Thembi Seete
Thembi Seete | |
|---|---|
| Tsalo | Thembi Seete March 25, 1977 |
| Tiro |
|
| Dingwaga tsa a le mo tirong | 1993–present |
| Batsadi(s) |
|
| Masika | Moagi Seete |
| O fetheletse | Multiple |
| Tiro ya boopedi | |
| Mefota | |
| Didirisiwa | Vocals |
Thembi Seete (o bonwe ka Mopitlwi a tlhola malatsi a le masome a mabedi le botlhano ka 1977) ke modiragatsi wa Aforika Borwa, seopedi-mokwadi wa dipina, mogasi le motlelara.[1][2] O itsege thata jaaka leloko la setlhopha sa pele sa kwaito sa Boom Shaka. O ne a tshameka karolo ya "Gladys" mo filiming ya Mzansi Magic ya Gomora.[3][4] Go tloga ka tshimologo ya yone ka 2020 go ya kwa makgaolakgannyeng ka 2023.
Botshelo jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Seete o bonwe ka Mopitlwe a tlhola malatsi a le masome a mabedi le botlhano ka 1977 kwa Soweto, Gauteng, Aforika Borwa. Rraagwe o tlhokafetse ka 2014.[5] O goletse kwa Sebokeng kwa Vaal le rakgadiagwe le malomaagwe.[6] Mmaagwe e bong Rebecca Seete o ne a tlhokafala ka ntlha ya tlhagala ya boboko ka Phukwi 2021.[7][8][9]
O na le ngwana wa mosimane, yo o bonweng ka 2018, le rakgwebo Collen Mashawana.[4]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 1993, o ne a nna mongwe wa maloko a setlhopha se segolo sa kwaito se se bidiwang Boom Shaka.[10] O ne a tswelela go diragatsa le setlhopha go fitlha setlhopha se kgaogana ka 2000. Mme ka 2000, o ne a dira karolo ya gagwe ya ntlha ya filimi a tshameka mo Hijack Stories.[4] Morago ga moo, o ne a tsenela motseletsele wa drama tsa SABC1 tsa Yizo Yizo. Ka nako e le nngwe, o ne a tlhagelela mo pineng ya motseletsele wa thelebišene ka go gololwa ga "Sure Ntombazana". Seete, gape o ne a nna le seabe mo motseletseleng o mongwe wa drama tsa SABC1 wa Gaz’lam, koo a neng a tshameka karolo ya "Lerato" gone go fitlha ka 2004.[6] O ne a tswelela go diragatsa jaaka seopedi. Thembi, mme a golola alebamo ya gagwe ya ntlha ya Lollipop ka 2001. Morago ga katlego ya alebamo, o ne a golola alebamo ya bobedi ya S’matsatsa[11], e e neng e akaretsa dipina tse di tumileng tsa gagwe a le mongwe jaaka "Shayi Zandla" le "Mphate Kahle". Ka 2005, o ne a tshameka mo filiming e e tlhamaletseng ya ditshwantsho tsa motshikhinyego tsa Crossing the Line a tshameka karolo ya "Pumla". Ka 2006, o ne a tlhophiwa mo karolong ya gagwe ya ntlha ya go etelela pele mo motseletseleng wa drama ya kgwele ya dinao ya SABC1 Zone 14. Mo motseletseleng ono, o ne a tshameka karolo ya "Nina Moloi" ka dipaka di le nne ka ditshekatsheko tse di molemo.[6][12]
Ka 2009, o ne a golola "Black Diamond" ka alebamo ya gagwe ya segompieno ya bagolo Music is My Life.[13]
Ka 2014, o ne a tshameka mo filiming ya Mzansi Magic ya The Gift.[14][15][14] Mo go one ngwaga oo, o ne a nna mogasi wa pontsho ya Mzansi Magic ya The Juice mmogo le Bob Mabena.[16] Moragonyana Seete o ne a nna leloko la batshameki ba filimi e e tumileng ya E.tv ya Rhythm City e le karolo ya "Bongi".[17][18][19] Ka 2020, Thembi o ne a tlhophiwa go nna karolo e nngwe e e tumileng ya thelebišene ya "Gladys" mo filiming ya Mzansi Magic ya Gomora.[6][20]
Ka 2020, o ne a tlhagelela mo Netflix ya ntlhantlha ya Kings of Joburg.[14]
Ka 2021, e ne e le moatlhodi wa moeng mo kgaolong e le nngwe ya paka ya bolesome le bosupa ya kgaisano ya boammaaruri ya go opela ya Mzansi Magic, Idols South Africa.[21]
Kwa ntle ga go diragatsa, gape o dira jaaka ngaka ya bontle, kwa a nang le salon ya "Azuri".[6]
Ka Tlhakole 2022, Seete o ne a itsisiwe gore ke moatlhodi mo setlheng sa bo lesome le boferabobedi sa Idols South Africa.[22] O ne a boa ngwaga o o latelang ka 2023.
Bodiragatsi
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Filimi | Karolo | Genre | Notes |
|---|---|---|---|---|
| 2000 | Hijack Stories | Hip Girl 1 | Film | |
| Yizo Yizo | Zanele | TV series | ||
| Gaz’lam | Lerato | TV series | ||
| 2005 | Crossing the Line | Pumla | TV series | |
| 2006 | Zone 14 | Nina Moloi | TV series | |
| 2009 | Mtunzini.com | Lily | TV series | |
| 2014 | The Gift | Actor | Film | |
| Zaziwa | Herself | TV series | ||
| 2015 | Rhythm City | Bongi | TV series | |
| Tell Me Sweet Something | Lola | Film | ||
| 2020 - 2023 | Gomora | Gladys Dlamini | TV series | |
| 2020 | Family Secrets | Eleanore Grace | TV series | |
| Kings of Joburg | Keneilwe | TV series | ||
| 2022 | Idols South Africa | Judge | TV series | |
| 2023-2024 | Adulting[23] | Portia | TV series | 13 episodes |
References
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Separated at birth: Thembi Seete and Lebo Mathosa". Channel. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "Jika Majika's back but without Thembi Seete!". Channel. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ Nonyane, Mduduzi. "Thembi Seete escapes eviction". Citypress. Retrieved 29 Phalane 2025.
- 1 2 3 "Thembi Seete: TVSA". www.tvsa.co.za. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "Thembi Seete's touching tribute to her dad". Channel. Retrieved 30 Phalane 2025.
- 1 2 3 4 5 "Thembi Seete: Bio". 2021-2022 Wiki. 19 August 2020. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ "Thembi Seete on mom's passing: 'My heart is shattered'". www.iol.co.za. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ "Thembi Seete comforted after 'shattering' loss of her mother". The Citizen. 27 August 2021. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ Kekana, Chrizelda. "Actress Thembi Seete opens up about losing her mother to a brain tumour". TimesLIVE. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ "Thembi Seete on hitting rock bottom". Channel. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ "Thembi Seete - S'matsatsa - Making Kwaito Kwaai again". Channel. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ "Thembi Seete on keeping her life private". Channel. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ Ntshanga, Masande. "Thembi Seete - Music Is My Life". Channel. Retrieved 30 Phalane 2025.
- 1 2 3 Morkel, Graye. "Thembi Seete would have quit acting if it wasn't for Shona Ferguson". Channel. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ "Golden Girl Thembi Seete: "Next year is gonna be great!"". Channel. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ "New show for Bob Mabena & Thembi Seete". Channel. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ "Thembi Seete's triumphant return to TV". Channel. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ "Thembi Seete's extreme make-over for Rhythm City". Channel. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ "Thembi Seete makes her Rhythm City debut tonight". Channel. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ "'Gomora' season 2 returns with shock, revenge and deceit". www.iol.co.za. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ "Thembi Seete joins the judging panel – Idols SA". Mzansi Magic - Thembi Seete joins the judging panel – Idols SA. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ Gaanakgomo, Constance (20 February 2022). "This feels like a dream' — Thembi Seete on being 'Idols SA' season 18 judge". TimesLIVE. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ Adulting (Drama), Thembinkosi Mthembu, Thabiso Isaac Rammusi, Nhlanhla Kunene, Tshedza Pictures, 20 March 2023, retrieved 29 Phalane 2025.