone le halofo ya marathone.

Tiro ya ga Teresiah Kwamboka Omosa mo mabelong a mo ditseleng e simolotse mo e ka nnang ka ngwaga wa 2016, mme tiragatso ya gagwe e e tlhomologileng ya ntlha e ne e le go nna mo maemong a bo4 kwa Mmarathoneng wa Halofo ya Cardiff wa Yunibesithi ya Cardiff, koo a neng a fitlhelela nako e e kwa godimo ya 1:13:09.[1]

Ka ngwaga wa 2018, o ne a fenya Salzburg Marathon ka nako ya 2:43:23.[2] Rekoto ya gagwe e e gaisang ya marathone e ne ya tlhongwa ka 2021 kwa S7 Marathon, kwa a neng a dira 2:30:12.[3][4]Tiragalo eno e diragetse kwa Fürstenfeld, Austria.

Omosa o ne a rekota lebelo la gagwe la halofo ya marathone ka nako ya 1:10:29 ka makgetlo a mabedi: la ntlha ka kgwedi ya Phalane e le masome a mararo (30) ka ngwaga wa 2022 mme gape ka 25 Mopitlwe 2023, ka bobedi kwa Valencia.[5]

Ka ngwaga wa 2022, o ne a fetsa ka 7th kwa Vienna City Marathon ka nako ya 2:31:44.[3]Ka 2025, Omosa o ne a fenya Tel Aviv Marathon ka nako ya 2:37:36.[6] O ne a fenya gape kwa Kigali International Peace Marathon 2025, a tlhoma rekoto ya kgaisano ya 2:37:10.[7]

Ditiragalo tse di di gaisang tsotlhe

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Marathon: 2:30:12 – S7 Marathon, Fürstenfeld, Austria, 2021[5]
  • Half Marathon: 1:10:29 – Valencia, Spain, 2022/2023[6]

Dikatlego tsa gagwe tse dikgolo

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Dikgaisano Lefelo Maemo Nako
2016 Cardiff University Cardiff Half Marathon Cardiff, UK 4th 1:13:09
2018 Salzburg Marathon Salzburg, Austria 1st 2:43:23
2021 S7 Marathon Fürstenfeld, Austria 4th 2:30:12
2022 Vienna City Marathon Vienna, Austria 7th 2:31:44
2025 Tel Aviv Marathon Tel Aviv, Israel 1st 2:37:36
2025 Kigali International Peace Marathon Kigali, Rwanda 1st 2:37:10
  1. "Next - RRM Online Guide (Teresiah Kwamboka Omosa)". RRM Online Guide. Retrieved 22 July 2025
  2. "Kenyan winners at the Salzburg Marathon". Salzburg Marathon. 6 May 2018. Retrieved 22 July 2025
  3. 1 2 "Marathon Results of Teresiah Kwamboka Omosa". MarathonView. Retrieved 22 July 2025
  4. "S7 Marathon 2021 - Race Details". MarathonGuide.com. Retrieved 22 July 2025
  5. 1 2 "Teresiah OMOSA – World Athletics profile". World Athletics. Retrieved 22 July 2025.
  6. 1 2 "45,000 runners from Israel, abroad run in Tel Aviv Marathon". JNS.org. 1 March 2025. Retrieved 22 July 2025
  7. "Korir, Kwamboka shine as Kenyans rule Kigali Peace Marathon". Mozzart Sport. 8 June 2025. Retrieved 22 July 2025