The Voice (Botswana)

Go tswa ko Wikipedia
(Go tswa ko The Voice)

The Voice ke kompone e e dirang ka kgatiso ya dikgang tse di kwadilong mo dipampiring le mo maranyaneng a "Internet" mo lefatsheng la Botswana. The Voice is a simolotse go dira ele pampiri ya dikgang ko Francistown ka ngwaga wa 1993 e le ntlha nngwe ya go tatsa mo bodireding jwa toropo ya Francistown; e rile ka ngwaga wa 1999, The Voice ya bula dioffice tsa bodiredi tse ditona mo Gaborone.

The Voice Newspaper
FormatTabloid
Editor-in-chiefEmang Bokhutlo
Founded1993
Websitethevoicebw.com[1]

Beke le beke go nna le kgatiso e ntsha ya pampiri ya dikgang ya The Voice , letlhotlho la boranyane la The Voice le supa gore The Voice ke kompone e e di gogang kwa pele mo go rekiseng pampiri tsa dikgang mo Botswana; e bile le supa gore pampiri tsa bone di nna di kgwarela dikgang tse di amang bolwetsi jwa HIV.

Nngwe ya Dikgang tsa Koranta ya The Voice[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana o iphitlhela mo lobakeng lwa ditiragalo tse mo go tsone dikakanyo tsa batho le dilo tse di tlhokegang di fetogang ka bofefo jo bo gakgamatsang. Batho ba tshwanetse go inaakanya le diphetogo tse di diragalang mo mafatsheng otlhe mme e r e ba dira jalo ba bo ba tlampar etse tse di siameng tsa ngwao ya bone tse di r e far ologanyang le dichaba tse dingwe. Ka jaanong e le dingwaga di le masome marar o r e ntse r e ipusa, r e tshwanetse go akanya ka ga tse dintle tse di fetileng le gor e r e dirile go le kae go di kgona. Mme e re go ntse jaana, re akanye re bo re lor e tse di tlang tse dintle. Re tla a bo re le sechaba se se ntseng jang ka 2016, ngwaga wa dingwaga tse di masome matlhano re ntse re ipusa? Diphetogo tse re batlang go di dira di tla a tsaya lobaka. Dingwaga tsa diphetogo tse di tla a akar etsa tokafatso ya thuto le botsogo. Jalo he, re tshwanetse go lebela kwa pele thata gor e re tsaya ditsela tse di ntseng jang.Gore re ipaakanyetse phetogo ya itsholelo ya mafatshe otlhe le botshelo jwa batho, a re dirise dipaka tse di re tlelang ka botlalo. Dilo tse r e batlang go di dira di tla a nna le mathata a re sa kakeng ra a solofela gompieno. Re tshwanetse go nna re fetola dilo re digile dibete re le pelokgale. Re tshwanetse go ineela go fetola dilo mo go tla a solegelang lefatshe la rona molemo. Ga go na yo o ka re di fetolelang. Diphetogo tse di raya gore re dir e ka natla, mme tuelo e tlaa nna tswelelo ya rona rotlhe.

Tlhabologo ya Botswana e thailwe mo matshegong a le mane a e leng, Puso ya batho ka batho, Tlhabologo, Go itir ela le Kopano. Matshego a a tshwanetse go lebagana le diphetogo tsa seemo sa tlhabologo ya Botswana gompieno. Letshego la botlhano ka ga Botswana ke Botho . Se se raya sengwe sa tse dikgolo tsa ngwao ya Aferika; se se bonwang mo mothong se mo supa a le maitseo mantle, a itshwer e sentle, a itemoga gor e o tokololo e ntle ya motse wa gagabo.Mogopolo wa Botho o tshwanetse go anama mo Botswana. O tshwanetse go tsena gongwe le gongwe mo matshelong a r ona jaaka phefo e re e hemang, re sa thokgame fela mme r e itse gor e yo mongwe o a tlhoka.

E tla a r e ka ngwaga wa 2016, thuto ya r ona e bo e le mo seemong se se e letlang go lebagana le diphetogo tsa lefatshe la r ona le mafatshe a mangwe. T se di tokafatsang thuto e nne tsone tse r e di lebang thata mo T ebelopeleng e e tlang.Thuto e tshwanetse go nonotsha mongwe le mongwe go nna motho yo o ka fetolang dilo, a nna modiri wa dithoto le didirisiwa tsa maemo a kwa godimo. Go tla a nna le bagwebi ba babotlana ba ba thapang batho. Go r uta mongwe le mongwe go tla a dira gor e ba rate botswer er e. Batswana botlhe ba tla a bulelwa ditsela go r utega. Go tla a ithaopa moithuti gor e o tsaya lephata lefe a le mo sekoleng se segolwane kana o tsaya thuto ya diatla. Go tla a tshwaraganelwa thuto ke botlhe; ya dibuka le ya diatla. Thuto e tla a nonotsha Botswana go lemoga khumo ya dipuo tse di far ologanyeng le ngwao ya merafe. Ga gona yo o tla a patikwang mo thutong ka ntata ya gor e puo ya gagabo e far ologana le Setswana le Sekgoa tse go tsewang gor e ke tsone dipuo tsa sechaba.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Directory of Botswana Online Newspapers". Botswana Online Newspapers. Retrieved 16 Phatwe 2015.