Jump to content

Tharabololo ya khansele ya tshireletso ya lekgotla la United Nations ya makgolo a matlhano, masome a supa le bobedi

Go tswa ko Wikipedia

Tharabololo ya khansele ya tshireletso ya lekgotla la United Nations ya makgolo a matlhano, masome a supa le bobedi, e amogetswe ka bongwefela jwa pelo ka Lwetse a le masome mararo ngwaga wa 1985, morago ga go boela morago tharabololo ya makgolo a matlhano, masome a marataro le borobabobedi (1985) le go ela tlhoko pego ya barongwa ba ba rometsweng Botswana ke mokwaledi mogolo,[1] khansele e ne ya ema nokeng pego e mabapi le tlhaselo ya lefatshe la Aforika Borwa mo go la Botswana.

Tharabololo e ne e gwetlha phimolo dikeledi ya lefatshe la Botswana,[2] ya bo ya kopela lefatshe thuso mo mafatsheng a e neng e le maloko le makgotla a mangwe, mo dikarolong tse di neng di supilwe mo peong. E ne ya kopa gape mokwaledi mogolo go ela tlhoko seemo seo.

Ditshedimosetso tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "Resolution 572". UNSCR. Retrieved 15 July 2025.
  2. "Resolution 572(1985) / adopted by the Security Council at its 2609th meeting, on 30 September 1985". United Nations Digital Library. Retrieved 15 July 2025.