The Gods Must Be Crazy
The Gods Must Be Crazy ke filimi ya ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabobedi ya metlae e e kwadilweng, ya diriwa ya bo ya kaelwa ke Jamie Uys. Filimi e e kopanetsweng ke Aforika Borwa le Botswana, ke filimi ya ntlha mo motseletseleng wa The Gods Must Be Crazy. E diretswe kwa borwa jwa Aforika, moanelwamogolo wa filimi ke molemi morui wa Mosarwa wa kwa borwa bophirima jwa Aforika ebong N!xau Toma a tshameka e le Xi, motsomi ebile a phutha dilo wa kwa sekakeng sa Kalahari o morafe wa gagwe o itemogelang lebotlolo la galase la Coca-Cola le le digilweng mo sefofaneng, ba bo ba dumela gore ke mpho go tswa kwa badimong ba bone. Fa Xi a tsaya loeto go busetsa lebotlolo lwa badimong, loeto lwa gagwe le diragala ka nako e le nngwe le lwa moitseanape wa mebele ya batho le dimela (Marius Weyers), morutabana o mosha o o sa tswang go thapiwa mo sekolong sa mp motseng (Sandra Prinsloo) le setlhopha sa ditsuolodi.
The Gods Must be Crazy e ntshitswe kwa Aforika Borwa ka Lwetse a le lesome ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe le masome a robabobedi, ke Ster-Kinekor Films, ya feta dipalo tsa go dira sentle mo lefatsheng, ya nna filimi e e dirilweng kwa Aforika Borwa e e atlegileng thata mo go tsa madi ka nako e o. [1]Filimi e ne ya atlega thata mo go tsa kgwebo mo mafatsheng a mangwe ka bontsi,mme ya tsaya sebaka go atlega kwa United States, kwa e neng ya ntshiwa gape ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome robabobedi le bone le kompone ya 20th Century Fox,[2] ka puisano ya yone ya puo ya seburu e ranoletsweng kwa Sekgoweng. Le ntswa e ne e atlegile, filimi e ne ya kgalelwa ka fa e supang lotso ka teng le go ikgatholosa kgethololo le tlhaolele (puso ya tlhaolele) kwa Aforika Borwa.[3]
Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le borobabongwe, e ne ya salwa morago ke ya bobedi ya The Gods Must Be Crazy II. Tse dingwe tse di e salang morago tse e seng tsa semmuso di ne tsa gatisiwa kwa Hong Kong kwa N!xau a neng a tsweledisa seabe sa gagwe.
Neelano ya ditiragalo
[fetola | Fetola Motswedi]Xi le morafe wa gagwe wa Basarwa ba nna ka boitumelo kwa sekakeng sa Kalahari, kgakala le ditlhabololo tsa madirelo. Letsatsi lengwe, lebotlolo la galase la Coca-Cola, le latlhilwe mo sefofaneng ke mokgweetsi wa sone, le wela mo mmung o o borethe le sa thubega. Batho ba ga Xi ba akanyetsa gore lebotlolo le le mpho go tswa mo badimong, fela jaaka dimela le diphologolo, ba batla ditiriso di le mmalwa tsa lone, jaaka go fodisa ditlhako tsa dipholologolo, go tshela metsi,go duba borotho, le go kgabisa ka go dira meradi e e kgolokwe. Lebotlo la galase le lengwe fela, le fa go ntse jalo, maloko a morafe a tlhoka tiriso ya lone kgapetsakgapetsa fa kgotlhang e tsoga kwa morafeng o o kileng wa bo e le wa kagiso. Ka ntlha ya se, Xi o tsaya tshwetso ya go tsaya loeto go ya kwa lefatsheng le felelang teng go latlha lebotlolo le le bakang kgaogano le.
Mo ntlheng e nngwe moitsenape wa biology Andrew Steyn o o ithutang diphologolo tsa mo gae mo Botswana, o fiwa tiro ke tona wa mo gae ya go tsisa Kate Thompson mosadi o o ithotseng tiro ya bojanala kwa Johannesburg Aforika Borwa kwa motseng go nna morutabana wa motse mo Botswana. Andrew o gale le gale a leng majato ebile a dira tiro ka botswapelo, o sitega fo dira tiro mo bo leng teng jwa ga Kate. Tiro ya gagwe e diriwa boima ke sepalamo sa gagwe se e leng koloi ya Land Rover ya bogologolo e e senang marikhi e e mo tlhokang go tlola a tswa mo koloing go baya letlapa kwa tlase ga lethaere, se se shakgatsa Kate. Koloi e retelelwa ke go tlola noka e e boteng, ba tlhokega go lala kwa ntle bosigo joo, di maele di le masome a mararo go tswa kwa ba yang teng, mo Kate a go bonang e le tsela ya go batla sengwe mo go ene. Fa Andrew a apola gore a robale borokgwe jwa gagwe bo le lwa tlase, kolobe ya naga e a mo tlhasela. Fa a tabogile mo sekgwebg, o a kgopiwa a bo a wela mo go Kate o o apereng dilwana tsa boroko fela. A sa lemoge tshukudu e tima molelo wa bone, Kate o akanya gore Andrew o timile molelo go mo tshosa gore a batle tshireletso mo go ene. Moso o o latelang Kate o tshwarega mo setlhareng sa leta ka nakwana;Andrew o leka go mo falotsa mme bobedi boo bo felela bo tshwaregile botlhe ba apere dilwana tsa ka fa teng fela. Pelaelo ya ga Kate ya gore go nna botlhaswa ga ga Andrew ke go leka go mmatla lorato e ya magoletsa. Ka go goroga ga bone kwa motseng go diegile, mosupi wa bojanala Jack Hind, o goroga go thusa Kate go fetsa mosepele wa gagwe go ya motseng. Mothusi wa ga Andrew gape e le makheneke M'pudi,o o nyetseng basadi ba supa, o thusa Andrew go itlhalosetsa Kate.
Mo lefatsheng le le mabapi la maitirelo, setlhopha sa Biryani, sa ditsuolodi, se se eteletsweng pele ke Sam Biga, ba bolaile matona a puso a le mararo ba gobaditse ba le babedi ba bangwe mo maitekong a go tsaya botshelo jwa ga tautona, ba batliwa ke masole.
Mo loetong lwa gagwe lwa go latlha lebotlolo le le hutsitsweng, Xi o bona dipodi a bo a thuntsha e nngwe ka segai a ikaelela go e ja. O tshwarelwa dipodi tse, a bo a atlholelwa dikgwedi di le tharo mo kgolegelong. M'pudi, o o kileng a nna le Basarwa ebile a kgona go bua puo ya bone, o bona katlholo e e le setlhogo. Ene le Andrew ba rulaganya go thapa Xi e le mosupi wa tsela mo nakong ya go feleletsa malatsi a gagwe mo torokong go na le go tsena mo kgolegelong.
Ka ko ntlheng e nngwe ditsuolodi di tlhasela sekolo sa ga Kate, ba ko tsaya ene le baithuti ka dikgoka fa ba tshabela kwa lefatsheng le le mabapi. Andrew,M'pudi le Xi, ba nwetse mo tirong ya bone, ba mo tseleng ya ditsuolodi le baithuti ba bo ba loga leano. Xi, o a leng monnye ka popego, o kgona go tsena fa gare ga bana a tshotse mokwalonyana wa ga Kate. Xi o dirisa digai tse di idibatsang go idibatsa ditsuolodi ba le barataro mo go ba robabobedi, se se letla Kate le bana go tsaya ditlhobolo tsa ditsuolodi. Andrew le M'puli ba ne ba tshwara ditsuolodi tse pedi tse do setseng. Hind o a goroga a bo a tsaya Kate le bana a tsamaya le bone, a itira jaaka ekete ke ene a ba falodotseng le ntswa ba faloditswe ke Andrew, M'pudi le Xi.
Morago ka nako ya ga Xi ya go nna mo kgolegelong e fedile, Andrew o mo duela letseno la gagwe a bo a mo romela mo tseleng ya gagwe. Ka a sena tiriso ya madi, Xi o a a latlha. Kwa bogakoloding jwa ga M'pufi, Andrew o etela Kate go tlhalosa se a se itemogetseng sa tlhaloganyo sa go nna botlhaswa fa a le gaufi le basadi, mme mo tsamaisong ya go dira jalo o diga ditafole le dintshwana gangwe le gape tse Kate a di bayang mo tafoleng. Kate o bona maiteko a gagwe a kgatlhisa a bo a atla Andrew.
Xi o felela a goroga kwa godimo ga thaba e e nang le maru a a kwa tlase a a thibelang tshupo e e kwa tlase. A dumela gore o gorogile kwa bofelong jwa lefatshe, o latlha lebotlolo mo thabeng a bo a boela kwa lolwapeng lwa gagwe.
Badiragatsi
[fetola | Fetola Motswedi]- N!xau Toma e le Xi
- Marius Weyers e le Dr. Andrew Steyn
- Sandra Prinsloo e le Kate Thompson lentswe e le la ga Janet Meshad mo thanolong ya Sekgowa
- Louw Verwey e le Sam Boga
- Micharl Thys e le M'pudi lentswe e le la ga Pip Freedman ka thanolo ya sekgowa
- Nic de Jager e le Jack Hind
- Fanyana Sidumo e le karata ya ntlha
- Joe Seakatsia e le karata ya bobedi
- Brian O'Shaughnessy e le Mr. Thompson
- Ken Gampu e le tautona
Mokaedi Jamie Uys o tlhagelela mo moanelweng o o sa fiwang leina e le moruti.[4][5]
Go diriwa
[fetola | Fetola Motswedi]Tlhabololo le go dira baanelwa
[fetola | Fetola Motswedi]Morago ga go dira filimi ya Animals are Beautiful People, ke ne ka boela kwa Kalahari gangwe le gape go etela Basarwa. Gangwe le gape ga ke ba etela ke ne ke itemogela se ka bone: ga ba itse ka go nna le selo. Fa ke baya baki yame fa fatshe, mongwe wa bone o tla e apara. Ba abelana sengwe le sengwe. Kwa ba leng teng ga gona sepe se o kareng ke sa gago. Go lebega go le pharologanyo le rona, ba re bolaelanang teemane, ka gore ga e bonwe motlhofo.
-mokaedi Jamie Uys ka Basarwa.[3]
Jamie Uys o ne a tlelwa ke kakanyo ya The Gods Must Be Crazy fa a dira filimi ya Animals are Beautiful People ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le bone. Filimi e bontlha jwa yone bo gatisitswe kwa sekakeng sa Kalahari, kwa Uys a kopaneng lantlha le Basarwa teng a ba rata.[3] Uys o tlhophile lebotlolo la Coca-Cola e le selo se Basarwa ba neng ba se iponela ba se ila mo The Gods Must Be Crazy ka gore o ne a dumela gore lebotlolo le emetse setshaba sa rona sa polaseteke le la gore ke selo se sentle, fa o ise o bone galase pele.[3]
Uys o ne a re o ne a aga moanelwa wa ga Andrew Steyn go tshwana le ene: ke kile ka bo ke le botlhaswa jalo bogolojang mo basading. Mme ka nako eo ke akanya gore bontsi jwa makawana ba ne ba diga dilo fa ba ne le mosetsana wa ntlha.[3]
Morago ga go kwala The Gods Must Be Crazy, Uys go begiwa fa a ne a fetsa dikgwedi di le tharo a tsamaya mo sekakeng sa Kalahari a na le motoloki, a batla Mosarwa o o ka tshamekang seabe sa ga Xi mo filiming.[3] Go etela mafelo a sekaka a a nnang Basarwa, Uys o ne a tsaya dinepe tsa batho ba a neng a akanya go ba tsenya mo filiming, a bo a tshwaya boleele le bophara gore ba kgone go ba bona gape.[3]
Uys o ne a tsaya tshwetso ya go dirisa molemimorui wa Mosarwa wa kwa borwa bophirima jwa Aforika ebong N!xau Toma go nna Xi, morago a gakologelwa gore pele o ne a sa tlhaloganye ka ba ne ba sena lefoko la go bereka. Motoloko o ne a botsa, 'a o ka batla go tla le rona malatsinyana?'[3] N!xau o ne a dumalana a fofa le Uys go ya kwa Windhoek, kwa South West Africa (kwa e leng Namibia gompieno), kwa e neng e le boremelelo jwa go diriwa ga filimi.[3] Uys o ne a re sefofane se ne se sa mo kgatlhe gotlhelele. O akanya gore re bo radijgakgamatsi, ka jalo o dumela gore re ka dira sengwe le sengwe. Go ne go sena sepe se se mo kgatlhang.[3] Kwa kamoreng ya gagwe ya boroko kwa hoteleng N!xai o ne a dumela go dirisa ntlwana ya boithomelo mme a robala fa fatshe eseng mo boalong jo a neng a bo neetswe.[3]
Le fa go ntse jalo, go ya ka mokwadi Josef Gugler, Uys o ne a dirisa kakanyo mo go direng filimi.Dipolelo tse a neng a di bolelela batho ba ba sekasekang filimi di ne di farologana.[6] Go farologana le se se supilweng mo The Gods Must Be Crazy, N!xau o ne a sa tshele botshelo jwa go tsoma le go phutha dilo; o godile e le modisa kwa masimong a Botswana pele ga a fudugela kwa South West Africa go bereka e le moapei.[7] Mo filiming ya ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe masome a robabobedi ya N!ai, polelo ya mosadi wa !Kung, e kaetswe ke John Marshall, go dirisiwa tshupo ya go diriwa ga The Gods Must Be Crazy.[8] Tshupo e, e supa Basarwa ba seegetswe go nna kwa lefelong le le seegetsweng kwa thoko kwa go tlhamilweng ke matona a Aforika Borwa kwa Tsumkwe, South West Africa.[2][7] Basarwa ba koo ba supiwa e se batsomi; mme ba ikaegile ka puso go ba fa dijo le dithuso tse dingwe, ba bangwe ba lwala kgotlholo e tona.[2][7]
Go diriwa
[fetola | Fetola Motswedi]The Gods Must be Crazy e diretswe kwa Tsumkwe, kwa South West Africa (kwa e leng Namibia gompieno)[9] ga mmogo le mo Botswana.[10][11]
Go ya ka Uys, N!xau o ne a fofedisiwa kwa legaeng la gagwe kwa sekakeng sa Kalahari morago dibeke tse tharo kgotsa tse nne go mo itsa gore a lwale ka ntlha ya go gakgamalela botshelo jo bo pharologanyo.[3] Ka nako ya gagwe kwa mafelong a setoropo, N!xau o ne a ithuta goga motsokwe a kgatlegela le go nwa bojalwa.[3] Uys are o ne a duela N!xau di dolars di le makgolo a mararo malatsi a gagwe a ntlha a lesome mo tirong, mme madi ao go begiwa fa a ne a tsewa ke phefo.[3][12] N!xau o ne a duelwa ka dikgomo di le le,some le bobedi.[3] Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le botlhano, Uys o ne a re o ne a romeletse N!xai di dolara di le lekgolo ka kgwedi fa a sale a gatisa, a N!xau a a dirisitseng kwa lebentleleng le le dikhilomithara di le lekgolo go tswa kwa a tsomang teng;[3] Uys o ne a bua gore letlole la dikete di le masome a mabedi la leina la ga N!xai le ne le butswe.[3]
Setshwantsho se mo go sone tshukudu e timang molelo se ikaegile ka leinane la Burmese la tshukudu e e jang molelo, e e sa itsegaleng thata mo Aforika ebile go lebega le sena boammaruri.[13]
Pina
[fetola | Fetola Motswedi]Tsebekgolo: The Gods Must Be Crazy (mmino)
Go ntshiwa ga yone
[fetola | Fetola Motswedi]Box Office
[fetola | Fetola Motswedi]The Gods Must Be Crazy e ntshitswe pele kwa Aforika Borwa ka Lwetse a le lesome ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi ke Ster-Kinekor Pictures.[2] Mo malatsing a yone a ntlha a le mane, filimi e ne ya feta dipalo tsa box office mo toropong nngwe le nngwe ya Aforika Borwa.[2][14] E ne ya nna filimi e e ratilweng thata ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le bobedi kwa Japan, kwa e neng ya ntshiwa ka setlhogo sa Bushman.[15][16] Mogatisomogolo Boet Troskie o ne a rekisa ditshwanelo tsa go anamisa filimi mo mafatsheng a le masome a mane le botlhano.
Fa e ntshiwa kwa United States, puisano ya pele ya puo ya Afrikaans e ne ya ranolelwa kwa Sekgoweng, ga diriwa mantswe a teme ya !Kung le Setswana. Filimi pele e ne ya ntshiwa ka Jensen Farley Pictures ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le bobedi, mme ya seka ya dira sentle mo ditoropong di le thataro tsa maleka. Le fa go ntse jalo, filimi e ne ya felela e bona katlego ya kgwebo le go buiwa ka yone fa e ntshiwa gape ke 20th Century Fox ka Phukwi ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le bone,e nna filimi ya mafatshe a sele e e rekisitseng thata kwa United States ka nako eo. Filimi gape e ne ya tshamekiwa kwa Music Hall Theater kwa Beverly Hills, Californoa dikgwedi di robabobedi.[17]
Mo dingwageng tsa ntlha tse nne e sena go ntshiwa, The Gods Must be Crazy e ne e rekisitse didikadike di le masome a robabongwe a di dolara. Ka ngwaga wa dikete pedi lesome le bone, filimo e ne ya rekisa ka bilone e le nngwe ya diranta mo lefatsheng ka bophara, a akaretsa didikadike di le masome a marataro kwa United States.[2]
Kamogelo
[fetola | Fetola Motswedi]Robert Ebert wa Chicago Sun-Times o ne a fa filimo dinaledi di le tharo a re go ka nna motlhofo go dira maaka ka se se diragalang kwa sekakeng, mme go thata go dira kamano e e tshegisang gareng ga tlholego le setho.[18] Filimi e ke letlotlo. Variety e ne ya re tse di kgatlhang ka filimi ke tshupo ya mafelo a a sa tlwaelesegang le thuto mo thanolong ya yone.[13]
Fa a sekaseka filimi e Vincent Canby wa The New York Times o ne kwala a re fa o lebeletse filimi ya ga Jamie Uys ya The Gods Must Be Crazy motho o ka akanyetsa gore go ne go sena dilo tsa go nna jaaka puso ya tlhaolele kgotsa Aforika Borwa. Le ntswa a ne a bitsa filimi e a re ka dinako tse dingwe e ne e tshegisa e sa bue ka sepolotiki, o ne a supa gape fa go na le sengwe se se tshosang ka filimi ka gore re na le go akanya gore tiro epe ya Aforika Borwa e e sa kgaleng puso ya tlhaolele e seka ya reediwa fa e se ka tidimalo fela.[19]
Mo maranyeng a Rotten Tomatoes, The Gods Must be Crazy e na le palo ya 86% go ya ka ditshekatsheko di le masome a mabedi le borobabobedi, ka seelo ss 7.4 mo lesomeng. Mo go ya Metacritic, ee dirisang palo kaaretso, filimi e na le palo ya masome a supa le boraro go tswa mo lekgolong go ya ka ditshekatsheko di le thataro tse di siameng ka kakaretso.
Tse di lebelelwang kwa lwapeng
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Ngwanatsele a le fa gare ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le borataro, The Gods Must Be Crazy e ne ya ntshiwa mo VHS kwa US ke CBS/Fox mo sekanong sa yone sa Playhouse Video.
Ka ngwaga wa dikete pedi le bone, The Gods Must Be Crazy e ne ya ntshiwa mo DVD ke Sony Pictures Entertainment.[20] [21]E ne ya ntshiwa gape mo DVD gabedi e na le The Gods Must Be Crazy.[22]
Manganga
[fetola | Fetola Motswedi]The Gods Must Be Crazy e ne ya itemogela kgalo ya ka fa e supang bathk ba ditso dingwe ba ntseng ka teng le go ikgatholosa kgethololo le go tlhaola batho kwa Aforika Borwa.[3] Kwa U.S filimi e ne ya lebelelwa ke bokopano jwa babueledi ba bantho le ditlhopha tse dingwe tse di kgatlhanong le tlhaolele fa e supiwa kwa 68th Playhouse kwa toropong ya New York.[3]
Go supelwa ka monwana go nyatsa
[fetola | Fetola Motswedi]Mokgadi wa New York Times Vincent Canby le mokwadi Josef Gugler ba ne ba re filimi e e lebela Basarwa kwa tlase.[23][8] Canby o ne a kwala gore Basarwa mo filiming e ba bonwa ba sa le pharologanyo ebile ba kgatlhisa, fa go tshwantshanngwa le mafoko a moranodi wa filimi a a neng a re Basarwa ba ka tswa ba le bone batho ba ba itumelelang ka fa ba tshelang ka teng le selo se Mussolini a ka se buang fa a tabogisa diterena ka nako.[19] Gugler o ne a ela tlhoko moranodi wa filimi le moanelwa Mpudi a re ba supa lonyatsi, a kwala gore fa Mpudi a utlwela Basarwa botlhoko o nyatsa fela jaaka moranodi: ke batho ba bantlenyane,[8] fa a tsibogela go supiwa ka monwana go bo a nyatsa, Uys o ne a re ga ke akanye gore a filimi e ya nyatsa. Fa Basarwa ba na le rona mo toropong, ke a ba nyatsa ka gore ba diso. Mme kwa sekakeng, ba a nyatsa ka gore ke seso ene o botlhale.[3]
Go kgala mo go amanang le puso ya tlhaolele
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le botlhano, moitseanape wa ditsk Toby Alice Volkman o ne a kwala a re madi e ne e le matshwenyego a matona mo Basarweng fa The Gods Must Be Crazy e gatisiwa, bontsi jwa bone ba ikaegike ka thuso ya puso ya dijo[24] le dithuso tse dingwe; o ne a supa gore Basarwa ba le bantsj ba ne ba ikwadisa mo sesoleng sa Aforika Borwa ka ntlha ya dituelo tse di kwa godimo.[24] O ne a kwala gore tumelo ya gore Basarwa ga ba na melato epe ke sone se The Gods Must Be Crazy e tumileng, ga go gakgamatse gore Mr. uys o ka batla gore re e dumele. Ga go na se se tshegisang mo lefatsheng la Basarwa: batho ba le sekete ba ba kgotlhometseng maikutlo, ba ba kileng ba bo ba ikemetse ba nna mo lefelong le le nang le kgotlholo e tona, ba tshela ka go fiwa phaletshe le sukiri, ba a nwa Johnny Walker kgotsa bojalwa jo bo dirilweng mo gae, ba lwantshana gape ba nna maloko a sesole sa Aforika Borwa.[24]
Ngwaga o o latelang,Moitseanape wa kwa Canada wa matshelo a batho Richard Borshay Lee o ne a re Ke tsela ya Aforika Borwa ya go neela ma Aforika Borwa a masweu tlotla.[25] Lee o ne a kwala are kakanyo ya gore Basarwa bangwe ka dingwaga tsa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi ga ba ise ba itemogele tlhabologo ke motlae o o setlhogo. Basarwa ba tswa kgakala ba itemogela diphetogo bogolojang mo dingwageng di le masome a mabedi tse di fitileng ba pateleditswe go emela dipoelo tsa melao ya puso ya tlhaolele kwa Namibia.[25]
Gugler o ne a kwala gore ditsuolodi mo filiming e ba supiwa e le ma Aforika a a sa siamang, a a borai ebile ba senya, mme gape ba ditshwakga le botlhaswa. Kwa bokhutlong le Kate Thompson o kgona go fenya mongwe wa bone. Moeteledipele wa bone Sam Boga, o supa se filimi e se re bontshang ka ditsuolodi tsa Aforika, ke eng ke tshwanetse go bereka le batho ba ba sa itseng sepe? Ka jalo o tlhomamisa se puso ya tlhaolele e se supang ka ma Aforika gore ba ka itumelela batho basweu fa e ne e se ka batswakwa ba baka mathata gape ba sa bue boammaruri. Gugler o tswelela ka gore Uys o supa tse di alanyediwang ka puso ya tlhaolele e mo go yone batho basweu ba leng kwa godimo, ma Aforika a itumelela fa a leng teng fa e se ka go tsenelela ga batswakwa.[8]
Fa a bodiwa dikakanyo tsa gagwe ka tlhaolele, Uys o ne a akgela ka gore ke akanya gore ke tlhakatlhakank. Re dirile dilo tsa bomatla tsa go tlhoka go utlwa tse di re tlhabisang ditlhong. Re leka go fedisa seo, mme go thata. Fa o nna bonya ga go a siama, fa o nna lobelo go tlaa senya itsholelo batho ba nne ka tlala. Ke solofela gore ga ke tlhaole batho ka lotso le mmala ebile ga ke dumele gore a ope wa rona o akanya gore o tlhaola batho ka lotso le mmala. Fa go raya gore o ila batho ba mmala, ga ke tlhaole. Fa go raya gore o tlhopha go nyala mosetsana wa lotso lwa gago a le moo le go tlhaola? Fa bobedi bo le mo leratong ga go ree sepe. Mme ke tlhophile mosetsana o mosweu go nna mosadi wa me.[3]
Filimi e e latelang le tse di tsamaelanang
[fetola | Fetola Motswedi]The Gods Must Be Crazy e me ya salwa morago ke kopo ya semmuso ya The Gods Must Be Crazy II, e ntshitswe ke Columbia Pictures ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le borobabongwe. E kwadilwe ya bo ya kaelwa ke Uys, e ntse e na le N!xai e le moanelwamogolo.
E e seng ka fa tlhomamisong e e e salang morago Crazy Safari (e le yone e bidiwang The Gods Must Be Crazy III), e ne e sala morago filimi ya Hong Kong e N!xau a leng moanelwamogolo mo go yone. Tse dingwe tse di sa tlhomamisiwang di akaretsa Crazy Hong Kong (The Gods Must Be Crazy IV) le The Gods Must Be Funny in China (The Gods Must be Crazy V). Filimi e nngwe e e sa tsamaelaneng ya Jewel of the Gods e ne ya rekisiwa mo dikgaolong dingwe e le e e salang The Gods Must Be Crazy morago.
Boswa
[fetola | Fetola Motswedi]Motshameko wa Irish o ne o na le thekiso ya ngwaga wa sekete makgolo a robabobedi le borobabongwe e e neng e etsa filimi e.[23]
Setshwantsho sa pina ya Take me to your leader ka setlhopha sa America sa mmino wa rock sa Incubus se bua ka filimi e.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Gorelik, Boris (12 July 2014). "Jamie se treffer: Met Uys, ja – die wêreld in". Rapport (in Afrikaans). Media24. Archived from the original on 14 July 2014. Retrieved 28 July 2026
- 1 2 3 4 5 6 Gugler, Josef (2003). African Film: Re-imagining a Continent. Indiana University Press. p. 74. ISBN 0-253-21643-5. Retrieved 28 July 2026
- 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 11 12 13 14 15 16 17 18 19 20 21 Klemesrud, Judy (28 April 1985). "'The Gods Must Be Crazy' - A Truly International Hit". The New York Times. Retrieved 28 July 2026
- ↑ Ebert, Roger (1993). Roger Ebert's Video Companion, 1994. Andrews and McMeel. p. 260. ISBN 0-8362-6244-1.
- ↑ Gugler, Josef (2004). African Film: Re-Imagining a Continent. Indiana University Press. ISBN 978-0253216434.
- ↑ Gugler 2004, p. 73.
- 1 2 3 Gugler 2004, p. 74.
- 1 2 3 4 Gugler 2004, p. 73–74.
- ↑ Lee, Richard (2003). The Dobe Juǀʼhoansi. Case Studies in Cultural Anthropology (3rd ed.). Wadsworth Publishing. ISBN 0-03-032284-7.
- ↑ "The Gods Must Be Crazy". Variety. 31 December 1980. Retrieved 28 July 2026
- ↑ Birindelli, Marie-Hélène, ed. (March–April 1990). "Tourism: natural beauty beckons". The Courier. No. 121. European Commission. ISSN 1784-682X. Retrieved 28 July 2026.
"But Botswana's Kalahari is nothing like the Sahara or even the Namibian Kalahari made famous in The Gods Must Be Crazy, some of which was filmed in Botswana".
- ↑ Tangeni, Amupadhi (11 July 2003). "Cgao Coma – bridging ancient and modern". The Namibian. Archived from the original on 31 July 2003. Retrieved 228 July 2026
- 1 2 Kershner, Kate. "Do rhinos really stomp out fires?". HowStuffWorks. Retrieved 28 July 2026
- ↑ Gugler 2004, p. 71.
- ↑ Gugler 2004, p. 71, 74.
- ↑ "1982年(1月〜12月)". Eiren. Motion Picture Producers Association of Japan. Retrieved 28 July 2026
- ↑ Champlin, Charles (11 April 1985). "Jamie Uys: He's Been Crazy About 'Gods'". Los Angeles Times. Retrieved 28 July 2026
- ↑ Ebert, Roger (1 January 1981). "The Gods Must Be Crazy movie review (1981)". RogerEbert.com. Retrieved 28 July 2026
- 1 2 Canby, Vincent (28 October 1984). "Film View; Is 'The Gods Must Be Crazy' Only a Comedy?". The New York Times. Retrieved 28 July 2026
- ↑ "The Gods Must Be Crazy". Sony Pictures Entertainment. Retrieved 28 July 2026
- ↑ "The Gods Must Be Crazy (1980) [DVD]". Amazon. Retrieved 28 July 2026
- ↑ "The Gods Must Be Crazy I / The Gods Must Be Crazy II (Double Feature) [DVD]". Amazon. Retrieved 28 July 2026
- 1 2 "TV Commercial - 1989 - Irish Spring - Soap Bar - Tribesmen - Fresh Spring Fragrance". YouTube. Archived from the original on 5 December 2021.
- 1 2 3 Volkman, Toby Alice (19 May 1985). "Despite the Movie, There's Little to Laugh at in Bushmanland". The New York Times. Retrieved 28 July 2026
- 1 2 Lee, Richard Borshay (1986). "The Gods Must Be Crazy, but the State Has a Plan: Government Policies towards the San in Namibia". Canadian Journal of African Studies. 20 (1): 91–98. doi:10.2307/484697. JSTOR 484697.