Thapelo Letsholo
| Thapelo Letsholo | |
|---|---|
| Mopalamente wa pele wa bokone jwa Kanye | |
| In office 2019–2024 | |
| Morago Ga Gagwe | kgaolo e emisitswe |
| Constituency | Bokone jwa Kanye |
Thapelo Letsholo ke mopolotiki wa Botswana gape ke mogwebi. Ke mopalamente wa pele wa kgaolo ya botlhophi ya bokone jwa Kanye go tswa ka ngwaga wa 2019 go tsena 2024.[1] Ke leloko la phathi ya Botswana Democratic Party.[2][3]
Botshelo jwa a le mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Thapelo Letsholo o tsholetswe kwa Kanye, Botswana. O ne a tsena sekolo se sebotlana kwa Jwaneng, Botswana a ya go tsweledisa tse dikgolwane kwa Lobatse, Botswana. Letsholo o ithutile ka tsa tlhaloganyo kwa sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa University of Cape Town (UCT) a aloga ka ngwaga wa 2000. E ne ele tautona wa mokgatlho wa tsa tlhaloganyo wa UCT.
Tsa pereko
[fetola | Fetola Motswedi]Letsholo o simolotse pereko ya gagwe mo mohameng wa diofisi ka ngwaga wa 2001. O bereketse dikompone tse di farologaneng, ka ngwaga wa 2008 e ne e le mogogi wa tsa pereko le maano mo komponeng ya Kgalagadi Breweries Limited. Fa a tlogela pereko mo mohameng oo ka 2011,[4] Letsholo o ne a tlhama dikgwebo tse dipotlana di le mmalwa di akaretsa kompone ya tsa dipuisano e e bidiwang RedPepper,[5] kompone ya kgaso ya Best of Publishing[6] le ya Kamoso Consulting and Drillonic. O Kile gape a nna leloko la khuduthamaga ya Kgalagadi Beverages Trust go tswa ka 2011 go tsena 2014.
Letsholo o simolotse pereko mo go tsa sepolotiki ka ngwaga wa 2018 fa a ne a tlhophiwa go nna mopalamente wa kgaolo ya botlhopi ya bokone jwa Kanye. O ne a ya go emela phathi ya Botswana Democratic Party mo ditlhophong tsa 2019[7] tsa lefatshe a fenya ka seelo se se neng se sa tlwaelesega mo kgaolong eo.[8]
Letsholo o nnile le ditshutiso di le mmalwa tse di amogetsweng mo palamenteng fa a sale a tsena mo ofising. Tshutiso ya botlhokwa mo go tsone e akaretsa tshutiso ya gore phatlalatso ya dithoto mo Botswana e nne kgwebo e e beetsweng Botswana fela[9] le gore tsa batswakwa di letlelelwe go phatlalatsa gangwe fela fa di goroga mo Botswana.[10][11]
Letsholo e ne e le leloko la dikomiti tse di latelang tsa palamente ya Botswana:[12]
- Komiti ya tsa madi le dikakanyetso (modulasetilo)
- Madi, kgwebo le tlhabololo itsholelo
- Dikgwebo le melao
- Kgaso, pereko, tsa mesepele le maranyane
- Bašha, metshameko, bodiragatsi le ngwao
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Team, mwluv. "List of Members of Parliament In Botswana".
- ↑ "Letsholo pushes BDP against the wall". December 12, 2019.
- ↑ Admin, The MidweekSun (August 19, 2019). "NEW AGE POLITICIAN". Guardian Sun.
- ↑ "Letsholo to leave KBL in March | Sunday Standard". February 6, 2011.
- ↑ Ketshepile More (September 19, 2016). "Botswana: Letsholo Implores Students to Focus". Lobatse. Daily News. Retrieved September 25 2025– via AllAfrica.
- ↑ "SA's Outsource Digital opens in Botswana". BiztechAfrica.
- ↑ Reporter, Sun (March 11, 2019). "BDP's Kanye North parliamentary candidate starts campaigns". Guardian Sun.
- ↑ "Report on 2019 General Elections" (PDF). iec.gov.bw. Retrieved September 25, 2025.
- ↑ "Transportation of goods in Botswana to be reserved for 100% citizen owned companies". February 14, 2020.
- ↑ "Botswana wants courier, transportation sector reserved for citizen-owned companies: Mary Phadi". August 7, 2020 – via www.youtube.com.
- ↑ Bothoko, Pini (February 17, 2020). "'Reserve Transportation Of Goods For Locals'". Mmegi Online.
- ↑ ""Committee Members"". Archived from the original on 2023-01-29. Retrieved 2025-09-25.