Thando Ntuli
Thando Ntuli ke motlhami wa fešene wa Aforika Borwa le mothei wa letshwaokgwebo la MUNKUS, le le itsegeng ka go dira diaparo tse di senang nako, tse di tlhotlheleditsweng ke retro tse di tlotlomatsang botho le bosadi. O belegetswe le go golela kwa Soweto, Gauteng, mme tiro ya gagwe e tlhotlheleditswe thata ke basadi le bomme mo botshelong jwa gagwe, go bontsha tlhotlheletso ya bomme le mokgwa wa setso sa metse ya Aforika Borwa ka dingwaga tsa bo 1980 le bo 1990.[1][2][3]
Botshelo jwa gagwe jwa pele le lelapa la gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Thando Ntuli o goletse mo tikologong ya lelapa le le tlhamang e e tlhotlheleditseng thata tsela ya gagwe ya tiro. O tlhalosa lelapa la gagwe jaaka le le modumo, le le mebalabala, le le nang le mogopolo o o bulegileng, ka go nna teng thata ga bomme ba ba jaaka mmaagwe, mmemogolo, le mmaagwemogolwagolwane, ba ba mo tlhotlheleditseng go rata fešene. O ne a tle a rekele mongwe le mongwe kwa gaabo dilwana, e leng se se neng sa dira gore a kgatlhegele fešene le dilo tse di dirilweng ka botswerere go tloga a sa le monnye. Kgaitsadiagwe yo mogolo, motsamaisi wa botaki, le ene o ne a nna le seabe se segolo ka go mo thusa go simolola tiro ya gagwe ya go tlhama le go bona tshegetso ya lelapa la gagwe mo maikaelelo a gagwe.[2][4]
Thuto le Tiro:
[fetola | Fetola Motswedi]Thando o feditse thuto ya gagwe ya ngwaga o le mongwe kwa sekolong sa Bokone Bophirima sa go etsa mekgabiso ka 2016 mme moragonyana a aloga ka onase ya fešene, a tsepamisitse mogopolo mo go gatiseng diaparo tse di tshwarelelang.[1][5]Morago ga go aloga, o ne a dira ka bokhutshwane jaaka moreki wa ditlhako mme a swetsa go latela tsela ya gagwe ya go tlhama le go tlhoma MUNKUS ka 2019. Letshwao le le ikaelela go maatlafatsa basadi ba letsatsi le letsatsi ka botswerere, boiketlo, le boikanyo, ka go dirisa mebala e e bogale le go gatisa go kopantswe le mefuta ya diaparo tse di sa felelweng ke nako tse di tsewang di le dintle e bile di le thata, tse di fetang mekgwa ya bosheng ya go apara, tsa bogologolo tse di tlhotlheleditsweng ke hisetori ya fešene ya Aforika Borwa[4][1]
Diphitlhelelo
[fetola | Fetola Motswedi]Mofenyi wa patlo ya talente e e šwa wa Aforika Borwa ka beke ya fešene
[fetola | Fetola Motswedi]Katlego e kgolo ya ga Thando Ntuli ke go nna mofenyi wa patlo ya talente e e šwa wa Aforika Borwa ka beke ya fešene ka 2022 ka letshwao la gagwe la MUNKUS.[6] Kopano ya gagwe e e fentseng, e e nang le setlhogo sa "Sisendleleni" (re mo tseleng), e ne ya sekaseka loeto lwa go iponela le go keteka botho ka diaparo tse di kgabagantsweng, tse di siametseng go aparwa tse di nang le diphatlha le mebala e e bogale.[7] Seaparo sengwe le sengwe mo kgobokanyong se ne se bidiwa "ME" ka dipuo tse di farologaneng tsa Aforika Borwa, se tshwantshetsa kutlwano mo go farologaneng le go golaganngwa ga maeto a motho a go supa gore ke mang. Phenyo e ga e a mo tlisetsa kamogelo ya bosetšhaba fela, mme gape e ne ya tla le sekgele sa R45,500, go akaretsa R20,000 go tlhabolola kokoano ya gagwe e e latelang, tshono ya go supa mo go South African Fashion Week (SAFW) New Talent Search ya ngwaga o o latelang, le lefelo la mahala kwa dipontshong tsa kgwebo go golaganya le mabenkele le bareki.[6][7][8]
Design Indaba Emerging Creatives Class ya 2022
[fetola | Fetola Motswedi]Mo go one ngwaga oo, Ntuli o ne a tlhophiwa jaaka karolo ya maemo a a kwa godimo mo Design Indaba's Emerging Creatives Class of 2022. Letsholo leno le itsege ka go tlhagisa ditalente tse di solofetsang tsa Aforika Borwa tse di nang le bokgoni jwa go tlhama mo mefameng e e farologaneng. Go tlhophiwaga gagwe go ne ga mo naya tshono e nngwe gape ya go tlhagelela, go rutiwa le go nna le ditsala, go dira gore a nne le maemo a a kwa godimo mo kgwebong ya fešene.[8]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 https://www.jetclub.co.za/celebs/getting-to-know-thandi-ntuli/
- 1 2 https://twyg.co.za/qa-designer-thando-ntuli-reflects-on-the-latest-munkus-collection/
- ↑ https://www.bizcommunity.com/Article/196/462/235650.html
- 1 2 https://www.magzter.com/stories/lifestyle/Balanced-Life/5-MINUTES-WITH-THANDO-NTULI?srsltid=AfmBOorYWWarzxFjeXsgnrX0vtx_a1wIHYXWVO_z0_nLiUOz_2kGIrlU
- ↑ https://www.uj.ac.za/faculties/art-design-and-architecture/fada-gallery-3/current-exhibitions/thando-ntuli/
- 1 2 https://www.colorblocmagazine.com/post/sa-fashion-week-2022-kicks-off-with-a-win-for-munkus-a-brand-by-thando-ntuli
- 1 2 https://iol.co.za/lifestyle/style-beauty/fashion/2022-05-03-thando-ntulis-munkus-brand-wins-the-sa-fashion-week-new-talent-search/
- 1 2 https://www.designindaba.com/articles/interviews/ready-wear