Jump to content

Terrisa Bukovinac

Go tswa ko Wikipedia

Terrisa Lin Bukovinac (o tshotswe ka kgwedi ya Moranang e thola bonne (4),ka ngwaga wa 1981) ke molweladiphetogo wa kwa Amerika yo o kgatlhanong le go senya mpa. Ke leloko la Democratic Party, o ne a direla jaaka moporesidente wa Democrats for Life of America mme e ne e le moanelwa wa Democratic nomination for president of the United States in the 2024 United States presidential election,[1] ka maikaelelo a go tsamaisa letsholo la go thibela go senya mpa.[2][3][4]Ke ene yo go buiwang ka ene mo filiming ya ngwaga wa 2022 ya Battleground e e buang ka basadi ba bararo ba ba eteletseng pele mo mokgatlhong o o kgatlhanong le go senya mpa.[5]

Tirisanommogo

[fetola | Fetola Motswedi]

Tiragalo ya ngwaga wa 2022 ya masalela a lesea

Ka kgwedi ya Mopitlwe e le masome a mararo (30) ka ngwaga wa 2022, mapodisi a Washington DC a fitlhetse masalela a masea a le 5 kwa foleteng ya ga Lauren Handy, molweladiphetogo yo o kgatlhanong le go senya mpa yo o amanang le Bukovinac.[6][7]

Bukovinac le Handy ba ne ba bolela gore ba ne ba le mo gare ga masea a le 115 a ba neng ba a tsere ka kgwedi ya Mopitlo e le masome e mabedi le botlhano (25) ka ngwaga wa 2022 go tswa kwa khampaning e e rwalang matlakala a kalafi kwa ntle ga Washington Surgi-Clinic. Go ya ka Bukovinac, basadi bano ba ne ba ya kwa tliliniking go ya go dira se ba se bitsang "go namola rosa e e pinki" fa ba ne ba bona lori ya Curtis Bay Medical Waste Services kwa ntle. Basadi bano ba re ba ne ba atamela mokgweetsi wa lori mme ba mmolelela gore diphuthelwana tse a neng a di rwala di ka tswa di na le masalela a lesea, mme ba mmotsa gore a a ka mo naya lebokoso lengwe la tsone. Go bolelwa gore mokgweetsi o ne a ineela fa ba ne ba mmolelela gore ba tla neela masalela "phitlho e e tshwanetseng le phitlho". Curtis Bay Medical Waste Services e ganne polelo e, e bolela fa e sa ise masalela a masea a a iseng a tsholwe ka fa molaong wa khampani mme gape e ganne gore sephuthelwana sengwe le sengwe se kile sa neelwa.[7]

Bukovinac le Handy ba ne ba re mo teng ga lebokoso leo go ne go na le masalela a masea a le 110 a a neng a le mo popelong a a neng a le ka ntlha ya go senya mpa mo dikgweding tsa ntlha tse tharo tsa boimana, a a neng a fitlhwa mo mabitleng a batho ka thuso ya moruti wa Katoliki,[8]mmogo le a mangwe a le botlhano (5) a mapodisi a neng a a fitlhetse mo foleteng ya ga Handy. Bukovinac le Handy ba ne ba dumela gore bana bano ba le batlhano ba ne ba tshotswe ka ntlha ya go senya mpa ka nako ya fa ngwana a ne a le mo trimester ya boraro, e leng mokgwa o o neng wa thibelwa ka ngwaga wa 2003 ke Molao wa go Thibela go Senya Mpa ka Nako ya fa Ngwana a Tshotswe. Badiraditshupetso ba ne ba re mmueledi wa bone o ne a kopa mapodisi go tsaya masea a a setseng mo ntlong ya ga Handy jaaka bosupi jwa go tlola molao wa bosetšhaba.[9][10]

Le fa Bukovinac le Handy ba kopile gore go dirwe autopsy e e feletseng ya masea a a iseng a tsholwe, D.C. Ofisi ya Medical Examiner's Office e boletse gore masea a le matlhano a a fitlhetsweng kwa legaeng la ga Handy otlhe a lebega a ile a senngwa mpa go ya ka molao wa DC, le gore le fa go ne go se na dithulaganyo tsa go dira thutopatlisiso, dipatlisiso di ne di ntse di tsweletse malebana le gore masalela a tswa kae le gore a bonwe jang.[7][11]

Tiro ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2017, Bukovinac o ne a thaya Pro-Life San Francisco[12]mme a nna Tautona wa Democrats for Life of America ka ngwaga wa 2020.[13]Mo ngwageng o o latelang, o ne a tlhoma Progressive Anti-Abortion Uprising (PAAU).[12][14]

Bukovinac o ne a itsise gore o tla nna moporesidente mo tshimologong ya kgwedi ya Lwetse ka ngwaga wa 2023.[15][16]Letsholo la gagwe le ne le tsamaisiwa ke Catherine Glenn Foster, yo o neng a kile a nna tautona wa Americans United for Life mme a direla jaaka khansele ya Alliance Defending Freedom; mekgatlho e mebedi e ne e le botlhokwa mo go fetoleng Roe v. Wade.[17]Malebana le maikutlo a gagwe ka ga go senya mpa, Bukovinac o tshegetsa thibelo ya go senya mpa ya bosetšhaba, go kgaola madi a go rulaganyetsa go nna motsadi, go phimola Molao wa FACE le go itshwarela batho ba ba bonweng molato wa melato e e amanang le yona, le go fokotsa ditshenyegelo tse di amanang le go belega.[12]

Go fitlha ka kgwedi ya Sedimonthole e le masome a boraro le bongwe (31) ka ngwaga wa 2023, letsholo la ga Bukovinac le ne le setse le kokoantse madi a a fetang $28,000.

Bukovinac o amogetse 2.7% ya diboutu ka diboutu tse di fetang 14,000 mo ditlhophong tsa pele tsa mopresidente tsa New Jersey Democratic ka 2024.[18][19]

Dikgopolo tsa sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo godimo ga go tshegetsa ga gagwe mokgatlho o o kgatlhanong le go senya mpa, Bukovinac gape o tshegetsa:

go oketsega ga khunologo ya botsadi,[20]

go nna motho wa ngwana yo o iseng a tsholwe, ka fa tlase ga Molaotheo wa 14.[21]

O itlhalosa e le motho yo a kileng a bo a tshegetsa go senya mpa mme jaanong ke motho yo o kgatlhanong le go senya mpa. [22]

  1. Berstein, Brittany (September 14, 2023). "Progressive Pro-Lifer Enters 2024 Democratic Primary to Advocate for the Unborn". National Review. Archived from the original on September 28, 2023. Retrieved October 3, 2023
  2. Resnick, Sophia. "Anti-abortion Democrat runs for president to show graphic imagery in campaign ads". Michigan Advance. Archived from the original on October 4, 2023. Retrieved October 3, 2023.
  3. Ramer, Holly (October 29, 2023). "New Hampshire's presidential primary ballots will have 24 Republicans and 21 Democrats, but no Biden". The Associated Press. Retrieved November 14, 2023.
  4. Resnick, Sofia (November 13, 2023). "Abortion-rights victories cement 2024 playbook while opponents scramble for new strategy". Tennessee Lookout. Retrieved November 14, 2023.
  5. Loayza, Beatrice (October 6, 2022). "'Battleground' Review: A Look at the Anti-Abortion Movement". The New York Times. Retrieved November 14, 2023.
  6. Fischer, Jordan; Leshan, Bruce; Baca, Nathan; Phillips, Susan (March 31, 2022). "'People would freak out when they heard' 5 fetuses discovered in house where anti-abortion activist was staying". WUSA9. WUSA-TV. Retrieved January 25, 2025
  7. 1 2 3 Leshan, Bruce; Baca, Nathan; Fischer, Jordan; Phillips, Susan (April 5, 2022). "Lauren Handy's anti-abortion group now claims it took 115 fetuses from outside DC clinic". WUSA9. WUSA-TV. Retrieved January 25, 2025
  8. Boorstein, Michelle (April 25, 2022). "After a secret funeral for fetal remains, a priest faced a choice". The Washington Post. Retrieved January 26, 2025.
  9. Lampen, Claire (April 6, 2022). "5 Fetuses Found Inside Anti-Abortion Activist's Home". The Cut. Vox Media, LLC. Retrieved January 25, 2025.
  10. Patil, Anushka (August 30, 2023). "Anti-Abortion Activist Who Kept Fetuses Is Convicted in Clinic Blockade". The New York Times. Retrieved January 25, 2025
  11. Boorstein, Michelle; Hermann, Peter (April 1, 2022). "D.C. Medical Examiner has no plans to autopsy fetuses removed from antiabortion activist's home, officials say". The Washington Post. Retrieved January 25, 2025.
  12. 1 2 3 "National Pro-Life Activist Declares Her Candidacy for the Democratic Party's Nomination for President". Yahoo Finance. September 14, 2023. Archived from the original on October 1, 2023. Retrieved October 7, 2023.
  13. Boorstein, Michelle; Schmidt, Samantha (January 29, 2021). "Facing a post-Trump world, abortion opponents at March for Life strike a less partisan tone". The Washington Post. Retrieved November 14, 2023
  14. Levenson, Michael (March 31, 2022). "5 Fetuses Removed From Home of Anti-Abortion Activist, Group Says". The New York Times. ISSN 0362-4331. Archived from the original on August 31, 2023. Retrieved October 7, 2023
  15. Penley, Taylor (September 19, 2023). "Progressive activist launches presidential bid to protest Biden's stance on abortion". Fox News. Archived from the original on October 4, 2023. Retrieved October 7, 2023
  16. Foley, Ryan (September 18, 2023). "Pro-life Democrat running for president to serve as a 'thorn in the side of the Democratic Party'". The Christian Post. Retrieved November 14, 2023
  17. "BUKOVINAC, TERRISA LIN - Candidate overview". Federal Election Commission. January 2019. Archived from the original on October 7, 2023. Retrieved October 7, 2023.
  18. "New Jersey Primary Election Results". New York Times. June 5, 2024. Retrieved June 6, 2024
  19. "New Jersey Presidential Election Results 2024". NBC News. Retrieved December 6, 2024.
  20. Bukovinac, Terrisa; Bisits, Xavier (November 17, 2022). "American corporations will pay for abortions, but not for parental leave". America. Retrieved November 14, 2023
  21. Bukovinac, Terrisa (June 15, 2023). "The Pro-Life Movement Should Follow Its North Star: Equal Protection". National Review. Retrieved November 14, 2023.
  22. Resnick, Sofia (August 30, 2023). "Why Were There Fetuses in Her Refrigerator? How a radical abortion opponent ended up dumpster-diving for remains". The Cut