Thandiwe Banda
| Thandiwe Banda | |
|---|---|
| Mohumagadi wa Zambia | |
| In office Seetebosigo a le masome mabedi le borobabongwe ngwaga wa 2008 – Lwetse a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 2011 | |
| President | Rupiah Banda |
| Pele Ga Gagwe | Maureen Mwanawasa |
| Morago Ga Gagwe | Christine Kaseba |
| Ka Ga Ena | |
| Mo/Bakapelo | Rupiah Banda |
| Bana | Ba le babedi |
Thandiwe Banda (o o tshotsweng ka 1972 kgotsa 1972) ke morutabana wa polotiki wa kwa Zambia o o berekileng e le mohumagadi wa Zambia go tswa ka Seetebosigo 2008 go fitlhela Lwetse 2011. Banda, o a neng a le mo dingwageng tsa masome a mararo fa a tsena mo maemong ao ka 2008, e ne e le mohumagadi o mmotlana mo ditsong tsa Zambia.[1] E ne e le mosadi wa bobedi wa ga tautona wa pele Rupiah Banda go fitlhelela a tlhokafala ka Mopitlo 2022.[2]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Mosadi wa ntlha wa ga Rupiah Banda, Hope Mwansa Makulu,o tlhokafetse ka 2000.[3] Ene le mosadi wa gagwe wa bobedi Thandiwe Banda,ba nyalane ka dingwaga tsa 2000, le ntswa ba na le pharologanyo ya dingwaga di le masome mane.[1] O ne a le dingwaga di le masome a supa ka nako ya lonyalo lwa bone, fa Thandiwe a ne a le di le masome mararo.[1] Thandiwe le Rupiah Banda ke batsadi ba mawelana Temwani le Duniya, ba ba tsileng e le kgakgamatso mo bobeding joo, go ya ka puisano e a e dirileng kwa BBC Africa.[4][5]
Banda o ne a tlhophiwa tautona ka 2008,se se dira Thandiwe Banda mohumagadi o monnye mo ditsong tsa Zambia.[1] Ka nako ya gagwe, Banda o ne a buelela go tlhamiwa ga ofisi ya semmuso ya mohumagadi ka madi a puso go ema nokeng ditiro tsa gagwe tsa setshaba le tsa mautlwelobotlhoko.[4] Banda o ne a lwela molao o o gagametseng, go otlhaya ba dira molato ba tiriso dikgoka mo gae le mo tlhakanelong dikobo.[2] O ne a eme nokeng makgotla a a ikemetseng kwa Zambia.[2]
Ka Morule a le masome mabedi ngwaga wa 2012, pampiri ya puso ya Times of Zambia e ne ya gatisa tsebe e e neng e bua magatwe a gore puso e gapile matlo a ga Thandiwe Banda a le mmalwa, a akaretsa lefelo la boroko kwa Malawi, le le tlhwatlhwa ya dibilione tsa madi a kwacha.[6] Banda o ne a re magatwe a ga a na boammaruri, a gwetlha gore ba mo kope maitshwarelo gape ba boele morago se ba se kwadileng, selo se pampiri e neng ya se gana pele.[6] Ka Firikgong 2012, o ne a pega tsheko ya tshenyo leina kgatlhanong le Times of Zambia le morulaganyi wa yone.[6] Ka Phalane 2012,pampiri e ne ya gatisa kopo maitshwarelo, mme tsheko kgatlhanong le pampiri e ne ya tswelela. Thandiwe Banda o ne a fenya tshekk kgatlhanong le Times of Zambia ka Motsheganong 2014.[7] Kgotlatshekelo e ne ya duela Banda dikete tsa madi a kwacha go mo phimola dikeledi.[7]
Banda o ne a fitlhelwa a na le kankere ya lebele ka 2014, a tsaya loeto go ya lefatsheng le le mabapi la Aforika Borwa go bona tlhokomelo ga botsogo.[8] O ne a boela Zambia ka Firikgong a le lesome ngwaga wa 2015, morago a tsena mo dikgweng tsa kalafi.[9]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 "Five first ladies of Africa". BBC News. 2010-05-21. Retrieved 2025-10-30
- 1 2 3 "Thandiwe Banda, Former First Lady of Zambia". AllAfrica.com. 2009-04-21. Retrieved 2025-10-30
- ↑ "President Banda pays tribute to late wife". Lusaka Times. 2011-05-07. Retrieved 2025-10-30
- 1 2 "Meeting the first ladies of Africa". BBC News. 2010-05-17. Retrieved 2025-10-30
- ↑ Edwards, Veronique (2010-05-25). "Up close and personal with the first ladies of Africa". BBC News. Retrieved 2025-10-30
- 1 2 3 "Former First Lady takes Times of Zambia to court". Lusaka Times. 2012-01-05. Retrieved 2025-10-30
- 1 2 "Former first lady wins defamation case against Times of Zambia". Africatime.com. 2014-05-22. Archived from the original on 2018-04-12. Retrieved 2025-10-25
- ↑ "Zambia's Former First lady Thandiwe Banda diagnosed with cancer". Lusaka Times. 2014-11-04. Retrieved 2025-10-30
- ↑ "Former First Lady Thandiwe Banda returns home". Lusaka Times. 2015-01-10. Archived from the original on 2016-10-09. Retrieved 2025-10-30