Jump to content

Tezira Jamwa

Go tswa ko Wikipedia
Tezira Jamwa
Ntlhopheng wa kgaolo
In office
1994–1995
ConstituencyTororo
Ka Ga Ena
O tsetsweKgaolo ya Tororo Uganda
MokgatlhoNational Resistance Movement
Alma materSekolo se segolwane sa ithutelo ditiro sa University of Arkansas

Tezira Jamwa ke morutabana, mopolotiki le molwela ditshwanelo tsa bomme wa kwa Uganda. O ne a emetse Tororo kwa ditlhophong tsa dikgaolo tsa 1994 morago a nna mopalamente wa kgaolo ya West Budama North County kwa palamenteng ya borataro kwa Uganda (go tswa ka ngwaga wa 1996 go tsena 2001).[1] Ke mongwe wa maloko a a simolotseng lekgotla la bomme la puso ya batho ka batho la Forum for Women in Democracy (FOWODE) a bereka gape mo lekgotleng la ditirelo la kgaolo ya Tororo.[2][3]

Botshelo jwa a le mmotlana le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Jamwa o tsholetswe kwa kgaolong ya Tororo. O na le setlankana sa degree ya ditiro tsa selegae le tsamaiso. O alogile gape ka diploma le Master of Public Administration go tswa kwa sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa University of Arkansas.[4]

Tsa pereko

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 1994 Jamwa o ne a atlega mo go emeleng ditlhopho tsa kgaolo go emela bomme ba kwa Tororo e le moemedi wa kgaolo.[5] O berekile mo maemong a o go tswa ka ngwaga wa 1994 go tsena 1995 morago a emela ditlhopho tsa bopalamente tsa 2001 e le mopalamente wa bophirima jwa Budama. O ne a latlhegelwa kgatlhanong le tona wa tsa pereko wa nako e o Henry Obbo.[6]

Ka ngwaga wa 1994, Jamwa, le Winnie Byanyima, Esther Dhugira Opoti, Benigna Mukiibi, Solome Mukisa le Betty Akech Okullo ba ne ba tlhama lekgotla la bomme la puso ya batho ka batho la Forum for Women in Democracy (FOWODE), e le lekgotla le le tsosolosang bomme le le ikemetseng.[4][7][8]

O ne a thapiwa e le molaodi wa kgaolo ya Kaberamaido, maemo a a neng a ithola marapo mo go one ka 2005 gore a kgone go emela ditlhopho tsa 2006 tsa lefatshe la Uganda.[6] Le fa go ntse jalo, ka ngwaga wa 2012, go ne ga begiwa fa a ne a santse a na le sebaka se le sengwe kwa tirelong ya kgaolo ya Tororo.[9] O ne a ntse a le mo maemong ao ka 2015 fa a phadisanela maemo a mothusa modulasetilo wa lekgotla la bomme la National Resistance Movement (NRM) a emetse kgaolo ya botlhaba.[2]

  1. ↑ "CMIS Repository | Parliament of Uganda". www.parliament.go.ug. Retrieved 29 April 2026
  2. 1 2 "Female faces emerging on the political horizon". Monitor. 7 January 2021. Retrieved 29 April 2026
  3. ↑ "Jamwa Elected FOWODE Boss". New Vision. Retrieved 29 April 2026
  4. 1 2 "Reaching New Heights: Hon Tezira's Political Story". Forum for Women in Democracy Uganda. 23 November 2015. Retrieved 29 April 2026
  5. ↑ Mukholi, David (1995). A Complete Guide to Uganda's Fourth Constitution: History, Politics, and the Law. Kampala, Uganda: Fountain Publishers. ISBN 978-9970-02-084-3. Retrieved 29 April 2026
  6. 1 2 Natukunda, Carol (6 October 2005). "RDC Jamwa resigns". New Vision. Retrieved 29 April 2026
  7. ↑ Muhindo, Samuel (9 March 2022). "FOWODE's contribution to women movement can't be ignored". The Observer – Uganda. Retrieved 29 April 2026
  8. ↑ FOWODE. "Forum for Women in Democracy (FOWODE)". Forum for Women in Democracy. Retrieved 29 April 2026
  9. ↑ Seyyid Nyero, Juma (17 September 2012). "Nominees For Tororo District Service Commission Rejected". Uganda Radio Network. Retrieved 29 April 2026