Jump to content

Themba Ndaba

Go tswa ko Wikipedia

Themba Ndaba (O tshotswe ka kgwedi ya Tlhakole e tlhola malatsi a le lesome le bone ka ngwaga wa 1965) ke modiragatsi le mokaedi wa Aforika Borwa.O itsiwe thata ka go latlhela mo filiming ya Machine Gun Preacher le mo tlhatlhamanong ya Zone 14.O sa tswa go tshameka e le Brutus Khoza mo tlhatlhamong tsa South African Ferguson Films TV The Queen.[1][2][3][4][5]

BOTSHELO JWA GAGWE

[fetola | Fetola Motswedi]

O tsholetswe kwa Soweto, kwa Gauteng, o ne a fudugela kwa Swaziland (go tloga ka 2018 leina le le fetotsweng go nna Eswatini) a sa le monnye mme a godisiwa teng. O simolotse sekolo ka 1970 mme a dira bontle fela thata kwa sekolong sa St Marks High School ka 1982. Morago ga moo o ne a ya go ithutela Economics le Statistics kwa Zimbabwe ka 1983. O ne a ikhutsa mo dithutong mme a dira e le modiri wa banka kwa Harare ka lobakanyana. Go tloga ka 1986 go fitlha ka 1988 o ne a tsena kwa Harare Polytechnic, kwa a neng a aloga ka Higher National Diploma ya Business Studies ka maemo a ko godimo thata mo Economics le Statistics.[6]

[7]

Ka 2011, O fentse Sekgele sa Golden Horn sa go nna Karolo e e Gaisang ya Filimi mme gape a fenya Dikgele tsa Africa Movie Academy tsa 2011 ka ntlha ya karolo ya gagwe ya konokono mo filiming ya Hopeville.[8]

THELEBISHENE

[fetola | Fetola Motswedi]

O tshameka karolo ya ga Brutus Khoza mo letotong la thelebishene la Ferguson Films la The Queen.[9]

Botshelo jwa Gagwe ALE ESI

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 1998, o ne a nyala modiragatsi wa mosadi Sophie Ndaba, yo a nang le bana ba le babedi le ene; ba tlhalane ka 2007. Ka 2011, o nyetse Josey Ndaba, yo a nang le ngwana a le mongwe le ene.[10][11]

  1. "Themba Ndaba". IMDb. Retrieved 5 April 2020.
  2. "Brutus is the boss, says The Queen actor Themba Ndaba". Channel. 4 June 2019. Retrieved 5 April 2020.
  3. "Ex-Generations stars team up in new telenovela". SowetanLIVE. Retrieved 5 April 2020.
  4. Favour, Adeaga (31 March 2020). "Detailed information on the much-awaited Gomora drama series". Briefly. Retrieved 5 April 2020.
  5. "Rising East Cape star Amamkele Qamata shines in new telenovela". HeraldLIVE. Retrieved 5 April 2020.
  6. "Themba Ndaba Education". Briefly. Retrieved 5 April 2020.
  7. "Filmography". Briefly. Retrieved 5 April 2020.
  8. "Themba Ndaba listed on 2011 Awards". Heartlines. Retrieved 5 April 2020.
  9. "Themba Ndaba speaks on his role as Brutus on the Queen". channel24. Retrieved 5 April 2020.
  10. Akwasi, Tiffany (22 August 2019). "Here is all you need to know about Themba Ndaba and his success story". Briefly. Retrieved 5 April 2020.
  11. "SA Celebrities Who Have Adopted Children". ZAlebs. Retrieved 5 April 2020.

Dikgolagano tsa kwa Ntle

[fetola | Fetola Motswedi]