Jump to content

Thandi Moraka

Go tswa ko Wikipedia
Motlotlegi
Thandi Moraka
Mopalamente
Mothusa tona wa tsa mafatshe a sele le tirisanommogo
Assumed office
Phukwi a le malatsi a mararo ngwaga wa 2024
Serving with Alvin Botes
PresidentCyril Ramaphosa
MinisterRonald Lamola
Pele Ga GagweCandith Mashego-Dlamini
Mopalamente
Assumed office
Seetebosigo a le lesome le bone ngwaga wa 2024
Mokhanselara wa metshameko, botaki le ngwao kwa Limpopo
In office
Phukwi 2018  Phalane 2022
PremierStan Mathabatha
Pele Ga GagweOnicca Moloi
Morago Ga GagweNakedi Sibanda-Kekana
Mothusa mokwaledi wa lekgotla la African National Congress
In office
Lwetse 2015  Phukwi 2019
PresidentCollen Maine
Pele Ga GagweKeneetswe Mosenogi
Morago Ga GagweTsakani Shiviti
Ka Ga Ena
O tsetswePhalane a le lesome le botlhano ngwaga wa 1993
MokgatlhoAfrican National Congress

Anna Tandi Moraka (o o tshotsweng ka Phalane a le lesome le botlhano ngwaga wa 1983) , o o itsegeng ka leina la Thandi Moraka, ke mopolotiki wa kwa Aforika Borwa o o tlholegang kwa Limpopo. Ke leloko la African National Congress (ANC), o nnile mothusa tona wa tsa mafatshe a sele fa e sale ka Phukwi 2024. O nnile bontlha jwa palamente ya Aforika Borwa ka ditlhopho tsa 2024.

Ka dingwaga tsa 2009 go tsena 2024, Moraka e ne e le leloko la palamente ya kgaolo ya Limpopo. Ka nako eo e ne e le mokhanselara wa metshameko, botaki le ngwao kwa pusong ya Limpopo go tswa ka Phukwi 2018 go tsena Phalane 2022. Ka Morule 2022, o ne a tlhophiwa mo setlheng s dingwaga tse tlhano mo komiting ya ANC. Pele o kile a bereka e le mothusa mokwaledi wa lekgotla la banana la ANC go tswa ka 2015 go tsena 2019, le e le leloko la komiti ya kgaolo ya Limpopo go tswa ka 2018 go tsena 2022.

Botshelo jwa a le mmotlana le Pereko

[fetola | Fetola Motswedi]

Moraka o tshotswe ka Phalane a le lesome le botlhano ngwaga wa 1983.[1] O tlhatlogile maemo e le molweladitshwanelo mo African National Congress (ANC) le lekgotla la banana la ANC (ANCYL). Lekalana la ANC la gagwe ke le le kwa Modimolle kwa kgaolong ya Waterberg kwa Limpopo, Aforika Borwa.[2][3][4]

Puso ya kgaolo:2009 go tsena 2024

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo ditlhophong tsa Moranang 2009, Moraka o ne a tlhophiwa go emela ANc kwa palamenteng ya Limpopo, a le mo lenaaneng la masome mararo le bone la ANC la kgaolo eo.[5] O berekile ditlha di le tharo mo setilong seo, a iponela tlhopho ya bobedi mo ditlhophong tsa 2014 a le mo maemong a lesome le boraro a lenaane la kgaolo la ANC, mo ditlhophong tsa 2019 o ne a nna mo maemong a masome mabedi le borataro  mo lenaaneng la ANC.[6]

Bokopano jwa Makhado kwa ANCYL:2010

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka tiro ya a sale mmotlana mo pusong, Moraka o nnile mothusa mokwaledi wa kgaolo ya Limpopo wa lekgotla la banana, le mo ketelelong pele ya ga modulasetilo Lehlogonolo Masoga. Kwa bokopanong jwa kgolo jwa tlhopho ya ANCYL kwa Makhado ka Moranang 2010, Moraka le baeteledipele ba bangwe ba ne ba ntshiwa mo maemong a bone ba emisediwa ka ba ba dirisanang le tautona wa lekgotla la ANCYL tautona Julius Malema, go na le diphuduego le go kgalema ga sepodisi.[7][8] Pampiri ya dikgang ya The Star, e mo file leina la leloko la setlhopha sa Makhado, e le setlhopha se se neng se eteletswe pele ke Masoga se se neng se eme kgatlhanong le Malema kwa bokopanong.[9]

Go tshwarwa

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Moranang a le lesome ngwaga wa 2010, Moraka fa a kgweets a ya gae a tswa kwa bokopanong jwa tlhakatlhakano kwa Makhado, o ne a tshwarwa ke lepodisi la tsela le le neng le sa theogela mo tseleng ya N1 gaufi le Botlokwa, a tshwarwa ka nakwana kwa Mphephu.[10][8][11] Lekgotla la ANCYL le ne le re o utsule ditokomane tsa botlhokwa tsa lekgotla tse di neng di tlhomamisa baemedi kwa bokopanong, ebile kwa ntle ga tsone bokopano bo ka se tswelele.[12] Go tshwarwa ga gagwe go ne go bonwa e le go ipusulosetsa ga lekgamu la ga Malema wa ANCYL.[7]

Bogogi jwa ANCYL bo ne jwa lebisa Moraka molato wa bogodu, mabapi le ditokomane tse go teng o di tsere,[8] ba ne ba ntsha mokwalo o o neng o supa dintlha tse di latelang ka tiragalo eo:

Le ntswa tautona wa ANCYL a kopile gore baemedi ba boele kwa bokopanong, bangwe ba ne na tswelela fela ka ditiro tsa bone ba sa akanyetse bontsi jwa baemedi. Mothusa mokwaledi wa pele wa ANCYL Thandi Moraka o tsere ditokomane tsa bokopano e se ka teseletso a dira maiteko a go sia a tswa mo Makhado  ka tsela ya Polokwane. O ne a bonwa ke mapodisi a fitlhelwa a tshotse ditokomane tsa bokopano, sesupo le ditlhomamiso tsa baemedi ka maikaelelo a go phutlhamisa bokopano jwa kgaolo jwa ANCYL. O lebisitswe molato wa bogodu.[13]

Ka Phukwi a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 2010,[11]Moraka o ne a itshupa kwa kgotlatshekelong ya makaseterata wa Dzanani, tsheko ya bogodu e ne ya ntshiwa mo kgotlatshekelong.[8] Moraka o ne a amogela sek are ke kgotlhang ya sepolotiki e e sa tlhokeng go isiwa kwa kgotlatshekelong.[14]

Pego ya mosireletsi

[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga go tshwara ga gagwe, Moraka o ne a isa ngongora kwa mosireletsing Thuli Madonsela, o ne a re go tshwarwa ga gagwe go ne go laotswe ke Pinky Kekana, o e neng e le mokhanselara wa ditsela le dipalamo kwa khanseleng ya kgaolo ya Limpopo, a bonwa a dirisana le Malema.[11][15] Kekana o ne a gana le magatwe ao a re ke go batla go mo senya leina.[10]

Pego ya tshekatsheko ya ga Madonsela e e neng e filwe setlhogo sa Maatla a puso - metshameko ya polotiki,E ne ya ntshiwa ka Lwetse a ya fifing ngwaga wa 2012, e wela ka gore go tshwarwa ga ga Moraka go ne go se ka fa molaong.[10] Go ya ka Madonsela, go tshwarwa ga gagwe go ne go laotswe ke Kekana ka nnefe, e le taelo e e sa letlelesegeng e e lekanang le go dirisa dithata botlhaswa le go tlhoka go tsamaisa sentle ka Kekana a ne a dirisitse didirisiwa tsa lefatshe go ipusolosetsa mo dikgotlhang tse di sa amaneng gope le tiro.[12] Madonsela o ne a supa gape gore go tshwarwa moo go ne go sa tlhokafale ka Moraka a ne a ithaopile go dirisana sentle le lepodisi le le neng le mo emisitse mme ebile go sena molato o a o lebisitsweng ka nako eo.[7] Go leka go rarabolola seo, Madonsela o ne a laola gore Kekaba a ikope maitshwarelo mo go Moraka, a laela gape gore moeteledipele wa Limpopo go tseela Kekana kgato.[12]

Mothusa modulasetilo wa ANCYL wa kgaolo: 2015

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Motsheganong a le malatsi a mane ngwaga wa 2015, kwa bokopanong jwa go tlhopha lekgotla gaufi le Tzaneen, Moraka o ne a boela mo boeteledipele jwa kgaolo ya Limpopo mo ANC. O ne a tlhophilwe go nna mothusa modulasetilo wa kgaolo, a bereka ka fa tlase ga modulasetilo Vincent Shoba.[16]

Mothusa mokwaledi wa ANCYL: 2015 go tsena 2019

[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ka 2015, ka Lwetse a le malatsi a mane, ANCYL e ne ya dika bokopano jwa tlhopho jwa masome mabedi le botlhano kwa Gauteng lwa Midrand, Moraka a tlhophiwa a sa ganediwe ke ope go nna mothusa mokwaledi wa ANCYL. O ne a thusa mokwaledimogolo wa ANCYL Njabulo Nzuza.[17][18] Ene le matona a mangwe ba ne ba sala mo ofising go fitlhelela ka Phukwi 2019,fa boeteledipele jwa ANC bo phatlalatsa boeteledipele jwa ANCYL.[19]

Go ya ka pampiri ya Mail & Guardian, ka nako eo Moraka o ne a sa utlwane le tautona wa ANCYL Collen Maine.[20] Ka Moranang 2018, fa a bua kwa moletlong wa segopotso sa ga Winnie Madikizela-Mandela o o neng o rulagantswe ke lekgotla la bomme ba ANC, Moraka o ne a re Maine a ithole marapo.[21] Mafoko a gagwe a ne a sala morago mafoko a ga Maine a a buileng phatlalatsa gore o kopane le lolwapa lo go ngangisanwang ka lone loora Gupta, go ya ka Moraka, se se ne se supa gore mo pusong ya ga Jacob Zuma, Maine o ne a bona dikatso tsa go rekisa lefatshe mme a latofatsa seo.[22]

Khansele ya Limpopo: 2018 go tsena 2022

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Seetebosigl 2018, kwa bokopanong jwa tlhopho jwa kgaolo jwa ANC, Moraka o ne a tlhophiwa go nna mo komiting ya ANC ya Limpopo.[2] O ne a tlhophiwa gape mo koming ya lone ya pereko.[23] Moragonyana ka Phukwi 2018,Moraka o ne a isiwa khanseleng ya Limpopo ke moeteledipele wa Limpopo, Stan Mathabatha. O ne a nna mokhanselara wa metshameko, botaki le ngwao, a tlhatlhana Onicca Moloi. ANCYL e ne ya amogela go thapiwa ga gagwe.[24] O ne a nna mo maemong ao morago ga ditlhopho tsa 2019.[25]

Ka Lwetse 2021, News24 ene ya gatisa tsebe e e neng e supa fa Moraka a amogetsw dikete di le makgolo a marataro go tswa mo letloleng la slush le le bonang dithuso tsa madi go tswa kwa makonterakeng a Eskom.[26] Go bolelwa fa a amogetse madi ka dingwaga tsa 2016 le 2017 ka taelo ya moeteledipele wa Eskom Francs Hlakudi, o a neng a lebisitswe molato wa tshenyetso setshaba tebang le konteraka ya go aga kago ya go fetlha motlakase ya Kusile.[26][27] Moraka o ne a re dituelo tseo e ne e le madi a a adimilweng ke tsala ya gagwe.[28] Phathi ya kganetso ya Democratic Alliance e ne ya re Moraka a tlhotlhomisediwe tshenyetso setshaba,[29] moeteledipele Mathabatha o ne a laola gore go tlhotlhomisiwe mo lephateng.[28] Moraka o ne a tsisa kgang ya tshenyo leina kgatlhanong le News24 kwa kgotlatshekelong ya Limpopo,[27] e e neng ya sutlhiwa mo ditshekong tsa kgotlatshekelo ka go ne go twe ga e tlhoko go tlatlamelwa ka bofefo.[30]

Ka Motsheganong 2022, fa bokopano jwa ANC jwa ditlhopho bo atamela, Moraka o ne a dumalana gore o kopilwe go emela ditlhopho e le mothusa modulasetilo wa Limpopo, ebile a ikaelela go dira jalo, a ema kgatlhanong le Florence Radzilani.[4] Le fa go ntse jalo, fa bokopano vo tshwarwa ka Seetebosigo 2022, go batla go rola Radzilani marapo ga ga Moraka go ne ga retela.[31] O ne a retelelwa gape ke go tlhophiwa gape mo komiting ya ANC.[32]

Ka Phalane 2022,Mathabatha o ne a rola Moraka marapo mo khanseleng ya Limpopo, a mo tlhatlhama ka Nakedi Sibanda-Kekana. Tswakanyo eo e ne e bonwa e amana le bokopano jwa ANC jo bo neng bo sa tswa go fela: makhanselara a mangwe a mabedi a ne a kobilwe, Polly Boshielo le Dickson Masemola, le bone jaaka Moraka ba ne ba reteletswe ke go iponela tlhopho gape mo komoting ya kgaolo.[33] Le ntswa a ne a dule mo khanseleng, Moraka o ne a tswelela e le leloko la khansele ya kgaolo.[6]

Komiti ya ANC: 2022 go tsena 2024

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa ANC e tshwara bokopano jwa masome matlhano le botlhano ka Morule 2022, Moraka o ne a tlhophiwa mo setlheng sa dingwaga tse tlhano mo komiting; o ne a le wa bofelo mo lenaaneng la bontlhopheng ba ba masome a robabobedi go ya ka dipalo tsa batlhophi, a amogela ditlhopho di le makgolo a robabongwe, masome a mane le borataro mo ditalameng di le dikete nne, masome a mabedi le borobabongwe.[34] Pampiri ya City Press e be ya re o berekisana le Cyril Ramaphosa, tautona wa nako eo wa ANC le wa Aforika Borwa. Kwa bokopanong jwa ntlha jwa komiti ka Tlhakole 2023, Moraka o ne a tlhophiwa e le modulasetilo wa komiti e potlana ya botaki le ngwao, a thusiwa ke Donald Selamolela.[35]

Puso:2024 go tsena gompieno

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo ditlhophong tse di latelang ka Motsheganong 2024, Moraka o ne a tlhophiwa go emela ANC kwa palamenteng.[6] O ne a le mo maemong a masome mabedi le borataro a lenaane la ANC.[1] Fa a itsise ka palamente ya gagwe ya boraro ka Seetebosigo a le masome mararo ngwaga wa 2024, tautona Ramaphosa o ne a mo tlhopha go tlhatlhama Candith Mashego-Dlamini e le mothusa tona wa tsa mafatshe a sele. Mo maemong ao o ne a thusa Ronald Lamola a bereka le mothusa tona Alvin Botes.[36]

  1. 1 2 "Final Candidate Lists for 2024 National and Provincial Elections: National Candidates" (PDF). Electoral Commission of South Africa. 10 April 2024. Retrieved 28 November 2025
  2. 1 2 "Waterberg sneaks six into PEC". Die Pos. 2 July 2018. Retrieved 28 November 2025
  3. Yende, Sizwe Sama (10 October 2022). "Mathabatha boots out Waterberg leaders during another cabinet reshuffle". City Press. Retrieved 28 November 2025
  4. 1 2 Malatji, Ngwako (2 May 2022). "Moraka eyes top position". Sunday World. Retrieved 28 November 2025
  5. "Limpopo MPLs elected April 22". PoliticsWeb. 30 April 2009. Retrieved 28 November 2025
  6. 1 2 3 "Anna Thandi Moraka". People's Assembly. Retrieved 28 November 2025
  7. 1 2 3 Moloto, Moloko (30 October 2012). "Limpopo MEC takes public protector to court". IOL. Retrieved 28 November 2025
  8. 1 2 3 4 Nengovhela, Kaizer (30 July 2010). "Moraka's case thrown out of court". Zoutpansberger. Retrieved 28 November 2025
  9. Moloto, Moloko (13 March 2014). "Makhado brigade back in favour". The Star. Retrieved 28 November 2025 – via PressReade
  10. 1 2 3 Rampedi, Piet Mahasha (17 August 2012). "Ex-MEC 'abused' position to benefit Malema". IOL. Retrieved 28 November 2025
  11. 1 2 3 "ANCYL theft case goes to Protector". Sowetan. 20 August 2010. Retrieved 28 November 2025
  12. 1 2 3 "Public Protector Advocate Thuli Madonsela releases finalised investigation reports". South African Government. 28 September 2012. Retrieved 28 November 2025
  13. "Statement by Magdalene Moonsamy, African National Congress Youth League spokesperson, welcoming a successful Provincial Conference in Limpopo". Polity. 12 April 2010. Retrieved 28 November 2025
  14. "Another blow for Malema in Limpopo". Sunday Times. 19 July 2010. Retrieved 28 November 2025
  15. "Losers in ANCYL poll won't take it lying down". IOL. 13 April 2010. Retrieved 28 November 2025
  16. "Young Lions elect new leaders for the first time since 2013". The Mail & Guardian. 4 May 2015. Retrieved 28 November 2205
  17. Makhafola, Getrude (5 September 2015). "Maine elected ANCYL president". IOL. Retrieved 28 November 2025
  18. "ANCYL elects Collen Maine as new president". The Mail & Guardian. 5 September 2015. Retrieved 28 November 2025
  19. Mahlakoana, Theto (30 July 2019). "ANC Youth League disbanded, NW branch to be dissolved". EWN. Retrieved 28 November 2025
  20. "ANC NWC backs motion to disband youth league national executive". The Mail & Guardian. 11 June 2019. Retrieved 28 November 2025
  21. "ANC Youth League deputy secretary general calls for Collen Maine to resign". Sowetan. 12 April 2018. Retrieved 28 November 2025
  22. SABC News (12 April 2018). "Thandi Moraka calls on Maine to resign". Youtube. Retrieved 28 November 2025
  23. "Date set for Waterberg ANC regional conference". Die Pos. 5 July 2018. Retrieved 28 November 2025
  24. Makhafola, Getrude (27 July 2018). "Limpopo ANC appoints new members to the executive council". IOL. Retrieved 28 November 2025
  25. "Women dominate Stanley Mathabatha's cabinet". Sowetan. 23 May 2019. Retrieved 28 November 2025
  26. 1 2 Cowan, Kyle (13 September 2021). "The Eskom Files: 'Please process 500k': Former ANCYL boss implicated in receiving 'kickback' cash from Eskom slush fund". News24. Retrieved 28 November 2025
  27. 1 2 Karrim, Azarrah (21 September 2021). "Limpopo MEC takes News24 to court on urgent basis over The Eskom Files slush fund allegations". News24. Retrieved `28 November 2025
  28. 1 2 Matlala, Alex Japho (16 September 2021). "Limpopo premier orders corruption probe of MEC accused of R600k kickback". The Citizen. Retrieved 28 November 2025
  29. "DA calls on Limpopo Premier to investigate corruption allegations against MEC Thandi Moraka". SABC News. 14 September 2021. Retrieved 28 November 2025
  30. Karrim, Azarrah (21 September 2021). "Judge strikes Limpopo MEC's defamation case against News24 off the roll with costs". News24. Retrieved 28 November 2025
  31. Masungwini, Norman (6 October 2022). "Limpopo premier Mathabatha wields an axe to appease his supporters". City Press. Retrieved 28 November 2025
  32. Sadike, Mashudu (7 October 2022). "Limpopo Premier Stan Mathabatha fires three MECs from executive committee". IOL. Retrieved 28 November 2025
  33. Sadike, Mashudu (7 October 2022). "Limpopo Premier Stan Mathabatha fires three MECs from executive committee". IOL. Retrieved 28 November 2205
  34. "ANC NEC election results". Politicsweb. 21 December 2022. Retrieved 28 November 2025.
  35. "ANC statement on the outcomes of the National Executive Committee held on 20 February 2023". African National Congress. 21 February 2023. Retrieved 28 November 2025
  36. "South Africa's post-election Cabinet enters new political territory after 30 years of democracy". Daily Maverick. 30 June 2024. Retrieved 28 November 2025