Jump to content

Thembsie Matu

Go tswa ko Wikipedia

Nomathemba 'Thembisile' Matu (yo o tshotsweng ka 1966), yo gape a itsiweng ka leina la Thembsie Matu, ke modiragatsi wa Aforika Borwa le mogasi wa thelebišene.[1] O tumile thata ka dikarolo tsa gagwe mo metseletseleng ya thelebišene jaaka Tshisa, Rockville le The Queen.[2]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Matu o tshotswe ka 1966 kwa Katlehong, Gauteng, Aforika Borwa.[3] O goletse kwa ga mmaagwe morago ga gore rraagwe a ba tlogele.[4]

O ne a nyetswe ke Peter Sebotsa, moruti wa kereke ya Anglican, yo o tlhokafetseng morago ga go nwela mo letangwaneng la lelwapa ka Seetebosigo 2019.[3][5] O na le morwadi a le mongwe le morwa a le mongwe.[6] Ka 2021, o ne a tsenwa ke COVID-19 mme a fetsa dibeke di le tlhano kwa bookelong.[7][8][9]

Ka 1987, o ne a dira tiro ya gagwe ya ntlha ya seporofeshenale mo seraleng mo drameng ya Sekunjalo. Morago ga moo, o ne a diragatsa mo metshamekong ya What A Shame (1989) le Give A Child (1989). Ka 1994, o ne a tsena mo thelebišeneng ka motseletsele wa Mama’s Love mme morago ga moo a tsena mo motseletseleng wa Lahliwe (1999).[10]

Ka 2006, o ne a tlhagelela mo motseletseleng wa drama wa SABC1 wa Tshisa mo karolong ya ga Nomathamsanqa. O ne a tswelela a tshameka karolo e dingwaga di le thataro. Go sa le jalo ka 2006, o ne a tshameka mo motseletseleng wa thelebišene wa drama wa SABC3 wa The Lab. Mo motseletseleng ono, o ne a tshameka karolo e e ipoeletsang ya ga Zinhle go fitlha ka 2008. Gape o ne a nna leloko la motseletsele o monnye wa SABC1 wa uGugu no Andile mme a tshameka karolo ya moeng ya "Morutabana". Ka 2008, o ne a tlhagelela mo motshamekong wa e.tv wa Rhythm City e le moeng a bidiwa Sis Bee.[6] Mo pakeng e, o ne a dira dikarolo tsa tshegetso le tsa boeng mo metshamekong tse dintsi tsa thelebišene jaaka Zone 14, Gaz'lam, Home Affairs, Zero Tolerance, The Lab le Jacob's Cross.[3] Ka 2009, o ne a tshameka mo filiming ya metlae ya Finding Lenny e e neng e kaelwa ke Neal Sundstrom. Morago ga moo, o ne a tsenelela metlae ya SABC1 ya Abo Mzala mme a tshameka karolo ya ga Zodwa mo setlheng sa bobedi, e pele se neng se tshamekiwa ke Lusanda Mbane.[11]

Ka 2011, o ne a tshameka karolo ya ga Novezake mo pakeng ya ntlha ya motseletsele wa SABC1 wa Intsika. Mme ka one ngwaga oo, o ne a tsenela motseletsele wa Soul Buddyz go tshameka karolo ya go tshegetsa e le Mme Vilakazi. Morago ga moo, o ne a tlhagelela mo motseletseleng wa The Wild e le Gertrude.[3] Mo ngwageng o o latelang, o ne a diragatsa mo pakeng ya bobedi ya motseletsele wa SABC2 wa Moferefere Lenyalong jaaka Boreng. Ka 2013, o ne a tlhagelela kwa Rockville jaaka Sis Ribs, kwa a neng a tlhophiwa go nna Modiragatsi yo o Gaisang wa Motshegetsi mo Drameng ya TV kwa Kabodietsele ya Difilimi le Thelebišene tsa Aforika Borwa tsa 2014 (SAFTA).[12] Mo dingwageng tse di fetileng, o ne a tswelela go diragatsa mo difiliming tse dintsi tsa thelebišene jaaka Abo Mzala, Thandeka's Diary, MTV Shuga le Thuli noThulani. Le fa go ntse jalo, seabe sa gagwe se se ratiwang thata mo thelebišeneng se ne sa tla mo telenovela ya Mzansi Magic ya The Queen fa a ne a tshameka karolo ya "Petronella".[13][14] Ka go tuma moo, o ne a tswelela go tshameka karolo go tloga ka paka ya bobedi go ya go ya paka ya borataro ka 2021.[15][16]

Kwa ntle ga go diragatsa mo thelebisheneng, o ne a tlhagelela mo papatsong e e tlwaelesegileng ya sebolaya-ditshidi sa Doom.[6] Ka 2018, o ne a tlhophiwa go nna Diva Extraordinaire wa ngwaga kwa Kabodietseleng tsa Feather ka 2018.[17] Ka 2019, o ne a tshwara le Nomsa Buthelezi pontsho ya "Fragrance Your Life" e e neng e gasiwa mo e.tv.[18] Go sa le jalo, o ne a gapa gape le dietsele tsa Modiragatsi yo o Ratwang le dietsele tsa Tlhopho ya Babogedi ya Ultimate kwa Kabodietseleng tsa Tlhopho ya Babogedi tsa DStv Mzansi tsa 2018.[19]

Bodiragatsi

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Filimi Karolo Genre Ref.
2006 Tshisa Nomathamsanqa TV series
2006 Zone 14 Aunt Napho TV series
2006 Gaz'lam Woman 3 TV series
2006 Home Affairs Nolitha TV series
2006 Zero Tolerance Stella Hadebe TV series
2006 The Lab Zinhle TV series
2007 Jacob's Cross Rebecca TV series
2007 Nomzamo Gladys TV series
2008 Rhythm City Sis Bee TV series
2008 uGugu no Andile Teacher TV series
2008 Izingane zoBaba Rose TV series
2009 Gangster's Paradise: Jerusalema The Loan Shark Film
2009 Finding Lenny Big Momma Film
2011 Intsika Novezake TV series
2011 Soul Buddyz Mrs Vilakazi TV series
2011 The Wild Gertrude TV series
2012 Moferefere Lenyalong Boreng TV series
2013 Rockville Sis Ribs TV series
2013 Zaziwa Herself TV series
2014 Skeem Saam Ousie Tlaki TV series
2015 Abo Mzala Zodwa TV series
2015 Thandeka's Diary Ntombi TV series
2017 MTV Shuga Mama Chillaz TV series
2017 The Queen Petronella TV series
2017 Thuli noThulani Mrs Zondi TV series
2024 Lobola Man Aunt Miriam Film
  1. Digital, Drum. "Fame late in the game". Drum. Retrieved 1 Phalane 2025.
  2. Matshaba, Boitumelo. "These characters keep viewers entertained with their humorous nature". Drum. Retrieved 1 Phalane 2025.
  3. 1 2 3 4 Chester-Londt, Levana (31 August 2021). "Thembsie Matu wins a five-week battle with COVID-19 after being hospitalised". Briefly. Retrieved 1 Phalane 2025.
  4. Mvelashe, Phakamani. "How Thembsie met her father". Drum. Retrieved 1 Phalane 2025.
  5. "Thembsie 'Petronella' Matu mourns hubby's passing". SowetanLIVE. Retrieved 1 Phalane 2025.
  6. 1 2 3 "Thembsie Matu: TVSA". www.tvsa.co.za. Retrieved 1 Phalane 2025.
  7. "Thembsie Matu Is Finally Out Of The Hospital". ZAlebs. Retrieved 1 Phalane 2025.
  8. Mbendeni, Alutho. "Thembsie Matu shares her hard fight against Covid-19 – 'It almost killed me'". Drum. Retrieved 1 Phalane 2025.
  9. "Actress Thembsie Matu grateful for life after fighting Covid-19 for five weeks". TimesLIVE. Retrieved 1 Phalane 2025.
  10. "Thembsie Matu: Bio, Age, Children, Petronella from The Queen". 2021-2022 Wiki. 5 September 2020. Retrieved 1 Phalane 2025.
  11. "Lusanda Mbane: TVSA". www.tvsa.co.za. Retrieved 1 Phalane 2025.
  12. Digital, Drum. "The nominees for the 2014 SAFTA awards are..." Drum. Retrieved 1 Phalane 2025.
  13. Ngwadla, Nkosazana. "'Petronella has taught me a lot' - Thembsie Matu on her role on The Queen". Drum. Retrieved 1 Phalane 2025.
  14. Lurewana, Sibulele. "SEE: Our favorite LOL moments from The Queen's Patronella". Drum. Retrieved 1 Phalane 2025.
  15. Faeza. "SHE'S A BUBBLY SPIRIT". Drum. Retrieved 1 Phalane 2025.
  16. Mrasi, Athabile. "How social media cost Thembsie a job". Drum. Retrieved 1 Phalane 2025.
  17. Dayile, Qhama. "These are your nominees for the 2018 Feather Awards". Drum. Retrieved 1 Phalane 2025.
  18. Mvelashe, Phakamani. "Thembsie Matu and Nomsa Buthelezi on their new etv show". Drum. Retrieved 1 Phalane 2025.
  19. Sekudu, Bonolo. "Thembsie Matu on 31 years in the acting industry: 'it's going to get better'". Drum. Retrieved 1 Phalane 2025.