Jump to content

Tharabololo ya makgolo a matlhano, masome a marataro le borobabobedi ya khansele ya tshireletso ya lekgotla la United Nations

Go tswa ko Wikipedia

Tharabololo ya  makgolo a matlhano, masome a marataro le borobabobedi ya khansele ya tshireletso ya lekgotla la United Nations, e e amogetsweng ka mowa o le mongwe ka Seetebosigo a le masome mabedi le bongwe ngwaga wa 1985, morago ga go utlwa kemedi go tswa kwa Botswana, khansele e ne ya kgala tlhaselo ya Gaborone ke lefatshe la Aforika Borwa; e supa kgakgamalo le tshakgalo ka tatlhegelo ya matshelo le tshenyego ya dilwana, ya bo ya leba tlhaselo e, e le tlontlololo ya boipuso jwa lefatshe le seriti sa lone mo kgaolong eo. [1]

Khansele e ne ya tswelela ka go kgala ditiro tsa botsuolodi, go gwetlha le go tsenya lesukasuka di akaretsa go tsaya batho ka dikgoka, dipolao le go baya mo kgatelelong kgatlhanong le Botswana ga lefatshe la Aforika Borwa, ba laela go emisa ditiragalo tse ka ponyo ya leitlho.E ne ya kgala gape tiragalo ya Aforika Borwa ya go tshwenya mafatshe a a mo borwa jwa Aforika.

Tharabololo e ne ya lopa phimolo dikeledi ya lefatshe la Botswana le mafatshe a mangwe a a amegileng mo ditlhaselong tseo, ba tlhomamisa tshwanelo ya bone ya go fa ba ba tshabanv tlhaolele lefelo la botshabelo.

Kwa phelelong khansele e ne ya kopa mokwaledi mogolo go romela barongwa kwa Botswana go sekaseka tshenyo le go tswa ka megopolo ya go nonotsha kgonagalo ya go fa batshabi ba Aforika Borwa fa ba ka nnang teng. E ne ya kopa makgotla a mafatshefatshe go thusa lefatshe le.

Tharabololo ya makgolo a matlhano, masome a marataro le borobabobedi e kwadilwe ke mafatshe a Burkina Faso, Egypt, India, Madagascar, Peru le Trinidad and Tobago.[2]

Ditshedimosetso tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "'Unprovoked and unwarranted attack' on Botswana condemned by Security Council". UN Chronicle. June 1985.
  2. Department of Public Information, United Nations Staff (1989). Yearbook of the United Nations, 1985. Martinus Nijhoff Publishers. p. 192. ISBN 978-0-7923-0503-3.